Yvonne Chaka Chaka

Go tswa ko Wikipedia

Yvonne Chaka Chaka o tsotswe e le Yvonne Machaka ka kgwedi ya Mopitlwe a tlhola malatsi a le lesome le boferabongwe ka ngwaga wa 165 ke moopedi,mogwebi le morutabana.O bidiwa Kgosigadi wa Afrika morago ga loeto lwa gagwe ka ngwaga wa 1990.[1]Chaka Chaka o sala a le kwa pele ka mmino o o tumileng dingwaga di le masome a mararo le bongwe e bile o tumile mo mafatsheng jaaka Nigeria,Zimbabwe,Zambia,Kenya,Gabon,Sierra Leone le Ivory Cost.[2]dipina tsa gagwe e bong "I am burning up",Thank u Mr Dj","I cry for freedom le e e itsege "Umqombothi"(African beer") e diragaditse go nna le naledi ga ga Chaka Chaka.Pina ya "Umqimbothi" e ne e simolotse baeskopo ya Hotel Rwanda ka ngwaga wa 2004.

Jaaka motshameki yo mmotlana,Chaka Chaka e ne e le ngwana yo o montsho [3][4]go tswa mo thelebisheni ya Afrika Borwa ka ngwaga wa 1981.

Botshelo le tiro[fetola | Fetola Motswedi]

Chaka Chaka o ne a tshotswe ko Dobdonville mo Soweto mme wa gagwe e le mo Swazi rragwe e le moPedi. [5]Go gola ga gagwe go ne go le thata.Rragwe o tlhokafetse a le dingwaga di le lesome le bongwe mmagwe e ne e le modiri wa mo gae a godisa bana ba le bararo ka madi a selekanyo sa masome a mane .

Chaka Chaka o simolotse go opela ka dingwaga tsa lesome le boferabongwe ka ngwaga wa 1984 fa rekoto ya Dephon e mo lemoga mo Johannesburg[6]Di pina tsa gagwe tsotlhe di bidiwa I'm in love with a DJ.Dipina jaaka "I'm burning up", "I cry for freedom","Sangoma", "Motherland" le e e tumileng pina ebong "Umqombothi" e isitse maemo a ga Chaka Chaka e le naledi mo mbaqanga mo Afrika Borwa.

Fa a botswa gore o rata mang thata Chaka Chaka o ne a re:

Mme,ka gore o ne a nna a le teng fa ke ne ke mo tlhoka.Mme o goditse basetsa ba le bararo a le mongwe fela a dirisa madi a a gagwe ka e ne e le modiri wa gae.Seo se tsere bopelo kgale le nonofo.Ke motlhatlheledi le mogaka wame.Fa ke ne ke tsholwa ka ngwaga wa 1965 mo Soweto ka dinako tsa tlhaolele tse dithta .Ntate e ne e moopedi o mo golo a sa kgona go lemoga bokgoni jwa gagwe.O tlhokafetse fa ke ne ke le dingwaga di le lesome le bongwe.Ke tsere bokgoni mo batsading ba me.Ke ne kgona go opela mo dikhware tsa kereke.Ke segofaditswe go bo ke kgonne go dira se ntate a neng a sa kgona go se diragatsa.

Chaka Chaka o nale bana ba basimane ba le bane le monna wa gagwe e bong Tiny Mhinga[7]O nale selekanyo go tswa mo sekolong se segolo sa Affrika Borwa.

Bogweebi[fetola | Fetola Motswedi]

Chaka Chaka o nale letshwao la dipina le kompone le kompone le monna wa gagwe ,Dr Tiny Mhinga.

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. Mojapelo, Max (2008). "Beyond Memory: Recording the History, Moments and Memories of South African Music". African Minds. p. 98. ISBN 978-1920299286. Retrieved 9 May 2015.[1]
  2. Mojapelo, Max (2008). "Beyond Memory: Recording the History, Moments and Memories of South African Music". African Minds. p. 98. ISBN 978-1920299286. Retrieved 9 May 2015.[2]
  3. "About Yvonne Chaka Chaka". Archived from the original on 16 November 2012. Retrieved 5 June 2015.[3]
  4. Mojapelo, Max (2008). "Beyond Memory: Recording the History, Moments and Memories of South African Music". African Minds. p. 98. ISBN 978-1920299286. Retrieved 9 May 2015
  5. De Groot, Sue (21 April 2019). "Queen of all Africa: Yvonne Chaka Chaka's life in service of her continent". TimesLIVE. Retrieved 21 March 2024.[4]
  6. Mojapelo, Max (2008). "Beyond Memory: Recording the History, Moments and Memories of South African Music". African Minds. p. 98. ISBN 978-1920299286. Retrieved 9 May 2015.[5]
  7. Mojapelo, Max (2008). "Beyond Memory: Recording the History, Moments and Memories of South African Music". African Minds. p. 98. ISBN 978-1920299286. Retrieved 9 May 2015