Botswana Post

Go tswa ko Wikipedia
(Go tswa ko BotswanaPost)
BotswanaPost
TypeParastatal
IndustryCommunication
Founded1989
HeadquartersGaborone, Botswana
Key people
Nathan Kgabi, Chairman
Cornelius Ramatlhakwane, Chief Executive Officer
Margaret Otukile , Chief Human Capital Officer[1]
ServicesPostal Services
Websitewww.botswanapost.co.bw

Botswana Post ke komponi e maikaelelo a yone eleng go romela le go amogela dithoto mo lefatsheng la Botswana. BotswanaPost ke komponi ya goromente wa lefatshe la Botswana, ka sekgoa ''Parastatal'' kotlase ga leloko la Ministry wa tsa maranyane,ditlhaeletsanyo le botegeniki. [2]

Segologolo[fetola | Fetola Motswedi]

Thuso ya poso mo Botswana e simologile ka ngwaga wa 1875, ka lekalana la ba London Missionary Society.Ka dingwaga tseo poso e ne e tsamaya makgatlho a mabedi go tswa kwa lefatsheng la Zimbabwe, toropong ya Bulawayo go ya kwa Mafikeng kwa eleng Aforika Borwa, go lemogiwa gore go ne go tsamaiwa ka maoto go isa poso mme ere nako e ntse e tsamaya, ga nna le kago ya seporo sa terena se se neng sa dirisiwa ntleng le go tsamaya ka maoto.Ka ngwaga wa 1990 BotswanaPost ene ya nna le dikoloi tse e ka di dirisang go romela makwalo le dithoto tsa batho. Lekalana le le neng le dirilwe ke ba London missionaries le simologile ka nako tsa Bechuanaland protectorate postral services.Erile ka nako ya Boipuso jwa lefatshe la Botswana ka ngwaga wa 1966 ka kgwedi ya lwetsi ale masome a mararo, lekalana le le ne la fiwa leina la Department of Posts and Telegraphs, ka nako eo go ne ga nna le ditshon tse di ntsi tse di akaretsang banka ya poso e e bidiwang Post Office Savings Bank.


Ka ngwaga wa 1980 komponi ya Botswana Telecommunications Corporation e ne ya fetolwa go nna ya ga goromente (parastatal), ngwaga tse pedi fa di sena go feta ga latela Botswana Savings Bank go nna parastatal, ya re ka ngwaga wa 1989 BotswanaPost ya ikemela ka nosi le yone. Lephata la Botswana Savings Bank le na le ditumalano le lephata la BotswanaPost go neele batho dithuso tsa banka mo maphateng otlhe a  a leng 120 Botswana ka bophara..[3]

Moemedi mogolo wa BotswanaPost [fetola | Fetola Motswedi]

Cornelius Ramatlhakwane (CEO Botswana Post), Speaking at the Kgotla meeting in Masunga for the World Telecommunications and information Society day 2017

Rre Cornelius Ramatlhakwana ke Moemedi mogolo wa BotswanaPost yo a tsereng maemo mo go rre Pele Moleta yo a tlogetseng  tiro ka kgwedi ya Mopitlo a ya go dirila kwa bankeng ya Barclays. [4] Go thapiwa ga ga rre Ramatlhakwane, yo eleng tona ya Business development ko BotswanaPost go dirilwe phatlalatsa lefatshe ka bophara, mo go neng ga netefadiwa ke moemedi wa ditlhaeletsanyo mo komponing Lebogang Bok ka mafoko a a makhutshwane a areng ''It is not clear what will happen to the current acting Chief Executive", Setshedi Botlhole-Mmopi o ne a tapiwa moragonya ga kemelelo ka bofefo ya ga Moleta, yo jaanong a berekang e le Mookamedi Mogolo wa Ditirelo mo bankeng ya Barclays Bank Botswana. Morago ga kemelelo ya ga Moleta, bogogi jwa tapa Setshedi Botlhole-Mmopi go nna motswarelela Mookamedi Mogolo wa Ditirelo. Moleta ga mmogo le Mookamedi Mogolo wa Ditirelo wa pele, Kutlwano Mswela ba ne ba ithola marapo ko Poso House ka fa tlase ga diemo tse di tlhaloganyesegeng (under unclear circumstances).


Erile ka nako e rre Moleta a santseng a le ko BotswanaPost, o ne a tlwaelesegile ka leina la ''The Post Man'', le a neng a le amogela ka boitumelo jo bogolo, a tla ka matlhagatlhaga a go tlhatlosa dipoelo tsa BotswanaPost ka go ne go na le menahune e e neng e bolelwa gore BotswanaPost e ntse e sa dire sentle, seo se neng sa mo tsenya matlhagatlhaga go dira ka natla mo tirong ya gagwe.


Erile go tsamaeng ga ga rre Moleta ka go tlogela tiro ko BotswanaPost, o tlogela a dirile tse dintsi di akaretsa tsa maranyane a go dira dilo tse disha go leka go tlhabolola, mo aneng a simolola tiro e bidiwa Poso Cloud, e e tsisitseng maranyane a public WI-Fi hotspots. O bile a dira gore go nne le maranyane a go berekisa madi ka mogala wa letheka kgotsa go duela dituelo tsa poso ka mogala wa letheka. Dituelo di akeretsa motlakase, metsi le ditsela. Tsotlhe tse ditlogetsweng ke rre Moleta diwetse mo diatleng tsa ga rre Ramatlhakwane.[5]

Philatelic Museum[fetola | Fetola Motswedi]

BotswanaPost e simolotse philatelic museum ko ofising ya bone e tona ko Gaborone.[6]

Bona Gape[fetola | Fetola Motswedi]

  • Postage stamps and postal history of Botswana
  • Botswana Savings Bank

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. BotswanaPost Keen To Forge Ahead
  2. "Corporate Profile At Ostamyy.com". Archived from the original on 2018-10-03. Retrieved 2017-05-29.
  3. History of BotswanaPost
  4. Botswana post newly appointed ceo
  5. appointed as new Botswana post Ceo
  6. Botswana’s “second” museum to stamp its authority Tempolete:Webarchive by Bashi Letsididi, Sunday Standard, online edition, 9 September 2007.

Maranyane a a rurifaditsweng[fetola | Fetola Motswedi]