Botswana Savings Bank

Go tswa ko Wikipedia

Botswana Savings Bank BSB, ke mokgatlho wa ditirelo tsa madi mo lefatsheng Botswana. E letleletswe jaaka banka ya tlhabololo ke Banka ya Botswana, e e leng yone molaodi wa dibanka tsotlhe tsa setšhaba.[1]

Tshekatsheko[fetola | Fetola Motswedi]

BSB ke mokgatlho wa ditirelo tsa madi wa puso o o kgobokanyang madi a selegae ka go amogela madi a ipeelo a bareki, go adimisa madi go ya ka maemo a kgwebo le go neela ditirelo tse dingwe tsa madi jaaka di bona go le botlhokwa go fitlhelela letlhoko la batho ba Botswana. E tlhomilwe semmuso ka 1992 ka molao wa palamente.

Ditirelo[fetola | Fetola Motswedi]

Banka e neela bareki ba yone diakhaonto tsa go boloka, go adima madi, go adimelwa dikoloi le go adima dilo tse dingwe tse di sireleditsweng. Banka e, ke leloko la World Savings Banks Institute.[2] Go ya ka Banka ya Botswana, Botswana Savings Bank e ne e na le dithoto tse di ka nnang US$73 million (BWP:480 million) go tloga ka kgwedi ya Sedimonthole 2009.[3]

Makala[fetola | Fetola Motswedi]

Banka e, e na le makala a mararo(3); le lengwe kwa Gaborone mme a mangwe a kwa Francistown le Palapye. Mo godimo ga moo, BSB e na le tumalano ya tirisanommogo le BotswanaPost go neela ditirelo tsa banka ka mafelo a poso a a fetang 120 go ralala naga.[4]

Bona gape[fetola | Fetola Motswedi]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "Directory of Financial Institutions Licensed In Botswana" (PDF). Archived from the original (PDF) on 2011-09-29. Retrieved 24 Phalane 2022.
  2. Financial Products Offered By Botswana Savings Bank https://web.archive.org/web/20100831023721/http://www.bsb.bw/html/products.htm E bonwe ka 24 Phalane 2022
  3. "Botswana Savings Bank December 2009 Total Assets" (PDF). Archived from the original (PDF) on 2011-09-29. Retrieved 24 Phalane 2022.
  4. "Botswana Post | We deliver, whenever whaterver". www.botswanapost.co.bw. Retrieved 24 Phalane 2022.