Dithubaruba

Go tswa ko Wikipedia

Dithubaruba ke modiro wa ngwao,ke nngwe ya mediro e sechaba se di ipelelang mo Botswana,gape e tshwailwe mo thulaganyong ya mediro ya Botswana.Di ikaelela go tlotlomatsa ngwao-boswa jwa Bakwena le go ba tlosa bodutu.[1]

TLHOLEGO[fetola | Fetola Motswedi]

Dithubaruba di itebagantse le ngwao ya Bakwena ba Molepolole,le tiro e e tlhophegileng e e dirilweng ke Kgosi ya bone e e sa tlholeng e le mo botshelong,Kgosi Sechele wa ntlha,ka nako ya ha a busa ka dingwaga tsa bo1800.Modiro o,o tshwarelwa ko lefelong la ngwao-boswa,le le rulagantsweng ke ntlo ya ditso ya Kgosi Sechele wa ntlha.Di rotloediwa ke ba Botswana Tourism Organization le ba lephata la banana,metshameko le ngwao.Go tloga tshimologong ya tsone ka 2017,di ikaeletse go tlotlomatsa ngwao ya mo gae ka dtiro tse di farologaneng tsa ngwao, le go rotloetsa batho ba ikutlwe ba le bontlha bongwe jwa tsone[2].

METSWEDI[fetola | Fetola Motswedi]

  1. https://www.proquest.com/docview/1934664618?parentSessionId=c6MRk1M5AgvOuiI7p%2FLTM8YWZ0GO8jZVzzmEzq2cpu8%3D
  2. https://www.worldcat.org/title/1016442504