Ed Sprinkle

Go tswa ko Wikipedia

Edward Alexander Sprinkle (Lwetse a tlhola ga raro, 1923-Phukwi a le masome a mabedi le borobabobedi, 2014) e ne e le motshameki wa kgwele ya seAmerika (American football) a tshamekela Chicago Bears ya National Football League (NFL) a tshameka e le defensive end le end. O ne a itsiwe ke ba le bantsi jaaka "monna yo pelompe go ba gaisa botlhe mo Pro Football" ebile a filwe leina la matshamekwane la "The Claw". O tshamekile ditlha di le lesome le bobedi le Bears o ipelwa ka go tsisa tshekatsheko ka fa batshameking ba lemorago la NFL.

Tiro ya Mmadikole[fetola | Fetola Motswedi]

Pele ga tiro ya gagwe ya NFL, Sprinkle o ne a fenya mafoko (letters) a le mararo mo kgweleng ya seAmerika le basketball abo a iponna All-Border Conference fa a santse a le kwa Hardin–Simmons University ka dingwaga tsa bo 1940 di simologa. Hardin-Simmons e ne ya tswala metshameko ya yone yotlhe ka ntata ya ntwa ya lefatshe ya bobedi (World War II), se o sa dira gore Sprinkle a fudugele kwa United States Naval Academy go ya go dira setlha sa gagwe sa bofelo ka 1943, kwa a ileng a fiwa tlotla ya All-Eastern.

Tiro ya go tshameka[fetola | Fetola Motswedi]

Fa a sena go tswa mo mmadikole, Sprinkle o ne a tsewa ke Chicago Bears ya ga George Halas ka 1944. Kwa ntlheng o ne a tshameka kwa pele le kwa morago; a tshwara ditlhago di le masome a mararo le bobedi mo dikgatong di le 451 le di touchdown di le supa mo tirong ya gagwe. Bokgoni jwa gagwe jwa go kgomogela di quarterback tsa kganetso, bo ne jwa mo dira moitsigotlhe wa lemorago.

Sprinkle o ne ka bonako a itsege ka go tshameka ga gagwe ga bogatlhamela masisi; ka 1946 NFL Championship Game, batshameki ba New York Giants George Franck, Frank Reagan, le Frank Filchock ba ne ba tswa ka ntata ya dikgobalo tse di dirilweng ke go thulwa ke Sprinkle. Nngwe ya dikgoreletso tsa ga Sprinkle, e ne e le clothesline tackle a e dira ka letsogo la gagwe, mo go ileng ga dira gore a fiwe leina la "The Claw" go tswa kwa Collier's Weekly.[1]

Fa a ne a latofadiwa ka "tshameko e e makgwakgwa" ebile a sa itshware jaaka motshameki mo tirong ya gagwe, a dira gore ka 1949 bakatisi Greasy Neale and Buddy Parker ba kope NFL gore e mo otlhae,[2][3] a sireletsa tshameko ya gagwe a supa fa e sa farologane le ya batshameki ba bangwe ba nako eo. Go ya ka Sprinkle, "Re ne re le pelompe ka bo 1950 ka gore maemo a ne a le mannye ebile re a lwela thata. Ne e le nako e e pharologanyo"[4] O ne a galaletswa ke Halas "mokgotetsi wa dintlha yo o gaisang yo nkileng ka mmona,"[1][5] fa quarterback ya Giants Y.A. Title a ne a tshwaela ka 1969 a re "di quarterback di ne di lebelela baamogedi ba ditlhago ka leitlho le le lengwe. Le lengwe lone ba le tlhomile mo go Sprinkle."[6]

Pereko ya morago ga tshameko[fetola | Fetola Motswedi]

Morago ga tiro ya gagwe ya pro, Sprinkle o ne a tsena mo kgwebong kwa Chicago. O tlhokafetse Phatwe a le masome a mabedi le borobabobedi, 2014.[7][8]

Ba Professional Football Researchers Association ba ne ba bitsa Sprinkle go ya kwa PFRA Hall of Very Good Class ya 2007.[9] Sprinkle gape o tsentswe mo Chicagoland Sports Hall of Fame.

Ka Firikbong a le lesome le botlhano, 2020, Sprinke o ne a tlhophiwa go tsena mo Pro Football Hall of Fame Class of 2020.[10]

Sprinkle gape e ne ele motshameki wa golofo. a na le bokgoni jwa 18 kwa Midlothian Country Club.

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. 1.0 1.1 Jimbo Covert and Ed Sprinkle selected to Pro Football Hall of Fame. The Bears now have 30 members — the most of any team. [1] Chicago Tribune. Retrieved 18/10/2023.
  2. Neale protests Bears' playing of Ed Sprinkle [2] St. Louis Globe-Democrat. Retrieved 25/10/2023.
  3. Star End Awaits 12th NFL Season [3] John Dell. Retrieved 25/10/2023.
  4. Former Bear Ed Sprinkle, 1923-2014, was standout defensive player [4] Chicago Tribune. Retrieved 25/10/2023.
  5. Ex-Bears great Sprinkle elected to Hall of Fame [5] Larry Mayer. Retrieved 25/10/2023.
  6. It's a Whale of a Meal, But a Bum Steer [6] The Times. Retrieved 25/10/2023.
  7. Ed Sprinkle, Defensive End Known for Violent Play, Dies at 90 [7] Richard Goldstein. Retrieved 25/10/2023.
  8. Ed Sprinkle, football's 'meanest man', dies at 90 [8] Newsday. Retrieved 25/10/2023.
  9. Hall of Very Good Class of 2007 [9] Professional Football Researchers Association. Retrieved 25/10/2023.
  10. Pro Football Hall of Fame Centennial Class revealed [10] NFL.com. Retrieved 25/10/2023.