Freedom of religion in Botswana

Go tswa ko Wikipedia

Molao motheo o fa kgololesego ya tumelo go nale dikganelo dingwe[1].

Dipalopalo tsa batho ba bodumedi[fetola | Fetola Motswedi]

Go ya ka palo ya batho ya ngwaga wa 2011, 79% ya batho ke maloko a dikereke tsa sekeresete, 15% ba sa latele tumelo, 4% ba latela tumelo ya Badimo fa 2% e latela ditumelo tse dingwe[1].

Seemo sa kgololesego ya tumelo[fetola | Fetola Motswedi]

Thulaganyo ya Molao le Melawana[fetola | Fetola Motswedi]

Molaomotheo o fa kgololesego ya tumelo. Ga gona bodumedi ja puso. Le fa go tlwaelesegile gore mo bokopanong jwa ga goromente go simololwa ka thapelo, maloko a ditumelo tse dingwe ga a tswalelwa go ka etelela ka dithapelo tse eseng tsa sekeresete ko meletlong e ntseng jalo. Molamotheo o fa gape tshireletso ya ditshwanelo le kgololesego ya batho ba bangwe go akeretsa le tshwanelo ya go ka tlhokomela le go diragatsa tumelo epe fela ntle le go kgaupediwa ke maloko a ditumelo tse dingwe[1].

Makgotla otlhe go akaretsa le mekgatlho ya dikereke a tshwanetse go ikwadisa le goromente. Ga gona dipoelo dipe tsa semolao mo makgotleng a a ikwadisitseng le ntswa lekgotla le tshwanetse go ikwadisa pele le ka simolola ditiro tsa lone, la saena dikonteraka kgotsa go bula akhaonto le banka. Ope motho yo o tshwereng maemo ka fa molaong a tsamaisa kgotsa a thusa bogogi ja lekgotla le le sa kwadisang o lebaganwe ke tuelo ya madi a kanang ka di dolara dile masome a supa le boferabongwe($79) (sekete sa dipula) le kgotsa dingwaga tse supa mo kgolegelong. Leloko lepe la lekgotla le le sa kwadiswang o lebanwe ke dikotlhao di akaretsa tuelo ya go tshwara di dilara di le masome a mararo le boferabongwe($39) (makgolo a matlhano a dipula) le kgotsa go fitlha go dingwaga tse tharo kwa kgolegelong[1].

Thuto ya tsa tumelo ke karolo e e itlhophelwang mo lenaneong la dithuo mo dikolong tsa ga goromente; e gatella Sekeresete mme e buisa le ditumelo tse dingwe tse di mo lefatsheng[1].

Ka ngwaga wa 2007, malatsi a boikhutso go ne go lemogiwa fela a Bakeresete ele a setshaba. Malatsia a akaretsa Labotlhano yo molemo, Easter Monday, Tlhatlogo ya Morena le letsatsi la keresemose. Maloko a mangwe a ditumelo tse dingwe ane a letlelelwa go keteka malatsi a bone a tumelo ntle le tsenelelo ya ga goromente[2].

Dithibelo mo kgololesegong ya tumelo[fetola | Fetola Motswedi]

Ka 2003, lefatshe le ne la fiwa bone mo bone mo go tsa kgololesego ya tumelo[3]; ditlhopha tsotlhe tsa tumelo di tshwanetse tsa kwadisiwa le goromente.

Go ne go sena dipego dipe tsa magolegwa a tumelo kgotsa ba ba tshwerweng mo lefatsheng ka ngwaga wa 2022[1].

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. 1.0 1.1 1.2 1.3 1.4 1.5 US State Dept 2022 report This article incorporates text from this source, which is in the public domain
  2. United States Bureau of Democracy, Human Rights and Labor. Botswana: International Religious Freedom Report 2007. This article incorporates text from this source, which is in the public domain
  3. Freedom House website, retrieved 2023 Phalane 23
  • United States Bureau of Democracy, Human Rights and Labor. Botswana: International Religious Freedom Report 2007. This article incorporates text from this source, which is in the public domain