Hugh Masekela

Go tswa ko Wikipedia

Hugh Ramapolo Masekela (4 Motsheganong 1939 - 23 Firikgong 2018) e ne ele raporompeta, motshameki wa diletso tsa flugelhorn le sa cornet, moopedi le motlhami wa dipina o nne a kaiwa jaaka "rragwe mmino wa jazz ya South Africa". Masekela o ne a itsege ka ditlhamo tsa gagwe tsa jazz le go kwala dipina tse di itsegeg thata tse di kgalang puso ya aparateite di tshwana le ya "Soweto Blues" le ya "Bring Him Back Home". O ne gape a na le e digogang kopele mo US pop hit ka 1968 ka motlhale wa gagwe wa "Grazing In The Grass".

Botshelo Jwa Pele[fetola | Fetola Motswedi]

Hugh Ramopolo Masekela o belegetswe ka lekeishaneng la KwaGuqa ko Witbank (e jaanonog e beidiwang Emalahleni), South Africa ke Thomas Selena Masekela o nne ele mokanoki wa botsogo gape a bopa difikantswe le mosadi wa gagwe Pauline Bowers Masekela, yo neng ele mmaboipelego. Monnawe wa mosetsana, Barbara Masekela ke mmoki, morutuntshi le morotloetsi wa ANC. Fa a sale ngwana, o simolotse go opela le go tshameka piano mme a godisiwa bontsi jwa botshelo ja gagwe ke nkukuagwe, yo a neng a butse felo la nnotogi le le sa letlelelwang go rekisetsa babereki ba meepo.

Fa ale dingwaga di le lesome le bone, morago ga go bona baesekopo ya 1950 e gotweng Young Man with a Horn (e mo go yone Kirk Douglas a tshamekang ele moletsi wa cornet wa kwa America Bix Beiderbecke), Masekela o ne a simolola go letsa torompeta. Terompeta ya gagwe ya ntlha o e reketswe mo bekeleng ya mo gae ke Archbishop Trevor Huddleston, moruti wa mogana apareteite kwa sekolong se segolwane sa St. Peter's Secondary se jaaning se itsegeng ele St. Martin's School (Rosettenville).

Huddleston o ile a kopa moiteledipele wa setlhopa sa diporompeta sa maloba sa Johannesburg "Native" Municipal Brass Band go ruta Masekela dikgato tsa ntlha mo go letseng torompeta. Masekela ka pele ke fa a setse a na le botshwiriri ja seletswa. Go ise go ye kae, bangwe ba batsena sekolo nae le bone ba nna le kgatlhego mo go tshamekeng diletswa, seno se felela se baka go tlhamiwa ga setlhopha sa jazz sa Huddleston, ele sone sa banana mo ditlhopheng tsa batshameki ba diletso ba South Africa. Erile fa Louis Armstrong a utlwalela ka ga setlhopha mo tsaleng ya gagwe Huddleston, o ile a romela nngwe ya diporompeta tsa gagwe ele mpho go Hugh. Ka 1956, fa a sena go etelela ditlhopha tsa baopedi le baletsi tse dingwe, Masekela o ne a kopana le ba Alfred Herbert's African Revue.

Go tloga ka