Itsoseng

Go tswa ko Wikipedia

Itsoseng ke toropo e e kwa masepaleng wa sedika wa Ngaka Modiri Molema mo porofenseng ya Bokone Bophirima ya Aforika Borwa.

Toropo e, e ne ya tlhomiwa ka 1963 mo polaseng ya De Hoop jaaka toropo ya bantsho, mme ya nna karolo ya Bophuthatswana ka 1977. Ka nako eo, toropo e ne ya bidiwa Itsoseng go tswa go De Hoop.[1]

Itsoseng e ne ya tlhomiwa go tswa mo Kgato ntlha ka gore mo dingwageng tseo go ne go na le seane ka lehuma " pampiri tshwara tshwara, ngwana nnyeee mala коrrrr" seane se sene se kaya bokao jo bo motlhofo jo bo supang kagiso le tidimalo ya tulo e e agilweng mo lehumeng. Ditiragalo di ne tsa simolola go diragala mme Dikgato tse dingwe di ne tsa oketsega go fitlha kwa kgatong ya boraro.   [<span title="This claim needs references to reliable sources. (March 2024)">citation needed</span>]

Itsoseng e ne e itsege gape jaaka "Mooi Doorpie" e e rayang toropo e ntle, baagi ba ne ba fetola lefoko leno la Se-Afrikaans go nna lefoko la Setswana Tlebebe le le rayang manobonobo. Pele ga botsuolodi jwa Bophuthatswana, Itsoseng e ne e direla baagi ba yone le metse e e bapileng le yone ditirelo tse di molemo jaaka Bodibe, Sheila, Springbokpan, Meetmekaar, Matile, Uitkyk le Mooifontein fela fa re umaka di le mmalwa.   [<span title="This claim needs references to reliable sources. (March 2024)">citation needed</span>]

  1. "Itsoseng". North West History. Archived from the original on 3 February 2014. Retrieved 26 January 2014.