Johnny Unitas

Go tswa ko Wikipedia

John Constantine Unitas (/juːˈnaɪtəs/;[1][2] Motsheganong a supa, 1933-Lwetse a le lesome le motso, 2002) e ne e le quarterback ya kgwele ya seAmerika (American football) yo o neng a tshameka mo National Football League (NFL) ditlha di le lesome le borobabobedi, thatathata kwa setlhopheng sa Baltimore Colts. Morago ga tiro ya gagwe e e duleng kwa go 1956 go tsena ka 1973, o beilwe mo maemong a mongwe wa batshameki ba ba gaisang mo nakong tsotlhe mo NFL.

Unitas o ne a baya direkote di le dintsi tsa NFL gape o ne a bidiwa motshameki wa tlhwatlhwa-Most Valuable Player makgetlho a le mararo ka 1959, 1964, le 1967, go balelwa le go fiwa ditlotla tsa Pro Bowl di le lesome le tsa setlhopha sa ntlha sa All-Pro di le tlhano. O thusitse Colts go fenya metshameko ya bommampodi e le mene; e le meraro e le pele ga bokopano ka 1958, 1959, le 1968, le o le mongwe ka nako ya Super Bowl wa Super Bowl V. Phenyo ya gagwe ya ntlha ya bommampodi e tsewa e le mongwe wa motshameko o o gaisang thata mo liking ebile o hiwa tlotla ya go dira gore NFL e itsiwe. Fa gare ga 1956 le 1960, o ne a baya rekote ya metshameko kago tlhomagana a dira tlhago ya touchdown mo dikgatong tse 47, e a neng a e tshwara dingwaga di masome a matlhano le bobedi.

A bidiwa maina a matshamekwane a "Johnny U" le "the Golden Arm", Unitas o ne a bonwa e le sedirwa sa ntlha se go ntshitsweng di quarterback tsa gompieno mo go sone. O ne a tsenngwa mo Pro Football Hall of Fame ka 1979.

Botshelo jwa pele[fetola | Fetola Motswedi]

John Constantine Unitas o tsholetswe kwa Pittsburgh ka 1933 e le ngwana wa ga Francis J. Unitas le Helen Superfisky, botlhe e le batlholegi ba Lithuania; sefane sa gagwe e ne e le maduo a go ranola sefane sa kwa Lithuania se se tlwaelesegileng sa Jonaitis. O goletse kwa tikologong ya Mount Washington a godisiwa e le mo Roma. Fa Unitas a le dingwaga tse tlhano, rraagwe o ne a tlhokafala ka ntata ya malwetse a diphilo a a neng a thatafatswa ke bolwetsi jwa go ruruga mafatlha, a tlogela ngwana yo monnye yo wa mosimane go godisiwa ke mmaagwe, yo o neng a bereka ditiro tse pedi go tshetsa ba lwapa la gagwe. Kwa St. Justin's High School kwa Pittsburgh, Unitas o ne a tshameka kwa morago e le halfback le quarterback.

Tiro ya Mmadikole[fetola | Fetola Motswedi]

Mo dingwageng tsa bonana jwa gagwe, Unitas o ne a lora e le karolo ya Notre Dame Fighting Irish football team, mme e rile a leka go tsena mo setlhopheng seo, mokatisi Frank Leahy o ne a re o mosesane ebile o tlaa "bolaiwa" fa a ne a ka tsena mo lebaleng.

Mme, o ne a tsena sekole kwa University of Louisville. Mo tiro ng ya gagwe ya dingwaga tse nne e le Louisville Cardinal, Unitas a feleletsa ditlhago di le 245 mo dikgatong di le 3,139 le di touchdown tse masome mabedi le bosupa. Fa go buiwa, Unitas yo o 6 ft 1 in (1.85 m) o ne a le bokete jwa 145 pounds (66 kg) ka letsatsi la gagwe lantlha la ikatiso. Motshameko wa ntlha o a o simolotseng ke wa botlhano wa setlha sa 1951 kgatlhano le St. Bonaventure, kwa a tikileng ditlhago di le lesome le motso ka go tlhomagana ebile a dira di touchdown tse tharo go fa cardinals ketapele ya 21-19. Louisville e heletse e latlhegelwa ke motshameko o o 22-21 ka ntata ya nno e e neng e ngangiwa, mme ba ne ba bone quarterback e e simololang e ntsha. Unitas o ne a feleletsa ditlhago tse lesome le bobedi mo go tse lesome le borobabongwe mo dikgatong tse 240 le di touchdown tse nne mo phenyong ya 35-28 kgatlhanong le Houston. Setlhopha seo se ne sa fetsa setlha ka 5-5 palogotlhe le 4-1 Unitas a simolola. O ne a feleletsa ditlhago tse maasome mane le borataro mo go tse masome a robabongwe le borobabongwe mo dikgatong di le makgolo a marataro le bobedi le di touchdown tse robangbongwe.

Ka setlha sa 1952, mmadikole yoo o ne a tshwanelwa ke go tsaa tshwetso ya go fokotsa metshameko. Tautona yo mosha kwa Louisville, Dr. Philip Grant Davidson, a fokotsa madi a dithuso tsa batshameki le go gagamatsa selekanyo sa dithuto tsa batshameki. Fa go nna jalo, batshameki ba le lesome le botlhano ba ne ba palelwa ke go goroga kwa tekanyetsong eo mme ba latlhagelwa ke scholarship tsa bone. Unitas o ne a kgona go sala ka sa gagwe ka go tsaya thuto ya itlhophelo: mmino wa square. Ka 1952, mokatisi Frank Camp a fetolela setlhopha sa gagwe kwa tshamekong ya gabedi ya kgwele (two-way). Unitas o ne a sa tshameke e le safety kana linebacker kwa morago le quarterback kwa tlhaselong, mme gape a busa ditlhago le di punt mo ditlhopheng tse di faphegileng. Cardinals e ne ya fenya motshameko wa yone wa ntlha kgatlhanong le Wayne State, gape le Florida State mo motshamekong wa bobedi. Unitas a feleletsa ditlhago tse lesome le borataro mo go tse masome a mabedi le motso mo dikgatong tse 198 le di touchdown tse tharo. Go ne ga buiwa[by whom?] gore Unitas o ne a supa bokgeleke kwa motshamekong wa Florida State ka go tika tlhago ka fa tlase ga maoto a gagwe mo dikgatong tse lesome le botlhano. Setlha sotlhe se setseng e ne ya nna kgwetlho mo Cardinals, ba fetsa ka 3-5. Unitas o ne a feleletsa ditlhago di le lekgolo le borataro mo go tse lekgolo le masome a robabongwe le metso e robabobedi mo dikgatong tse 1,540 le di touchdown tse lesome le bobedi.

Setlhopha se ne sa fenya motshameko wa sone wa ntlha ka 1953, kgatlhanong le Murray State, mme ba latlhegelwa tsotlhe tse di salang mo rekoteng ya 1-7. Mongwe wa metshameko e e neng e rokotsa lethe ya setlha seo o tile fa ba latlhegelwa kgatlhanong le Tennessee. Unitas o ne a feleletsa ditlhago tse di robangbongwe mo go tse lesome le borobabongwe mo dikgatong tse masome a supa le boraro, a kgomoga ga robabongwe mo dikgatong tse masome a matlhano le bobedi, a busa di kickoff mo dikgatong tse 85, punt e nngwe mo dikgatong tse tharo, mme a nna le peresente tse 86 mo dikgoreletsong tsa setlhopha seo. Touchdown fela e e nositsweng ke setlhopha seo e ne ya nosiwa mo karolong ya bone fa Unitas e dira pitch e e seng ya boammaaruri ba e isa kwa running back mme a siana ka kgwele mo dikgatong tse masome a mabedi le boraro go dira touchdown. Unitas o ne a gobala moragonyana mo karolong ya bone fa a leka go taboga ka kgwele. Mo tseleng ya gagwe fa a tswelwa kwa ntle ga lebala, o ne a amogela loshalaba le le tona. Louisville ya fetsa setlha ka tatlhegelo ya 20-13 kgatlhanong le Eastern Kentucky. Unitas o ne a fetsa ditlhago tse 49 mo go tse 95 mo dikgatong tse 470 le di touchdown tse tharo.

Unitas o ne a tlhophiwa mokapotweni wa setlha sa 1954, mme ka nlha ya kgobalo a seka a kgona go bona nako ya go tshameka. Tshimololo ya gagwe ya ntlha ya setlha, kgatlhanong le Florida State. Mo setlhopheng seo sa banna ba le masome a mararo le bone, ba le lesome le bongwe mo teng e ne e le ba basha. Ka 1954 cardinals e ne ya ya 3-6, ka phenyo ya bone ya bofelo kwa gae kgatlhanong le Morehead State. Unitas o ne a dirwa bonya ke di kgobalo tse dintsi mo ngwageng wagagwe wa bofelo ditlhago tsa gagwe tse 527 tsa felela mo maemong a bobedi fa morago ga tsa ga Jim Houser tse 560.

Tsa tiro[fetola | Fetola Motswedi]

Pittsburgh Steelers[fetola | Fetola Motswedi]

Morago ga tiro ya gagwe ya mmadikole, Pittsburgh Steelers ya NFL ya tlhopha Unitas mo legatong la boferabongwe. Mme o ne a gololwa pele ga setlha se simologa ka gore e ne e le ene a sa tsamaelaneng le ba bangwe mo go ba bane ba ba neng ba le ka go tsaa maemo a quarterback. Mokatisi mogolo wa Steelers Walt Kiesling o ne a tsere tshwetso ya gagwe ka Unitas; o ne a akanya go re ga a botlhale thata mo a ka nnang quarterback ya setlhopha sa NFL, ebile o ne a sa tsewe dinepe kwa ikatisong le Steelers. Mo go ba ba neng ba bata Unitas a tswa e ne e le Ted Marchibroda, mokatisi mogolo ka lebaka wa NFL wa isago. A dule mo kgweleng ya seAmerika ya pro, Unitas-ka nako e a nyetse-a bereka mo konterakeng kwa Pittsburgh go tshetsa ba lelwapa la gagwe. Ka mafelo a beke, o ne a tshameka e le quarterback, safety le punter mo setlhopheng sa mo gae se bidiwa Bloomfield Rams a atsiwa $6 mo motshamekong mongwe le mongwe.

Baltimore Colts[fetola | Fetola Motswedi]

Ka 1956, Unitas a ya kwa Baltimore Colts ya NFL ka fa tlase ga mogaka wa mokatisi Weeb Ewbank, fa a sena go kopiwa ka motsotso wa bofelo go tlatsa lineman wa Bloomfield Rams Jim Deglau, motho wa Croatia o neng a bereka ka tshipi a na le botshelo jo bo tshwanang jwa ga Unitas, kwa ditekeletsong tse di neng di beetswe Delgau kwa Colts. Bobedi jo bo ne jwa adima madi mo ditsaleng tsa bone go duelwela lookwane gore ba kgone mosepele o o. Delgau morago o ne a bolelela mmegadikgang morago ga loso lwa ga Unita,"Malomaagwe o ne a mo reile a re ke se ka ka tla. O ne a tshogile gore fa a ka tla a bo Colts e sa mo tsee, go ka lebega mo go sa siamang (mo ditlhopheng tse dingwe tsa NFL)." Colts e ne ya tsaa monwana wa ga Unitas, se se neng sa utlwisa Cleveland Browns botlhoko ka ba ne ba solofetse gore ba ka tsaya quarterback e o ya pele ya Steelers.

Unitas o tshamekile motshameko wa gagwe wa ntlha wa NFL ka fa tlase ga ponalo e e neng e sa solofetse se kgatlhanong le Detroit, ba dira 0–2 ka kgoreletso e le nngwe. Dibeke tse pedi tse di latelang, quarterback yo o neng a simolola, George Shaw a robega leoto kgatlhanong le Chicago Bears. Mo motshamekong wa gagwe wa ntlha o o tlhwaafetseng, tlhago ya ga Unitas e ne ya kgorelediwa ya bo e busiwa go dirwa touchdown. Mo tshamekong e e latelang a senya go fitisa, go dira gore ba dige kgwele e e neng ya tsewa ke Bears. Unitas a bowa ka bonako go tswa mo tatlhegelong eo ya 58-27, a etelela Colts go sulafatsa Green Bay ebile e le phenyo ya bone ya ntlha kgatlhanong le Cleveland. O ne a tika di touchdown tse robangbongwe mo ngwageng o o, go balelwa le motshameko wa bofelo-felo wa setlha mo go neng ga semolodisa rekote ya metshameko e le masome mane le bosupa ba sa fenngwe. Go feleletsa ga gagwe ga diperesente di le 55.6 e ne e le rekote ya motshameki yo mosha.

Ka 1957, setlha sa gagwe sa ntlha le Colts e le mosimolodi wa nako tsotlhe wa quarteback, Unita o ne a fetsa mo maemong a ntlha mo NFL ka ditlhago tsa dikgato (2,500) le di touchdown di le masome a mabedi le bone fa a thusa Colts go dira rekote ya 7-5, rekote ya ntlha ya phenyo mo ditsong tsa setlhopha.Kwa bofelong jwa setlha, Unitas a amogela kopi ya Jim Thorpe e le motshameki wa tlhwatlhwa-Most Valauble Player mo NFL ke ba Newspaper Enterprise Association (NEA).

1958: "Motshamekong o o gaisang yotlhe o o kileng wa tshamekiwa"[fetola | Fetola Motswedi]

Unitas e ne ya tswelela ka botlhakga jwa bone ka 1958 ba dira ditlhago tsa dikgato tse 2,007 le di touchdown tse lesome le boferabongwe fa Colts e fenya bosimega jwa Western Conference. Colts e ne ya fenya bommampodi jwa NFL ka fa tlase ga boeteledipele jwa gagwe ka Sedimonthole a le malatsi a masome mabedi le borobabobedi, 1958, ba fenya New York Giants 23-17 ka motsotso wa dikgobalo wa nako e e okeditsweng ka touchdown ya ga Alan Ameche wa fullback. E ne e le koketso nako ya ntlha mo ditsong tsa NFL, mme e nna e buiwa gotwe ke "Motshamekong o o gaisang yotlhe o o kileng wa tshamekiwa". Motshameko o, o neng o supiwa lefatshe ka bophara mo thelebishineng ya NBC, o tsewa o nnile le seabe go tsisa go itsege thata ga kgwele ya seAmerika ka dingwaga tsa bo 1960.

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. Bio [1] johnnyunitas.com. Retrieved 20/10/2023.
  2. Johnny Unitas [2] www.lithhof.org. Retrieved 20/10/2023.