Khudutlhamaga ya Botswana

Go tswa ko Wikipedia

Tempolete:Infobox Legislature

Khudutlhamaga ya Botswana ke molao motheo wa lefatshe botswana yo o etleletseng pele palamente. E gakololwa ke yo o eteletseng pele ntlo ya dikgosi ,e e seng ntlo ya palamente.

Khudutlhamaga ya gompieno , e ne ya tshegetsa ditlhopho tse di neng di tshwerwe ka Phalane a tlhola lesome le boratarongwaga wa 2009,e nale maloko a le masome a borataro le boraro .ba le masome a botlhano le bosupa ba ne ba tlhophiwa ke setshaba mo dikgaolwaneng . Fa ba le bane bone ba tlhphilwe ka (sephiri ke khudutlhamaga e e leng teng) fa ba le babedi bone ba tlhophilwe ke (tautona gape le badiri ba melao .

Dikgang tsa palamente[fetola | Fetola Motswedi]

Pego ya seemo sa setšhaba ka Motlotlegi Lt Gen[fetola | Fetola Motswedi]

Seretse Khama Ian Khama, Tautona wa lefatshe la Botswana, mo pulong ya setlha sa botlhano sa palamente ya boferabongwe.1. Motsamaisa dipuisano tsa palamente, ke lebogela sebaka se o se mphileng se, go itsise kokoano e e tlotlegang e, ka tshekatsheko ya diphitlhelelo tsa setšhaba sa rona ga mmogo le dikgwetlho, mo pegong ya me ya ntlha ka seemo sa setšhaba, e bile e le ya bofelo pele ga ditlhopho tsa rona tsa setšhaba. 2. Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go itse gore, go diragatsa ditlhokego tsa setšhaba, ga go a tshwanela go lejwa mo ditirong tsa puso fela e le nosi. Bokgoni jwa go gatela pele.

Sojwe e gana molao kakanyetso[fetola | Fetola Motswedi]

Batho ba Sojwe ba re ga ba dumalane le molao kakanyetso wa gore ba duele matlo a bone jaaka go dirwa kwa ditoropong. Ba re ba ntse ba lebogela se puso se e se dirang ka mananeo a e a dirang a go inola Batswana mo lehumeng mme jaanong fa molao kakanyetso o o ka diragadiwa, o tsile go ba humanegisa le go isa matshelo a bone kwa tlase ka jaana go se na kwa ba tlaa tsayang teng madi.Ba buile jalo kwa phuthegong ya kgotla e e neng e tshwerwe ke mopalamente wa kgaolo eo, Major General Moeng Pheto mo bosheng fa a ne a ba lekodisa ka dingwe tsa dikgang tsa palamente e e fetileng.Mme Chaoto Ntsheki le Shoma Ramusu ba re fa molao kakanyetso oo o ka dirwa, molao o tsile go kokonela batho ba ba dikobo dikhutshwane ka jaana bangwe ba nna mo matlong a ba saleng ba a agelwa ke banna ba bone, le bana mme ba sa tlhole ba le mo botshelong.Ka molao kakanyetso wa mapolotiki a a fudugelang kwa diphathing tse dingwe, ba re dikgang tsa mofuta oo di a tshwenya e bile di isa seriti sa ditlhopho kwa tlase.Ba re a makhanselara a se ka a tsamaya ka tlhopho ya bone fa a fuduga.

Banni ba gakololwa go tsweledisa tebelopele[fetola | Fetola Motswedi]

Banni ba metse ya Maitengwe, Dagwi le Changate ba kopilwe go nna le seabe go diragatsa maikaelelo a Tebelopele ya setshaba ya 2016. Kopo eo e ntshitswe ke mopalamente wa kgaolo ya Nkange, Rre Edwin Batshu, fa a buisa diphuthego tsa kgotla mo metseng eo, ka Mosupologo. Rre Batshu a re matshego ao, ga a itebaganya le batho ba ba rileng mme ke a Motswana mongwe le mongwe.A re go nna setshaba se se rutegileng se na le kitso le mogodi go a kgonagala go diragatse tseo ka metlhale ya go rutega le go na le kitso e mentsi ebile ba ka e abelana le ba bangwe.A re go nna setshaba se se sirelegileng ga go bewe mo mapodising kana fela ba itshireletsoA re setshaba se tshwanetse go lwantsha borukutlhi, go tlhokomela loruo, le go tlogela mokgwa wa go thapa batswakwa ba ba se nang diteseletso.Rre Batshu a re ka seo ba tlaa bo ba diragatsa letshego leo.Mo go tse dingwe o ne a kopa banni ba metse eo, go tlogela diphapaano tsa sepolotiki ka jalo ba nne batho ba ba bopaganeng ba na le maikaelelo le maikemisetso a go tsweledisa metse ka ditlhabololo ba le moono mongwe wa go direla setshaba le lefatshe. A re fa ba ka nna le botho, ba bereka ka tshwaragano le lerato go sena kilano ba ka isa metse ya bone kwa Tebelopele ya 2016.A re ba le banni ba tshwanetse go tla ka maano/metlhale e e tla fokotsang seemo sa borukutlhi, koketsego ya masiela le go wela tlase ga thuo.Rre Batshu o ne a ba kopa go dirisa bokgola jwa pula ya ntlha go ya go lema le go epa disana gore ba kgone go lema ka diterekere ka lenaneo la ISPAAD.

Banni ba metse eo, ba ne ba lela ka leruo la bone le le tlolelang molelwane kwa Zimbabwe, mme fa le tla mono le bo le bolawa.Kwa motseng wa Maitengwe, banni ba ne ba kopa letamo le baka nosang leruo la bone. Kwa Dagwi ba ne ba ngongorega ka tsela, mooki mo kokelwaneng le go agelwa diofisi tsa kgotla.Ba ne ba lela ka lephata la metsi le ba boletseng fa le tletse boitseme.Ba bolela fa ba na le dingwaga ba dueletse go gokelwa metsi mo malwapeng nako kgolo ke neo, le mesele e ba ne ba laetswe go e epa e setse e katagesetse.Selelo seo sa ba lephata la metsi se ne sa utlwala gape kwa motseng wa Changate.Banni ba bolela fa bangwe ba duetse ka ngwaga wa 2007.Fa a araba matshwenyego a banni bao, mookamela lephata la metsi mo khanseleng potlana ya Tutume, Rre Vincent Ragabane, o ne a solofetsa banni ba metse eo, fa ba tla thusiwa mo bogaufing.Rre Ragabane a re motse wa Maitengwe o ne o na le palo e ntsi ya baikopedi ka jalo ba tsere nako e ntsi ba leka go gokela le go phatlalatsa metsi le motse ka bophara le go gokela mo malwapeng.A solofetsa gore tiro ya kwa motseng oo e gaufi le go wela ka jalo ba tlaa bo ba simolola mo metseng eo, ka palo ya yone e le kwa tlase.Mopalamente Batshu fa a akgela mo go mangwe a matshwenyego a banni o ne a bolela fa a ne a tsile go ba leboga le gore ba itsane.A re ka dikgomo tse di bolawang di tloletse molelwane kwa Zimbabwe, ke maikaelelo a puso go nyeletsa bolwetse jwa tlhako le molomo.

Dikgoge tsa kwa ntle[fetola | Fetola Motswedi]

Botswana Gaborone

Palo e e leng teng mo bogompienong[fetola | Fetola Motswedi]

Tempolete:Botswana general election, 2009

Maduo a khudutlhamaga a a fetlileng[fetola | Fetola Motswedi]

Diphuthego tsa sepolotiki Ditlhopho tsa ngwaga
1965 1969 1974 1979 1984 1989 1994 1999 2004
Botswana Democratic Party (BDP) 28 24 27 29 29 31 27 33 44
Botswana National Front (BNF) - 03 02 02 04 03 13% 06 12
Botswana People's Party (BPP) 03 03 02 01 01 - - - -
Botswana Independence Party (BIP) - 01 01 - - - - - -
Botswana Congress Party (BCP) - - - - - - - 01 01
Palo yotlhe 31 31 32 32 34 34 40 40 57

Tsiboga :Mo ditlhophong tsa ngwaga wa 1965 , phuthego ya Botswana Democratic Party e ne e itsege ka leina la Bechuanaland Democratic party fa ya Botswana People's Party yone e ne e itsege ka la Bechuanaland People's Party.

Le fa e ne e le yone phuthego e e neng e eteletsepele thata go tsweng kwa boipusong , ditlhopho tsotlhe tse di neng di tshegetswa go dumelwa gore e ne e le tsa puso ya batho ka batho, di gololesegile ebile di babalesegile.

O ka tsibogela[fetola | Fetola Motswedi]

  • Ntlo ya dikgosi ya Botswana - yo o etleletseng pele khudutlhamaga.
  • Ditso tsa Botswana
  • Makalana a molao
  • Palo ya dibui tsa khudutlhamaga ya Botswana

Coordinates: 24°39′31″S 25°54′38″E / 24.65861°S 25.91056°E / -24.65861; 25.91056 [[Category:]]