Kitso Mokaila
Rre Mototlegi Onkokame Kitso Mokaila ke moeteledipele wa lefatshe la Botswana kwa lefatsheng la United States of America.One a tlhophiwa ke National Assembly ka kgwedi ya Phalane ngwaga wa 2004 ka ditlhopho,ele moemedi wa lekoko la Botswana Democratic Party.
Rre Mokaila o tlhomilwe e le moeteledipele tona ya tikologo le diphologolo ke Tautona Festus Mogae ka di 9 Ngwanatsele 2004[1].One a tlhomiwa e le tautona wa moepo le ditswa mmung,maatla le motswedi wa metsi phalane 12 2012.Ka Seetebosigo 17,2020, o ne a tlhomiwa moemedi wa lefatshe la United states.[2]
Rre Mokaila one a ya go ithutuntsha ka tsa boitsanape jwa go baakanya dikoloi kwa sekolong sa Swaziland college of technology,e rile go fetsa go ithuthuntsha a berekela mo Botswana Defence Force ka 1980[3].Ene yare a ntse a berekela mo sesoleng aya go ithuthuntsha boengineere kwa Military college of Electronics and Mechanical Engineering, India Secunderabad. Ka ngwaga wa 1988 one a itlhola marapo ka maemo a bokapotani,a ya go berekela ko International computing limited(ICL)Hyundai Motor distributors,wheels of Africa,le Unisis Africa.
- ↑ "Mogae appoints cabinet -Ten new faces - Five women". Botswana Press Agency (BOPA). 10 November 2004. Archived from the original on 10 February 2005. Retrieved 20 Moranang 2024.
- ↑ "Ambassador Kitso Mokaila". Ministry of International Affairs and Cooperation Botswana. 23 September 2020. Retrieved 20 Moranang 2024
- ↑ "Ambassador Onkokame Kitso Mokaila's Biography | Embassy of the Republic of Botswana in Washington, D.C." www.botswanaembassy.org. Retrieved 29 May 2022.