Lefelo la tshomarelo ya tlholego la Mokolodi

Go tswa ko Wikipedia

Lefelo la tshomarelo ya tlholego la Mokolodi ke lefelo le eseng la puso le le sa itebaganyang le go dira dipoelo la diphologolo mo borwa jwa Botswana. Le simolodisitswe ka ngwaga wa 1994 ke mokgatlho wa Mokolodi Wildlife Foundation, le dikhilomethara tse di masome a mararo mo lefatsheng le ba le filweng dikhilomethara tse di lesome mo borwa jwa toropokgolo Gaborone. Lefelo le le nale diphologolo ka mefutla tse di bonwang mo Aferika, dinonyane gape le digagabi, dingwe e le tse di sa itsa tlwaelesegang gape di le mo mathateng a go ka fela motlhofo. Ditshukudu tse di mmala o mosweu tse di ruilweng kwa lefelong la tshomarelo ya tlholego la Mokolodi ke bontlha bongwe jwa losika lwa mokgatlho o o nang le seabe mo go oketseng tse di leng Botswana.

Thuto ya tikologo le go somarela ke dintlha tsa botlhokwa tsa mokgatlho wa tshomarelo ya tlholego wa Mokolodi Wildlife Foundation. Lefelo le le amogelang baithuti go tsweng mafelong a le malwa a Botswana, mo bangwe ba bone ba tswang mo malwapeng a a sa itsholelang. Ditirelo tse di duelelwang le boroko tse di fiwang setshaba ke lefelo la tshomarelo ya tlholego la Mokolodi di rotloetsa maitlamo a mokgatlho, go baya bana ba Botswana mo sebakeng sa go galaletsa dilo tsa tlholego tsa mafatshefatshe gape le go rotloetsa go sireletsa dilo tsa tlholego tsa lefatshe la Botswana.

Lefelo le le nale diphologolo ka mefutla jaaka Tshukudu tsa mmala o mosweu, Mangau, , Dithutlwa , Dipitse , , Dikukama, Ditlou, Tholo , , Matlhalerwa, Dinkwe gape le dinonyane tsa metsi. Lefelo le le agilwe e le la diphologolo go nale kgolagano e efetlang ka pila ,e e letlang go bona diphologolo gautshwane . Bodiredi jwa lefelo le dule ka maano a go oketsa molelwane wa bone wa go somarela lefelo go fitlheng le kwa somareleng ditau.[1]

Botlhokwa jwa go somarela Bojanala[fetola | Fetola Motswedi]

Tona wa tikologo, diphologolo le Bojanala Rre Kitso Mokaila a re go botlhokwa go somarela ngwao gore e seka ya nyelela mme Batswana ba tlhoka se ba itshupang ka sone.Fa a bua mo moletlong wa go ipelela ngwao kwa motseng wa Kanye beke eno o tlhalositse fa moono wa letsatsi leo e le bojanala bo golaganya ngwao, a lebogela gore tiro eo e nnetse mo Kanye, a re ke thotloetso le go lemotsha batho botlhokwa jwa ngwao.Tona a re moono wa letstatsi leo o tsibosa Batswana gore ba ikgakologelwe le gore banana ba itse ngwao ya bone le tse di amanang le bojanala.Tona a re go na le mafelo a mantsi a a kgatlhisang a a etelwang ke bajanala ka jalo merafe e e bapileng le mafelo ao ba ka kgothatsega go itshetsa ka one.Rre Mokaila a re bojanala bo tokafatsa tsa mesepele mo lefatsheng ka baeti ba dirisa dipalamo le tsone difofane go etela mafelo ao, a gatelela gore ka ngwaga wa 2010 go tsile bajanala ba le 2.1million mo lefatsheng leno mme ba dirisa P4.7million.A re seabe sa bojanala se se golo mo itsholelong ya lefatshe mme a kgothatsa Batswana go tswelela ba itirela ka diatla ka ba ka kgona go itshetsa ka ditiro tsa bojanala.

Tona a re puso e thusa go lwantsha lehuma ka ditsela tsotlhe le gone go laola tiriso ya ditsatlholego gore di sireletsege.Rre Mokaila o ne a sirolola mafelo a bojanala mo kgaolong ya borwa ja lefatshe leno e bong Livingstones Memorial, Dimawe, Ditshwantsho tse di mo matlapeng kwa Manyana, Kgophu ya Mogonye, Lentswe la baratani, Mosenekatse, Bathoen II Museum, Sefikantswe sa ga Kgosi Bathoeng le Kgophu ya Pharing.A re ngwao le ditsatlholego di golaganngwa ke ditso tsa mafelo a bojanala mo kgaolong ya borwa mo Botswana.Tona a re botlhokwa jwa go lemotsha sechaba ka mafelo ao a bojanala ke karolo ya go kabakanya kgwebo ya bojanala le go somarela ditsatlholego mo mafelong ao, gammogo le go thusa go lwantsha lehuma mo bathong ba ba nnang mo metseng ka ke gone kwa mafelo a bojanala a fitlhelwang teng.Kgosikgolo Malope wa Bangwaketse o ne a leboga ba lephata la Tikologo, Diphologolo le Bojanala go bo ba kgethile Kanye go tshwanela moletlo oo go tla go abelana maele le morafe ka tsa ngwao le bojanala.Kgosi Malope a re ngwao ke pinagare ya sechaba re eletsa gore Mmakgodumo o ka nna lefelo la bojanala a rurifatsa.Fa a leboga Mopalamente wa Kanye bokone rre Kentse Rammidi o ne a rotloesa Batswana go somarela diphologolo tsa naga le gone go amogela gore fa di ba senyetsa kwa masimo di tshwana le fa go sentse dikgomo tsa bone ka jalo ba seka ba di bolaya go itsa gore di seka tsa nyelela mo isagong.O gakolotse gore mafelo a Bojanala a dirisediwe tiro ya one a seka a tsewa a dirisediwa ditiro di sele a re ka jalo go botlhokwa gore mafelo a boroko a bojanala (lodges/hotels) a okediwe mo tseleng ya Trans Kalahari.Rre Rammidi a re go molemo go bo go ipelelwa mo motseng wa Kanye a rotloetsa gore go dirwe le dithuto puisanyo go ruta morafe ka bojanala le ngwao.O gakolotse gore mmino wa ngwao ya Setswana o somarelwe go dirwe mokwalo kana molao o o ka o sireletsang go itsa mafatshe a a mangwe go o kopa kana go o utswa ba o ntsha mo diatleng tsa Batswana.

Dikgoge tsa kwa ntle[fetola | Fetola Motswedi]

Botswana/Gaborone Gaborone/Mokolodi Externala website

Dipadi tse dingwe[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "Mokolodi Nature Reserve". Official website of the Botswana Tourism Organisation. 2006. Retrieved 7 April 2011.
Okamo ya lefelo la tshomarelo ya tlholego la Mokolodi le mafelo a mabapi ka paka ya selemo
Botseno / Kamogelo kwa Mokolodi
Bontshe kwa Mokolodi – Jan. 2011