Luanda

Go tswa ko Wikipedia

Luanda (/luˈændə, -ˈɑːn-/, Sepotokisi: [luˈɐ̃dɐ]) Ke toropokgolo mo lefatsheng la Angola.

Ke letshitshi lantlha, ebile e le lone le legolo la tsa papadi le madirelo, la tsa ngwao, ele makopanelo a ditlhabololo. Le bonwa mo bokone ja setlhaketlhake sa Atlanthiki, bodiredi kanamiso ja Luanda, setlhaketlhake segolo, le toropokgolo ya kgaolo ya Luanda. Luanda le metsana ya teng e tumile thata ele toropokgolo e buang sepotokisi mo lefatsheng e bile e tumile go gaisa mo mafatsheng a buang sepotokisi, kontle ga Brazil, ka banni ba le di mmilione di feta bofera bobedi le sephato se le seraro ka ngwaga wa 2020(sephato se seraro sa banni botlhe ba lefatshe la Angola).

mo gareng ga ditoropo tse di kgologolo tse di neng di buswa ke lefatshe le lengwe, le tlhomilwe ka Ferikgong 1576, Ke Rre wa motsamai wa mopotokisi Paulo Dias de Novais. Toropo e ne e le boremelelo ja thekiso ya malata a Brazil pele go kganelwa thekiso ya malata eo. Mo tshimologong ya ntwa ya maraganateng ya Angola, ka ngwaga wa 1975, bontsi ja batho basweu ba ne ba tsamaya,[1] e le batshabi, bontsi bo ya kwa Portugal. Banni ba Luanda ba ne ba ntsifala go menagane gantsi go tswa mo batshabing ba ba neng ba sia ba tshaba ntwa, mme dikago tsa teng di ne di sa lekana go amogela thelesegelo ya matshwititshwi . Se se ne sa baka go runya mo ntsi ga ditakana,kana metse ya bomaipaafela go dikologa Luanda. Toropo e, e tsweletse go nna kafa tlase ga diphetogo tse di tona,[2] le ditlhabologo tse dikgolo tse di dirafalang tse di tlaa fetolang tebego mo go bonalang.

Tsa madirelo tsa jaanong go balelwa go dirwa ga tsa temo thuo, go dirwa ga dino, tsa kapari, semente, madirelo a dikoloi tse disha, tsa kago,dipolaseteke, tshipi, motsoko wa cigarete le ditlhako. Toropo e mo pepeneneng e le themelelo ya tsa papadi ya mahura,[3][4] le tshilo ya mahura e mo toropokgolo. Luanda e ntse e tsewa jaaka toropo e turang go gaisa mo lehatsheng mo baeting.[5][6] Banni ba Luanda bontsi ke ba morafhe wa Ambundu, mme mo dingwageng tse di sha tse go na le koketsego ya Bakongo le Ovimbundu. Go nale banni ba ma Europa, bontsi go na le mapotokisi. Luanda e ne ya amogela ebile e ne ya tshwara kopi ya metshameko ya Aferika ya ditshabatshaba.

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. Flight from Angola Archived 2013-07-23 at the Wayback Machine, The Economist (August 16, 1975)
  2. Luanda - Angola Today". Angola Today. Archived from the original on 2017-04-20. Retrieved 2017-04-19.
  3. Guardian Staff (2019-01-22). "After the oil boom: Luanda faces stark inequality – photo essay". The Guardian. ISSN 0261-3077. Archived from the original on 2019-06-15. Retrieved 2019-06-15.
  4. Specter, Michael (2015-05-25). "Luxury Living in a Failed State". The New Yorker. ISSN 0028-792X. Archived from the original on 2019-01-09. Retrieved 2019-06-15.
  5. Luanda most expensive city for expats". 2017-06-21. Archived from the original on 2019-02-23. Retrieved 2019-06-15.
  6. Neild, Barry (2018-06-26). "Most expensive city for expats revealed". CNN Travel. Archived from the original on 2019-05-30. Retrieved 2019-06-15