Margaret Adebisi Sowunmi

Go tswa ko Wikipedia

 

Margaret Adebisi Sowunmi (née Jadesimi) (o tshotswe ka 24 Lwetse 1939) ke moithutadimela le moithutamarope wa tikologo wa kwa Nigeria.[1] E ne e le molhalela dithuto tsa Palynology le Environmental Archaeology kwa Yunibesithing ya Ibadan. Ke ene a simolotseng dithuto tsa ditsatlholego sa tikologo le palaeoethnobotany kwa Nigeria ebile e le mosimolodi gape e le tautona wa Palynological Association of Nigeria[2][3].[2]

Sowunmi o tsholetswe kwa Kano, kwa bokone jwa Nigeria ka 24 September 1939. Rraagwe e ne e le moruti mo Kerekeng ya Nigeria. O tsene sekolo kwa St Anne's School Ibadan a dira dithuto tsa gagwe tse dikgolwane. O ne a ithutela BSc in Special Botany mo lephateng la Botany, kwa University College Ibadan, a aloga ka 1962. O ne a amogela thuso ya madi ya go ikoketsa dithuto morago ga go aloga ka 1963 go dira dipatlisiso tsa Phd mo palynology. Gore a kgone go dira dipatlisiso ka palynology, Sowunmi o ne a ya kwa Sweden go ya go ithuta le Gunnar Erdtman, yo o neng a okametse PhD ya gagwe. O ne a aloga ka dihutego tsa PhD mo thutong ya dimela kwa Yunibesithing ya Ibadan ka 1967.[2] Sowunmi o ne a tlhomiwa go nna motlhatlhobi (research fellow) wa post-doctoral lekaneng la Archaeology kwa Institute of African Studies, University of Ibadan ka 1967. Ka 1971 o ne a simolola Nigerian University Palynology Laboratory. Sowunmi o ne a tlhomiwa go nna porofesa wa Palynology le Environmental Archaeology ka 1982. Mo tirong ya gagwe yotlhe Sowunmi o ne a na le maemo a a farologaneng a go etela, ka 1997 o ne a le kwa Department of African Archaeology, Uppsala University, mme ka 1998 kwa Institute of Archaeology, University College London le maphata a African Archaeology le African Archaeobotany kwa yunibesithi ya Johann Wolfang Goethe.[4] Ka nako ya tiro ya gagwe o ne a okamela baithuti ba le supa ba PhD, mme o itsege ka go nna morutabana yo o tlhotlheletsang/rotloetsang.[4][5] Sowunmi o berekile ka dikgang tsa bong mo go tsa thutamarope (archaeology) kwa Nigeria, go akaretsa le go fetola ditlhogo tsa dithuto tse di itebantseng thata le borre.[6]

Sowunmi e ne e le mosimolodi le tautona wa lekgotla la Palynological la Nigeria, ebile gape e le tautona wa West African Archaeological Association.[4]

Sowunmi o tlogetse tiro ka mabaka a bogodi ka ngwaga wa 2004.[4]

Dipatlisiso[fetola | Fetola Motswedi]

Dipatlisiso tsa ga Sowunmi tse di atlegileng di balela mo teng ditshekatsheko tsa ntlha tsa dingwaga le tsa bogologolo tsa tshimolodiso ya Gwandu Formation, le ditlhaloso tsa ntlha tsa Eocene pollen tsa Ogwashi-Asaba Formation, patlisiso ya ntlha ya Late Quaternary ya dimela le tsa tikologo vegetation tsa Nigeria, le itutuntsho ya ntlha ya peo a dithunya o tswa mo go tsa tlholego kwa Nigeria.[4]

Dietsele[fetola | Fetola Motswedi]

Ka ngwaga wa 2003, Sowunmi o ne a amogela tlotla ya dikirii ya Doctor of Philosophy kwa lephateng la Humanities kwa Yunibesithing ya Uppsala go mo akgolela thuto ya gagwe ya maemo a kwa godimo le dipatlisiso le go nna le seabe sa go ruta mo ditsatlholego tsa tikologo le dijalo.[4][7]

Dikgatiso tse di tlhophilweng[fetola | Fetola Motswedi]

  • M.A. Sowunmi, 1972. Popego ya mmudula wa Palmae le go amana ga yone le taxonomy. Tshekatsheko ya Palaeobotany le Palynology
  • M.A. Sowunmi, 1973. Dithoro tsa mmudula tsa dimela tsa Nigeria: I. Mefuta ya Woody. Grana
  • Go tswa mo bukeng ya ga R.J. du Chêne, M.S. Onyike & M.A. Sowunmi 1978. Mmudula o mosha wa Eocene wa Ogwashi-Asaba Formation, borwa-botlhaba jwa Nigeria. Revista Española de Micropaleontología 10(2), ts. 285-322.
  • M.A. Sowunmi, 1981. Dikarolo tsa Diphetogo tsa Dimela tsa Late Quaternary kwa Afrika Bophirima. Journal of Biogeography 8: 457-474.
  • M.A. Sowunmi, 1985. Tshimologo ya temothuo mo Afrika Bophirima: bosupi jwa dimela. Anthropology ya Gone Jaanong
  • [Setshwantsho mo go tsebe 9] Dithoro tsa mmudula tsa dimela tsa Nigeria: II. Mefuta ya Woody. Grana 34: 120-141.
  • M.A. Sowunmi,1998. Archaeology ya ikholoji kwa Africa Bophirima : seemo sa thuto mo ANDAH (B.W.) et al., Afrika: kgwetlho ya thutamarope. Ibadan, Heinemann Educational Books, ts. 65-100
  • M.A. Sowunmi,1998. Beyond academic archaeology in Africa: The human dimension. Tshekatsheko ya thutamarope ya Afrika

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "Prof. Bisi Sowumi". Yoruba Ko'ya Foundation. Archived from the original on 2023-03-26. Retrieved 2023-03-27.
  2. 2.0 2.1 2.2 Orijemie, Emuobosa Akpo (2014), "Sowunmi, Margaret Adebisi", in Smith, Claire (ed.), Encyclopedia of Global Archaeology, Springer New York, pp. 6941–6943, doi:10.1007/978-1-4419-0465-2_2354, ISBN 9781441904652
  3. Babah, Chinedu (2017-03-23). "SOWUNMI, Prof. M. Adebisi (nee Jadesimi)". Biographical Legacy and Research Foundation. Retrieved 2019-07-02.
  4. 4.0 4.1 4.2 4.3 4.4 4.5 (in en)Orijemie, Emuobosa Akpo (2014), "Sowunmi, Margaret Adebisi", in Smith, Claire (ed.), Encyclopedia of Global Archaeology, Springer New York, pp. 6941–6943 https://link.springer.com/referenceworkentry/10.1007/978-1-4419-0465-2_2354
  5. Cambridge, University of (2017-12-07). "The Nigerian archaeologist investigating ancient farming in West Africa". Medium. Retrieved 2019-05-26.
  6. . pp. 359–360. {{cite book}}: Missing or empty |title= (help)
  7. Piehl, Jakob. "Honorary Doctors of the Faculty of Arts - Uppsala University, Sweden". www.uu.se. Retrieved 2019-07-02.