Mathata a tikologo

Go tswa ko Wikipedia

Mathata a tikologo ke tse di kgoreletsang tsamaosentle ya dimela, diphologolo le tikologo.[1] Fa godimo ga foo, mathata a a ka bakiwa ke batho kgotsa e ka nna a tlholego. Mathata a a supiwa fa a le masisi fa tikologo,dimela le diphologo di sa kgone go tokafala mo seemong a nako eno, gape ele matlhotlhapelo fa tikologo,dimela le diphologo di solofetswe go phutlhama.

Tshireletso ya tikologo ke go sireletsa tikologo ya tlholego mo mothong ka bo nosi, kompone kgotsa puso go tswela madu tikologo le batho. Go tsibogela mathata a a apereng tikologo ke tsamaiso e e lebelelang mathata a tikologo ka go rutuntsha, go lwela tikologo le go bua ka tse di e amang. [2]

Tshenyo ya tikologo e e bakiwang ke batho, ke bothata bo bo tsweletseng mo lefatsheng ka bophara. Kgotlhelo ya metsi le yone e baka mathata mo ditshiding tsa metsi. Baithuti ba le bantsi ba akanya gore palo e e solofetweng ya batho ba le di bilione di ferabongwe go tsena ka di le lesome ba ka nna ntle le sekgoreletsi sepe mo tikolong ya lefatshe fa batho ba ka bereka mmogo go tlamela tikologo.[3][4][5] Bontsi jwa manokonoko a tikologo a bakiwa ke batho ba dipalo tse dintsi tse bahumi ba ba dirisang dilo tse di dirwang mo madirelong.[6] [7]Thulaganyo ya UN Environmental Program, mo pegong ya bone ya go dira kagiso le tlholego ya 2021 ba bua ka dikgang tse di amang lefatshe jaaka kgotlhelo, phetogo ya seemo sa loapi le tatlhego ya ditshedi ka mefuta, mme go ka kgonagala fa bathoba ka bereka mmogo go diragatsa Sustainable Development Goals.[8]

Mefuta[fetola | Fetola Motswedi]

Mathata a magolo a a apereng tikologo a akaretsa phetogo ya seemo sa loapi, kgotlhelo ya tikologo, kwelo tlase ya tikologo le nyeletso ya metswedi. Mokgatlho wa go somarela tikologo o tlhotlheletsa tshireletso ya ditshedi tse di mo kotsing le tshireletso ya dimela,diphologo le tikologo, dijo tse di fetotsweng le kgotelo ya lefatshe. Thulaganyo ya UN e dirisa metheo ya lefatshe ka bophara mo mathateng a a amang tikologo a le mararo: phetogo ya seemo sa loapi, kgotlhelo ya tikologo le tatlhegelo ya mefuta ya ditshedi.[9]

Tlhotlheletso[fetola | Fetola Motswedi]

Baesekopo le thelebishene[fetola | Fetola Motswedi]

Go na le palo e e oketsegang ya dibaesekopo tse di diriwang ka mathata a a lebaneng tikologo, bogolo jang ka phetogo ya loapi le go thuthafala ga lefatshe. Baesekopo ya ga Al Gore e e dirilweng ka ngwaga wa 2006 e e bidiwang An inconvinient truth, e ne ya itemogela katlego mo thekisong.

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. Jhariya et al. 2022. [https://www.sciencedirect.com/book/9780128229767/natural-resources-conservation-and-advances-for-sustainability "Natural Resources Conservation and Advances for Sustainability" Chapter 7.5 ISBN 978-0-12-822976-7
  2. Eccleston, Charles H. (2010). Global Environmental Policy: Concepts, Principles, and Practice. Chapter 7.. ISBN.978-1439847664.
  3. Alberro, Heather. "Why we should be wary of blaming 'overpopulation' for the climate crisis". The Conversation. Retrieved 2020-12-31.
  4. "David Attenborough's claim that humans have overrun the planet is his most popular comment". www.newstatesman.com. 4 November 2020. Retrieved 2021-08-03.
  5. "Dominic Lawson: The population timebomb is a myth The doom-sayers are becoming more fashionable just as experts are coming to the view it has all been one giant false alarm". The Independent. UK. 18 January 2011. Retrieved 30 November 2011.
  6. Nässén, Jonas; Andersson, David; Larsson, Jörgen; Holmberg, John (2015). "Explaining the Variation in Greenhouse Gas Emissions Between Households: Socioeconomic, Motivational, and Physical Factors". Journal of Industrial Ecology. 19 (3): 480–489. doi:10.1111/jiec.12168. ISSN 1530-9290. S2CID 154132383.
  7. Moser, Stephanie; Kleinhückelkotten, Silke (2017-06-09). "Good Intents, but Low Impacts: Diverging Importance of Motivational and Socioeconomic Determinants Explaining Pro-Environmental Behavior, Energy Use, and Carbon Footprint". Environment and Behavior. 50 (6): 626–656. doi:10.1177/0013916517710685. ISSN 0013-9165. S2CID 149413363.
  8. Environment, U. N. (2021-02-11). "Making Peace With Nature". UNEP - UN Environment Programme. Retrieved 2022-02-18.
  9. "SDGs will address 'three planetary crises' harming life on Earth". UN News. 2021-04-27. Retrieved 2022-02-18.