Mike Gaechter

Go tswa ko Wikipedia

Michael Theodore Gaechter (Firikgong a ferabongwe, 1940-Phatwe a le lesome le bosupa, 2015) e ne e le motshameka morago (safety) wa kgwele ya seAmerika (American football) mo National Football League (NFL) a tshamekela setlhopha sa Dallas Cowboys. O tshamekile kgwele ya mmadikole (college football) kwa University of Oregon.

Dingwaga tsa pele[fetola | Fetola Motswedi]

A tsholetswe kwa Santa Monica, California, Gaechter o alogile kwa Antelope Valley High School kwa Lancaster, kwa a neng a tumile mo go tsa mabelo (track) ebile a tshameka kwa morago (halfback) mo kgweleng ya seAmerika.

Gaetcher o ne a ikwadisa kwa University of Oregon. Mme ka mabaka a matshwao a fudugela kwa Clark College kwa Vancouver, Washington, kwa a neng a gaisana mo long jump, 100, 200, low le high hurdles, le mo lebelong la neelano.[1]

Ka 1961, o ne a amogelwa gape kwa University of Oregon. Ngwaga o o ka nako ya mabelo kwa University of Washington kwa Seattle, a taboga nako ya gagwe e gaisitseng ka disekonte di le 9.4 mo lebelong la 100-yard dash kwa Husky Stadium. Ka 1962, Gaechter a na le batabogi ka ene Mel Renfro, Jerry Tarr, le Harry Jerome, a taboga legato la boraro fa University of Oregon e baa rekote ya lefatshe (world record) mo lebelong la neelano la 4 x 110 yards.[2] Setlhopha seo gape se ne sa fenya NCAA championship.

Motshameko wa ga Gaechter wa mmang-mang ko mmadikole e ne e le mabelo (track and field), a simolla mo setlhopheng sa kgwele ya seAmekika (American football) sa ntlha e le motshameka morago (halfback). O tshamekile gape e le motshameka morago (linebacker) mme a tlhophiwa go nna motshameki yo o tlhabologileng thata mo setlhopheng seo.[3]

Tsa tiro[fetola | Fetola Motswedi]

Dallas Cowboys[fetola | Fetola Motswedi]

Gaechter o ne a gatisiwa ke ba Dallas Cowboys ka 1962 e le motshameki yo o ikemetseng ka nosi- undrafted free agent, mme a ya a nna motshameka morago (cornerback) yo o simololang ka setlha sa gagwe sa ntlha ka ntata ya dikgobalo. O ne a kwadisa dikgoreletso di le tlhano. Mo setlheng seo, Cowboys e ne ya nna setlhopha sa ntlha mo NFL go fitlhelela tshameko ya dikgato tse lekgolo mo motshamekong o le mongwe: kgoreletso ya ga Gaechter ya dikgato tse lekgolo a dira touchdown le go busa kickoff mo dikgatong di le lekgolo le motso ga motshameka morago (running back) Amos Marsh.[4][5] Kgoreletso e o e ne ya nna rekote mo setlhopheng seo go fitlha e thubiwa ke Bryan McCann morago ga dingwaga di le masome a mane le borobabobedi ka 2010.

Ka 1963, le fa a ne a kile ya nna motabogi (track background) , o ne a nna le letsapa le lentsi mme a a fudusediwa ko go tshamekeng kwa morago (strong safety). Kgatlhanong le Washington Redskins, o ne a baa rekote ya setlhopha a busa dikgato di le lekgolo le masome a mabedi le bongwe (dikgoreletso di le pedi) mo motshamekong o le mongwe.

Ka 1964, o ne a simolola metshameko e le mene pele ga a robega sekgono. Ka 1965, e ne e le motshameki yo o tshwarelelang, a simolola metshameko e le metlhano. Ka Ngwanatsele a le masome mabedi le boferabobedi, a busa tlhago (field goal) ya nno ya dikgato tse masome a marataro a dira touchdown kgatlhanong le Washington Redskins.

Ka 1966, o ne a boela ko go nneng mosimolodi wa metshameko. O ne a itsege ka go nna motshameka morago yo o tshabegang kwa Cowboys. Kiteo ya gagwe mo end zone a itaa motshameki wa Packers ebong Boyd Dowler morago ga go tshwara touchdown mo karolong ya boraro mo 1966 NFL Championship Game[6], e ne ya dira gore Dowler a nne le kgobalo mo legetleng mme seo sa letlelela motshameki yo o neng a sa dirisiwe thata Max McGee go tsabakela mo Super Bowl beke tse pedi tse di latelang.

Gaechter e ne e le komangkanna mo itshireletsong ya Cowboys mo dingwageng tsa bo 1960, pele ga a thubega mosifa wa lenyenyana (Achilles tendon) kwa pheletsong ya setlha sa 1969, mo tathegelong ya motshameko wa mantshano wa maemo a boraro-third place Playoff Bowl kgatlhanong le Los Angeles Rams ka Firikgong 1970.[7][8] Ga ise a tlhole a fola, a fetsa ka ditlha di ferabobedi le dikgoreletso di le masome mabedi le motso (maemo a lesome le boraro mo ditsong tsa setlhopha) mo nakong ya gagwe a le kwa Dallas. Gape o na le dikgoreletso tse di telele di le pedi mo go tse tlhano mo ditsong tsa setlhopha (dikgato tse lekgolo le dikgato tse masome a ferabobedi le borataro ka 1963 kgatlhanong le Washington Redskins).

Ka 1970, Cornell Green o ne a tswa kwa morago (cornerback) a ya kwa morago (strong safety) a tsena mo boemong jwa ga Gaechter yo o neng a tsentswe mo go ba ba gobetseng-injured reserve list. Morago ga go nna kwa ntle setlha sotlhe, o ne a rekisediwa Washington Redskins ka 1971 ka tlhopho e e neng e beilwe mabaka pele ( mme mabaka ao a seka a diragadiwa) ka Phukwi a le masome a mabedi.[9]

Washington Redskins[fetola | Fetola Motswedi]

Ka 1971, morago ga dibekenyana mo kampeng ya ikatiso ka fa tlase ga mokatisi mogolo yo mosha George Allen, Gaechter o ne a gololwa ke Redskins ka Phatwe a le lesome le motso.[10]

Botshelo jwa gagwe[fetola | Fetola Motswedi]

Gaechter o ne a fenya go ilwa ke bojang. Ka 1972 le 1982, o ne a sekisa lekgotla la Dallas Cowboys ka tsuololo ya ditshwanelo tsa botsogo-medical malpractice.[11][12][13]Morago ga go sokodisiwa ke Alzheimer’s disease, Gaechter a tlhokafala ka go ema ga pelo-heart failure a le dingwaga tse masome a supa le botlhano ka Phatwe a tlhola lesome le botlhano ka ngwaga wa 2015.[14]

Mosadi wa gagwe e bong Cheri a abela ba dipatlisiso kwa University of Texas Southwestern Medical Center kwa Dallas boboko jwa gagwe, mo go neng ga simolodisa Texas Institute for Brain Injury and Repair ka 2014 mme ba na le dikgolagano le NFL.[14] Morago ga tirelo ya phitlho-funeral mass ya gagwe kwa St. Ann's parish kwa Coppell, Geachter o ne a bolokwa kwa Restland Memorial Park kwa Dallas.

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. Mike Gaechter [1] Internet Archive Wayback Machine. Retrieved 17/10/2023
  2. A roundup of the sports information of the week. [2] SI.com. Retrieved 20/10/2023.
  3. Ducks Find New Running Halfback [3] Lewiston Morning Tribune. Retrieved 20/10/2023.
  4. Reed rumbles 108 yards for NFL record. [4] Pro Football Hall of Fame. Retrieved 20/10/2023.
  5. It Was 1962 . . . [5] Dallas Cowboys. Retrieved 20/10/2023.
  6. Video [6] on Youtube.
  7. Gabriel, Rams blow up Dallas defense, 31-0. [7] Pittsburgh Press. Retrieved 20/10/2023.
  8. Gabriels' four TD passes save dreary Playoff Bowl. [8] Spokesman-Review. Retrieved 20/10/2023.
  9. Gaechter traded to Washington. [9] Wilmington Morning Star. Retrieved 20/10/2023.
  10. Redskins cut Gaechter: Tarkenton, Thomas still on sidelines. [10] Eugene Register-Guard. Retrieved 20/10/2023.
  11. AM briefing. [11] Spartanburg Herald. Retrieved 20/10/2023.
  12. Jurors find Cowboys didn't hide records. [12] Eugene Register-Guard. Retrieved 20/10/2023.
  13. Former Dallas Cowboys: Medical Records Withheld. [13] The Miami News. Retrieved 20/10/2023.
  14. 14.0 14.1 Mike Gaechter, key defensive back of '60s Dallas Cowboys' rare feat, dies at 75. [14] Dallas Cowboys Blog. Retrieved 20/10/2023.