Morwa

Go tswa ko Wikipedia
(Go tswa ko Motsana wa Morwa)
Morwa
Country Botswana
DistrictKgatleng District
Palo batho
 (2001)
 • Total2,696

Morwa ke motse o mo kgaolong ya Kgatleng mo Botswana. O dikhilomethara tse di lesome le botlhano mo borwa-bophirima jwa motse wa Mochudi, gape palo ya batho e ne e le makgokgolo a mabedi ,makgolo a marataro masome a borobabongwe le borataro mo palo bathong ya ngwaga wa 2001.[1] MORWA

Lefelo[fetola | Fetola Motswedi]

Morwa ke motsana o o mo Botswana o o dikhilomethara tse di masome a mararo mo bokoni jwa toropokgolo Gaborone. Motsana o o golagangwa le toropokgolo ke tsela e bo e o golagangwa ke motlakase o o abelwang lefatshe lotlhe. Noka ya Metsimotlhabe e e elelang ka dipaka e elelelela mo borwa jwa motsana o. Noka e e elelela kwa letlamong la Bokaa le le nelang banni ba Bokaa, Morwa le toropo ya Gaborone metsi. Pele ga ditlhabololo batho ba ne ba nosiwa metsi go tsweng mo didibend gape pele ga se le mo dinokeng le mo megobeng.

Ditso[fetola | Fetola Motswedi]

Kgosi ya motsi ke Rre Eric Masisi Ntshole yo o tsereng mo go rragwe ebong Rre Mogotsi Ntshole. Rre Mogotsi Ntshole o tsere mo go rragwe ebong Rre Ramogotsi Ntshole. Bontsi jwa banni ba Morwa ke ba letso la Bakgatla gape di kgaogantswe ka dikgotlana ebong; Mokone, Matetswane, Manakedi le tse dingwe.

Ditlhabololo[fetola | Fetola Motswedi]

Ditsela tse ditona di nale sekontere gape go nale dikolo di le bone, ebong Ramogotsi se se potana, Our Lady of Carmel , BORWA se se golwane gape le se eseng sa puso sa kholetshe . Motsana o nale dipone tse di tshubang bogolo jang mo mebileng ya ditsela tse ditona.

Itlosobodutu[fetola | Fetola Motswedi]

Morwa o nale ditlhopa tsa kgwele ya dinao di le tharo ebong Morwa Dynamos, Morwa Rising Stars gape le Lelotong Young Stars. Ka malatsi a botsala jwa morena gape le meletlo e mengwe e e faphegileng batho gantsi ba itumedisiwa ke ditlhopa tsa meopelo ya setswana gape le maboko. Motsana o o nale ntlo ya lekgotla ya batho botlhe ba ba nnang mmogo e e dirisediwang ditiro tse di farologanyeng tsotlhe e ke tswa e le tsa mosimegi gape e le tsa go nna sekwena.

Dipalamo di fa banni ba Morwa mathata ba ba berekelang kwa Gaborone[fetola | Fetola Motswedi]

Banni ba motse wa Morwa ba ba berekelang kwa Gaborone le Tlokweng, ba boletse mo phuthegong ya kgotla fa ba ka nna ba senyegelwa ke ditiro nako nngwe le nngwe ka ntlha ya letlhoko la dipalamo tse di ikanyegang.Ba re dipalamo tse di tswang Mochudi le Rasesa di ba tsenya kwa ditirong. Banni ba re dibese tseo ga di ba thuse ka sepe ka di tla di tletse mme ba tlhoke se ba se palamang gore ba goroge kwa ditirong ka nako.Ba buile seo mo phuthegong ya kgotla e biditswe ke mopalamente wa Kgatleng Botlhaba, Isaac Mabiletsa, le ba lephata la diteseletso le taolo ya mesepele ya dikoloi tsa setshaba le beng ba dipalamo tseo.Ba re tharabololo ya leruri mo mathateng a bone ke fa go ka nna le bese ya Morwa/Gaborone.Mathata a mangwe a babereki ba neng ba bua ka one ke a gore le fa ba sa kgona go palama dibese jalo, ga ba letlelelwe go ka ikopela mosepele mo dikoloing tsa batho ba ba berekelang kwa Gaborone.Ba re fa mongwe wa bone a ka bonwa a palama koloi e seng ya setshaba, beng ba dibese tsone tse ba lelang ka tsone o bitsa mapodise le ba taolo mesepele ya dikoloi mme motho wa go nna jalo a emisiwe mo tseleng mme ba folosiwe mo sekgweng.

Babereki ba re dikgang tseo di ba tshwenya fela thata ka ba sa kgone go bereka ba le matlhagatlhaga kwa ditirong ka ba goroga thari e bile ba lapile.E rile ba tswa la bone batsamaisi ba dipagamo tsa setshaba ba ba neng ba tseneletse phuthego ba tlhalosa fa ba tlaa itoma molomo wa tlase go leka go fedisa mathata a a tshwenyang bapagami.Shadrack Gaborekwe wa dibese tsa Motshweneng le Sekai Linchwe wa Sekai Express, ba re ba amogetse dingongorego tsa bapagami ka tsoo pedi e bile ba tlaa dira tsotlhe tse ba ka di kgonang go ba kgotsofatsa.Moemedi wa dibese tsa Ramotswetla Express, ene o kopile batsena phuthego gore ka moso e nne basupi ba se ba se buang, a re ka ba re ba batla bese ya Morwa/Gaborone, e re fa e ka nna teng, ba bo ba ikemiseditse go e palama ka ene a re o lemogile fa bontsi jwa bone ba rata dilefiti go na le dibese tsa setshaba.Kgosana ya motse wa Morwa, Eric Ntshole, o kopile boradikgwebo ba dipalamo tsa setshaba gore ba nne ba buisa diphuthego tsa kgotla gore ba utlwe matshwenyego a setshaba go tila dikgotlhang tse di sa tlhokafaleng.

Moemedi wa lephata la tsa mesepele le diteseletso tsa dipagamo tsa setshaba, Meshack Moshabi, a re le ene o lemogile fa go le botlhokwa gore banni ba Morwa le bone ba nne le bese e e yang Gaborone.O kopile beng ba dibese gore ba kgalemele babereki ba bone mme ba ba rute go tlotla bapagami ka gore babereki ba go nna jalo ba ka tsenya dikgwebo tsa bone mo mathateng.A re go botlhokwa gore gangwe le gape go nne le bokopano jwa mofuta oo gore ba buisane ba kgone go tsaya megopolo mo setshabeng mme ba tokafatse ditirelo tse ba di neelang setshaba.Phuthego eo e tsile morago ga gore banni bangwe ba motse wa Morwa ba ikuele mo mopalamenteng wa bone, Mabiletsa, ka seemo se se sa ba jeseng monate sa dipalamo.Mabiletsa a re o ne a ikopanya le ofisi ya tsa dipalamo mme a ba bontsha botlhokwa jwa go nna le phuthego ya mofuta oo mme ba dumalana le one.

Maphatla a kopantswe go tlokafatsa ditlhabololo[fetola | Fetola Motswedi]

Go kopanngwa ga maphata a puso go diretswe go tokafatsa ditlamelo le go fokotsa kgotlhakgotlhano ya maphata a a farologanyeng mme a dira tiro e le nngwe.Mafoko a a tlhalositswe ke tona wa lephata la tsa selegae, Rre Lebonaamang Mokalake, mo phuthegong ya kgotla kwa Gakuto mo kgaolong ya Kweneng bosheng.Tona Mokalake a re gape seo se ya go solegela Batswana molemo ka ba tlaa akola maduo a tiro eo mo isagong, a tlatsa ka go re, maduo a go kopanngwa ga maphata a a dirang ditiro tse di tshwanang a ya go nna a a molemo ka jaanong go tlaa a fa setshaba sebaka sa go itebaganya le lephata le le lengwe, bogolo jang la metsi.O tlhalositse fa mo nakong e e fetile metsi a ne a abilwe ka dirwe go ya ka metse e metona, metsana, masimo le meraka, a re jaanong morwalo oo otlhe o ya go rolelwa ba koporase ya metsi ya Water Utilities (WUC).Kgopho ya metsi a a leswe le a a nowang e ya go nna boikarabelo jwa lephata leo la WUC. Ba Gakuto ba wela mo metseng e le lekgolo le bone ya lekgamu la boraro go sielwa metsi ke WUC.Tona o ne a tlhalosa gape gore seo se ya go ama bodiredi, bogolo jang bapompi ba maduo a bone a ntseng a sa itumedise puso, mme le gale go tlaa sekasekwa gore ba ya kae.

Dikgoge tsa kwa ntle[fetola | Fetola Motswedi]

Botswana/Morwa Morwa/South west District

Motswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "Distribution of population by sex by villages and their associated localities: 2001 population and housing census". Archived from the original on 2007-11-24. Retrieved 2008-02-08.

Tempolete:Kgatleng District Coordinates: 24°26′13″S 26°4′22″E / 24.43694°S 26.07278°E / -24.43694; 26.07278