Ramotswa

Go tswa ko Wikipedia
(Go tswa ko Motse wa Ramotswa)
Ramotswa
Ramotswa is located in Botswana
Ramotswa
Ramotswa (Botswana)
Kgaolo
South-east
Setshaba
33,271 (2022)[1]
Elevation
1,009 m (3,310 ft)

Ramotswa ke motse mogolo wa Balete. Motse yo o mo kgaolong ya Borwa Botlhaba mo Botswana, go bapa le molelwane wa Aferika Borwa le Botswana, ko borwa jwa toropo kgolo Gaborone. Motse wa Balete o sephara sa dikilometara di le masome a mararo go tswa mo toropo kgolo ya Botswana. Motse o, o na le dikgaolo di le nne, tse mo go tsone go agileng balete di akaretsang Mogobane, Otse, Taung le Gabane. Le fa setswana sere ga e ke e etelelwa ke manamagadi pele, Morafe wa Balete o eteletswe pele ke Kgosi Mosadi Seboko, kgosi ya bobedi go nna mosadi mo lefatsheng la Botswana.

Kgotla Kgolo ya Balete

Ditso tsa Balete[fetola | Fetola Motswedi]

Morafe wa Balete o tlholega kwa Aferika Borwa mo kgaolong ya Kwazulu Natal ko gone baneng ba bua puo ya setebele. Morafe o o ne wa fudugela kwa Transvaal morago ga dipheretlhego tse di neng tsa nna teng kwa Kwazulu Natal ka dingwaga tsa 1876. Morafe wa Balete o iphitlhela jaana jaana o le fa Ramotswa gaufi le molelwane wa Aferika Borwa.Go tsweng ka dingwaga tsa 1805 go fitlha mo ngwageng wa 2013, Balete ba eteletswe pele ke dikgosi di le lesome le boraro, palo e e akaretsa dikgosi tsa borre di le lesome le bobedi le mme a le mongwe.

Balete ke morafe wa Mandebele a Transvall go tswa Thohoyandou. Ke morafe o farologaneng le Mandebele a neng a ya go nna kwa Rhodesia o gompieno a bidiwang Zimbabwe. Balete ba ne ba thibeletse kwa Polokwane le kwa Madikwe ko bogosi bo ne ba fetesediwang mo go Kgosi Tlase, Kgosi Maphalaole o ne a letlelela morwa rragwagwe o mosalang morago go tswara se tlhopha se segolo sa morafe wa Balete mme se sa baka gore a latlhegelwe ke bogosi. Dikgotla mo Ramotswa di akaretsa: kgotla ya Goontsa ba e leng babusi ba Mandebele a Transvall, kgotla ya Kgosing e bogosi bo neng ba fudugela ko go yone gotswa ko Goontsa, Kgotla ya Tshielong, Goonare, Goomoeng le Kgotla ya Gookobua. Balete ba ne ba reka moraka mme ba kopana le Batlokwa ka ngwaga wa 1929 go dira kampa ya dipoo. Moraka o ke one o ne wa dirisiwa go rua dipoo go godisa leruo la bone.

Motsana wa Taung o leng gaufi le Ramotswa o ne o dirisiwa ke Balete jaaka masimo go lema dijwalo, mo godimo ga moo motsana wa Taung o ne a dirisiwa e le maemelo a diterena kgotsa kotoisi go thusa banna baba neng ba bereka mo meepong ya Aferika Borwa go kgona go ya tirong le go boela gae. Maemelo a diterena kgotsa Kotoisi a ne a bidiwa Ramotswa Station mme gone go na le banna ba Barotsi ba berekela mo maemelong a. Banna ba Barotsi ba ne ba tserwe ko Bokone jwa Rhodesia o gompieno a bidiwang Zambia. Banna ba Barotsi ba ne ba bua sekgoa mme se sene se dira gore ba kgona go utlwana le go dirisanya le makgoa, se sene se ba neela maemo a kwa godimo go na le merafe e mengwe mo karolong ya Borwa jwa Aferika.

Dipego di bua gore malwapa a Balete ne ba batla banna ba Barotsi ba nyala bana ba bone ba basadi gore ba kgone go nna le sebaka kgotsa monyetla wa go ja dijo tsa sekgoa jaaka rice tse Barotsi ba neng ba dija. Barotsi ba ne ba nyala basadi ba Balete mme ba ikagela metsana mo Taung gautswane le maemelo a diterena a Balete. Metsana e neng ya Bopiwa ke Banna ba Barotsi ba ba nyetseng basadi ba Balete e ne ya gola mme ya feletsa e le bonno jwa sennela ruri, kgolo ya bonno e ne ya dira gore motse o fetolwe leina go o bitsa Taung. Leina la Taung le tserwe mo nokeng e fetisetsang metsi mo lefelo le go tswa kwa Mogobane. Ke leina le legologolo le le rayang noka, morafe wa Bazezuru o ne wa tswa Lobatse o ne wa ikgolaganya le morafe wa Barotsi moragonyana.

Otse: Balete ba ba neng ba tswa Aferika Borwa ba i le ba thibelela kwa Otse. Otse o ne a bidiwa Letsekela ka mabaka a motswedi wa metsi go tsweng mo lentsweng, go ne jaana go na le letamo gautshwane le sekolo se sebotlana. Otse ka tlholego e ne le moraka mme moragonyana a fetoga go nna maemelo a diterena. Lefelo le ne le tletse ka merafe e farologaneng e a karetsa Mandebele a Transvaal, Bahurutshe, Baherero, Bakaa, Batswapong le Baxhosa. Makgoa a ne a bitsa Otse bare Otsi. Ka fa tlase ga bogosi jwa ga Kgosi Baitlotli go ne go na le batho ba le bantsi thata mo kgotleng ya Ntlha ya godimo, se se ne sa pateletsa kgotla go sutisetswa kwa Ntlha ya tlase go thusa mo kgodisong ya motse le go thusa go o ketsa dipalo tsa dikgotla. Kgosi Maletenyane II o ne a tsaya bogosi mo go rragwe. Ngwana wa gagwe wa mosimane o ne a bitswa Israel kgotsa Tsoorre o ne a tsena mo bogosi morago ga gore rragwe a tlhokafale. Kgosi Israel o ne a berekela ko Aferika Borwa mme o ne a tsisiwa mo gae go tla go busa go simologa ka dingwaga tsa 1964 go ya ka 1999. Ngwana wa gagwe ebong Rre Ronald Tsetse o ne a tsaya bogosi go fitlhelela ka ngwaga wa 2005 fa a tlhokafala. Ka ngwaga wa 2006, morwarragwe Ronald Tsetse e bong Mothusi Tsetse o ne a tsaya bogosi. Kgotla e kgolwane e bitswa gotwe Maletenyane mme go na le dikgotlana di le supa.

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "Population and Housing Census 2022:Population of Cities, Town and Villages". Statistics Botswana. 2022-06-03. Retrieved 2022-06-07.