Mpumalanga

Go tswa ko Wikipedia
Mpumalanga
Flag of Mpumalanga
Motto(s): 
Omnia labor vincit (Labour will conquer all)
Mmepe wa Mpumalanga, ka bohibidu
Mmepe o o bontshang profense ya Mpumalanga, Aferika Borwa
NagaSouth Africa Aforika Borwa
E Tlhamilwe27 Moranang 1994
MoshateNelspruit
Toropo-kgoloNelspruit
Dikarolwana
Government
 • TypeParliamentary system
 • TonakgoloRefilwe Mtsweni
Area
[1]:9
 • Palo gotlhe76,495 km2 (29,535 sq mi)
Highest elevation
2,331 m (7,648 ft)
Ditlhopha tsa Batho
[1]:21
 • Bantsho90.7%
 • Basweu7.5%
 • MaKhalathi0.9%
 • MaIndia0.7%
Maleme
[1]:25
 • Seswati27.7%
 • Sezulu24.1%
 • Sesotho sa Leboa9.3%
 • Sendebele10.1%
 • Setsonga10.4%
Time zoneUTC+2 (SAST)
ISO 3166 codeZA-MP
Websitewww.mpumalanga.gov.za

Mpumalanga ke nngwe ya diporofinsi mo Aforika Borwa. Leina la kgaolo e le ne la fetloga go tsweng kwa go Eastern Transvaal ka kgwedi ya Phatwe a tlhola masome a mabedi le bone ka ngwaga wa 1995, ke kgaolo e e mo Aforika Borwa. Leina la lefelo le lone ka boripana le raya "kwa letsatsi le tlhabang teng" ka teme ya Seswati, Sethosa, Setebele gape le Sezulu. Mpumalanga o ikaegile kwa botlhaba jwa Aforika Borwa, mo bokone jwa KwaZulu-Natal gape o boe o aga molelwane le lefatsheng la Swaziland le Mozambique. E akaretsa selekanyo sa 6.5% sa lefatshe la Aferika Borwa. Mo bokone e aga molelwane kwa Limpopo, mme mo bophiri ke Gauteng, mme mo bokone bophirima ke Free State mme gape kwa bokone ke KwaZulu-Natal. Toropokgolo ya teng e bidiwa Nelspruit (mme gompieno e fetlotswe leina go nna Mbombela). Mme ka ngwaga wa 1994, Mpumalanga e kile ya bo e le bontlha bongwe jwa kgaolo ya Transvaal Province.

Popego ya lefatshe[fetola | Fetola Motswedi]

Drakensberg ke ene yo o kgaoganyang Mpumalanga ka matlhakore a le mabedi ebong bontlha jo bongwe jwa bophirima jo bo tetseng bojang jo bontsi bo ikadile ka mo go kgatlhisang gape lefatshe le bo le tsholetsegela fa godimo mme gape mo letlhakoreng la botlhaba go fologela tlase bojang mme bo se bontsi mo kalo mme teng fa go nale diphologolo tse di mefutla tse di anameng le tikologo gape di e kgabisa. Bontlha jwa borwa jwa lefelo la diphologolo la Kruger National Park bo bonwa teng mo kgaolong. Thaba ya Drakensberg e fetla boleele jwa selekanyo sa 2000 m mo mafelong a le mantsi bogoljang mo bogare jwa kgaolo ya Mpumalanga e e leng yone e tlwaelesegile ka ditlhaba tse dintsi.[2]

Bojanala[fetola | Fetola Motswedi]

Mpumalanga gape o tumile ka go itsege e le lefelo la bojanala. Kruger National Park, ke lefelo le sireletsang diphologolo le le simolodisitsweng ka ngwaga wa 1898 maikaelelo e le go sireletsa le gone go tlhokomela diphologolo tsa naga, lefelo le le botona jwa selekanyo sa dikhilomethara square di le 20,000 (7,700 sq mi), mme ebile le itsege lefatshe ka bophara Kruger National Park.[3]

Dipuo le dipalo tsa batho[fetola | Fetola Motswedi]

Palo ya batho e ka tshwara 30% ba bua Seswati, teme ya batho ba lefatshe la Swaziland ka gore ba bapile fela thata, ba le 26% bone ba bua puo ya Sezulu, 10.3% Setebele, 10,2% Northern Sotho sa kwa bokone le 11,6% yone e bua Setsonga.

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. 1.0 1.1 1.2 Census 2011: Census in brief. Pretoria: Statistics South Africa. 2012. ISBN 9780621413885. Archived from the original (PDF) on 2018-12-25. Retrieved 2016-04-19.
  2. http://en.wikipedia.org/wiki/Drakensberg
  3. http://en.wikipedia.org/wiki/Kruger_National_Park

Dikgoge tsa kwa ntle[fetola | Fetola Motswedi]

Mpumalanga_Tourism

Diporofinsi mo Aforika Borwa
Foreistata | Gauteng | Kapa Bokone | Kapa Bophirima
KwaZulu-Natal | Kapa Botlhaba | Limpopo | Mpumalanga | Bokone Bophirima