Nnaniki Wilhemina Tebogo Makwinja

Go tswa ko Wikipedia

Nnaniki Wilhemina Tebogo Makwinja ke modiri wa tsa sepolotiki yo neng a direla mo National Asembly of Botswana go simolola ka 2019. Ke leloko la Botswana Democratic Party e le kemedi ya kgaolo ya Lentsweletau Mmopane. Makwinja o ne a direla gape ele mothusa tona wa Thuto go simolola ka 2019.

Botshelo jwa gagwe[fetola | Fetola Motswedi]

Makwinja o tsene ko sekolong sa University of Essex kwa England, dikrii ya thutoloago le leano la loago ka ngwaga wa 1986. [1] Fa a fetsa kwa sekolong, o ne a simolola go bereka mo karolong ya tsamaiso ya ditlamelo tsa batho mo Botswana. Ka 1986, o ne a nna mmereki wa tsamaiso ya ditlamelo tsa batho kwa Debwana Mining Company, kgabagare a nna motsamaisi wa kompone wa tsa ditirelo tsa ditlhaeletsano le tlhabololo ya badiri. Morago ga go bereka le dikompone tse di farologaneng ka dingwaga tsa bo 2000, ga mmogo le maemo a gagwe ele tlhogo ya lephata la ditlamelo tsa batho ko sepateleng, Makwinja o ne a nna motshwarelela CEO wa Botswana Investment and Trade Centre ka 2012. Ka 2014, o ne a simolola go bereka kwa lephateng la ditlamelo tsa batho kwa komponing e e bidiwang Leadex Consulting.[2][3]

Leloko la Botswana Democratic Party, Makwinja a bereka gape le National Assembly of Botswana ka nako ya 2014 election. o ne a bereka gape mo kgaolong Gabane-Mmankgodi. Le fa go ntse jalo, o ne a fengwa mo ditlhophong tsa party primary. O ne a tsenelela ditlhopho tsa bopalamente gape mo go tsa 2019 election, o ne a emetse tsa kgaola ya Lentsweletau-Mmopane. Le fa ne palo ya ditlhopho tsa ntlha e ne e supa fa a latlhegelwa ko go yo ne a phadisanya le ene Vincent Seretse ka ditlhopho tse masome a mane le botlhano, Makwinja o ne a ntsha kopo ya gore di balwe gape, a supa fa ne go nale ditlolamolao "irregularities". O ne a itsisiwe fa ele wena mofenyi wa ditlhopho tsa pele morago ga gore go balwe gape [4][5] Mkwinja o ne a fenya ditlhopho tsa kakaretso, a fenya ba neng a phadisanya le bone ba le bararo ka ditlhopho tse 11,600, yo neng a phadisanya le ene a le gaufi le ene. moemedi wa Umbrella for Democratic Change o ne a bone ditlhopho tse 5,320[6]. Ene ele monwe wa basadi mo go ba bararo ba ba neng ba tlhopjiwa ele mo tona mo ditlhophong tsa 2019.[7]

Morago ga go tlhophiwa, Makwinja o ne a tlhomiwa ele mothusa tona ya thuto ke Toutona Mokgweetsi Masisi.[8] Mo tirong eno, o tlhokometse Botswana's primary and secondary education systems. O ne a lebagana le dikgwetlho di le mmalwa ka nako ya fa a ale mo tirong, go akaretsa le go runya ga bolwetse jwa "mass hysteria" ko sekolong sa Salajwe ka ngwaga wa 2019, [9] tlhaelo ya dibuka tsa go ithuta ka 2021, [10] le phetogo ya tsamaiso ya dithutho mo lefatsheng. [11] Makwinja gape ke mmueledi wa digitization[12]

Fa ale mo palamenteng, Makwinja ne ele mmueledi wa Asian Investment go tsena mo Botswana, a rotloetsa tshimologo ya ditshimo tse di dirwang ke MaChina di le ka fa tlase ga tlhokomelo ya gagwe mo kgaolong, [13][14] a eme nokeng Japanese Partnership mo lekalaneng la Botswana Network on Ethics, Law le lenaneo la HIV/AIDS .[15] Ke morotloetsi mogolo mo go lwantsheng kgokgontsho ya basadi mo Botswana [./Https://www.botswana.emb-japan.go.jp/files/100348808.pdf violence against women], ga mmogo le mathata a boitsholo, kgokgontsho ya bong ke yone e e eteletseng pele mo kwelotlase ya go ntsheng maduo mo go tse di siameng. Ka ngwag a 2022, e ne ele monwe wa dibui mo thuto seka dipuisano e neng e rulagantswe ke ba United Nations Population Fund le ba Southern African Development Community go tokafatsa sexual and reproductive health and rights.[16]

Makwinja ke mongwe wa baemedi ba Botswana kwa Inter- Parliamentary Union, a direla mo Committee on Middle East Questions[17]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. Makwinja, Nnaniki (2013). "Dear Class". Academia.edu. Retrieved April 20, 2024.
  2. "Archive copy" (PDF). Archived from the original (PDF) on 2023-05-19. Retrieved 2024-04-20.{{cite web}}: CS1 maint: archived copy as title (link)
  3. https://guardiansun.co.bw/News/bitc-struggling-to-secure-ceoBotswana Guardian Sun. 2012-12-07. Retrieved 2024-04-20.
  4. Selatlhwa, Innocent (2018-09-10). "Makwinja Savours Sweet Victory". Mmegi. Retrieved 2024-04-20.
  5. "Lentsweletau-Mmopane". Parliament of Botswana. Archived from the original on December 7, 2021. Retrieved April 20, 2024.
  6. Report to the Minister for Presidential Affairs, Governance and Public Administration on the 2019 General Elections (PDF). Independent Electoral Commission Botswana. 2019. p. 44.
  7. "Botswana's Political Field is Bereft of Women – IEC". The Botswana Gazette. 2020-08-27. Retrieved 2024-04-20.
  8. Magosi, Elias M. (2019). "Press Release: Cabinet Appointments" (PDF). Government of Botswana. Retrieved April 20, 2024.
  9. "Botswana battles outbreak of rare mass hysteria disease". Club of Mozambique. January 22, 2020. Retrieved 2024-04-20.
  10. Ramadubu, Dikarabo (February 11, 2021). "MoBE blames students for shortage of books". Botswana Guardian. Retrieved May 19, 2023 – via PressReader
  11. "Curriculum reform is envisaged to be implemented in 2021". The Parrot News Online. 2019-12-02. Retrieved 2024-04-20.
  12. "CSEdBotswana Lays Foundation for Botswana's Reset Agenda and Digitization Strategy". University of Botswana. April 30, 2023. Retrieved 2024-04-20.
  13. "Ambassador Wang Xuefeng Attends Warm Winter Charity Donation". Embassy of the People's Republic of China in the Republic of Botswana. May 20, 2021. Retrieved 2024-04-20.
  14. "Petani China dorong masyarakat Botswana tanam pokok kelor" [Chinese farmers encourage the people of Botswana to plant moringa trees]. Media Permata (in Malay). 2021-06-01. Retrieved 2024-04-20.
  15. "Ambassador of Japan to Botswana Officially Hands Over Community Legal Service Centre to BONELA" (PDF). Embassy of Japan in Botswana. May 25, 2022. Retrieved April 20, 2024.
  16. Rabasimane, Priscilla (July 5, 2022). "Parliamentarians Reaffirm Commitment to Advancing SRHR for those furthest left behind | United Nations in Botswana". United Nations Population Fund. Retrieved 2024-04-20.
  17. "Celebrating 10 women MPs who are active on IPU committees". Inter-Parliamentary Union. March 2, 2023. Retrieved April 20, 2024.