Samantha Poxinos

Go tswa ko Wikipedia

Samantha Poxinos (O tshotswe Firikgong a tlhola malatsi ale mabedi 1988) ke motshameki wa tsa gothuma mo Botswana a itebagantse le mabelo a makhutshwane a metsi.[1] O ne a nna motshameki wantlha go gaisana ko 2008 summer olympics anale John Kamyuka abo anne motho wamme wantlha go tshololetsa flaga ya lefatshe ko godimo ko opening ceremony.One a gaisana mo makgaolakgang a boraro mme asela Olivia Aya Nakitanda wa Uganda Morago ka sebaka sa sephatlo sa motsotso se seneng sa mopadisa gatela ko mkgaolakgang.

Ka ga ene[fetola | Fetola Motswedi]

Paxinos one a rutiwa gothuma ke Darrell Morton atsena sekolo sa gagwe gotloga ale dingwaga dile boroba-bongwe. K a nako eo, gothuma mo lefatheng la botswana gon e gosa tuma.Ko motsubong was ngwaga w1990 Morton one a ikopanya lkeba Botswana National Sports Council go simolosa lekgotla la gothuma. Gone ga bopiwa Botswana Swimming Sports Asscociation, sekolo sa Darrell Morton sa bula ka 1999.Sekolo seatologile gonna le bathumi bale makgolo ale boroba-bongwe.[2] Samantha o katisiwa ke Allison La Grange.

Paxinos o gaisane mo 2007 All-Africa Games ko Algeria, o gaisana gape ko Sub-Sahara championships ko Malawi le ko World Championships ko Mancherster ka 2008.[3]

2008 Summer Olympics[fetola | Fetola Motswedi]

Paxinos one a amogela taletso ya batho botlhe gotswa ko go ba FINA go tla go gaisana ele ene moemedi wa Botswana wa setlhopha sa bomme ale esi mo kgaisanong ya 50m freestyle ko 2008 summer Olympics ko Beijing. Ke ene motho wa mme wa bobedi go gaisana koo gotswa mo Botswana wabobedi eleng Amantle Montsho wa loebelo le le nang ledi kgoreletsi.Tona wa banana,metshameko le ngwao wa nako eo Gladys Kokorwe one a tlhalosa fa a tshwenyegile ka palo tsedi kotlase tsa basadi mo go tsa metshameko. Paxios one a bua are " gonale nako ekeneg ke sa ipone kele motshameki wa diolimpiki,mme ke itumeletse thata gobo ke buseditswe mo setlhopheng,gompieno kea tshwenyega kagore ga se dikgaisanyo tse di motlhofo mme gape ke motlotlo go tswa ke ya go emela lefatshe lame."[4]Erile a gaisana mo makgaolakgang a lebelo la baba bonako ane agatela pele mme a feletsa a gaisitswe ke Olivia Aya Nakitanda wa Uganda ka motsotswana. Paxinos one a palelwa ke go gatela pele ko makgaolakhanyeng mme a felela mo maemong a masome ale bosupa gotswa mo go ale masome ale boroba-bongwe.[5]

Ditshupo[fetola | Fetola Motswedi]

  1. Evans, Hilary; Gjerde, Arild; Heijmans, Jeroen; Mallon, Bill; et al. "Samantha Paxinos". Olympics at Sports-Reference.com. Sports Reference LLC. Archived from the original on 18 April 2020. Retrieved 3 December 2012.
  2. "History". Darrell Morton School of Swimming. Retrieved 29 October 2016.
  3. "Paxinos ready for Olympics challenge". Mmegi. 25 July 2008. Retrieved 20 October 2012.
  4. "Paxinos ready for Olympics challenge". Mmegi. 25 July 2008. Retrieved 20 October 2012.
  5. "Swimming: Women's 50m Freestyle Heat 3". Beijing 2008. NBC Olympics. Archived from the original on 21 August 2012. Retrieved 24 December 2012.