Sirikan Charoensiri

Go tswa ko Wikipedia
Sirikan Charoensiri
Tsalo1986
Yasothon, Thailand
LetsoThailand
ThutoTriam Udom Suksa School
Thammasat University
Tirolawyer

Sirikan Charoensiri ke mmueledi wa ditshwanelo tsa batho kwa Thailand, tshotswe kwa ngwaga wa 1986, o itsege gape ka leina la June Charoensiri. O bereka le babueledi ba Thai Lawyers for Human Rights (TLHR) mme ebile ke moemedi wa balwela ditshwanelo ba baithuti ba le elesome le bone go tswa kwa New Democray Movement (NDM). O itemogetse tlhorontsho le matshosetsi, ga mmogo le di tshekiso tse di tsamaelanang le tiro ya gagwe ya go lwela ditshwanelo go tswa mo babusing ba kwa Thailand. Ke mmueledi wa ntlha wa mo Thai go ka atlholelwa go batla go thankgola puso, a atlholwa ke ramasole wa koo.

Thuto[fetola | Fetola Motswedi]

Sirikan Charoensiri o tsholetswe kwa Thailand ka ngwaga wa 1986,[1] o godiseditswe kwa Yasothon, kwa kgaolong ya Yasothon. O tsene sekolo kwa Triam Udom Suska High School,[2] a ya go tsena sekolo sa molao sa Thammasat University se a alogileng kwa go sone ka ngwaga wa 2009.[3] Morago ga go fetsa dithuto tsa gagwe tsa degree, Charonsiri o ne a fetsa ithutelo tiro ya kwa International Commission of Jurists, mme a yago bereka le ba Association for the Prevention of Torture le American Bar Association on the prevention of Torture dingwaga di le pedi. Ka ngwaga wa 2013, o ne a ikwadisetsa go dira master of laws kwa University of Essex go ithutela molao wa ditshwanelo tsa batho wa mafatshefatshe.[4]

Tiro[fetola | Fetola Motswedi]

Sirikan Charoensiri wa kwa Thailand a na le Melania Trump kwa dietseleng tsa International Women of Courage Awards ka ngwaga wa 2018

Morago ga go fetsa dithuto tsa gagwe tsa masters in Law, Charonsiri o ne a boela go bereka kwa International Commission of Jurists. Ka nako ya thankgolo ya puso ya ngwaga wa 2014, o ne a bona go tlhokafala gore go simolodisiwe lekalana le le tla berekang le dikgang tsa molao, ka babueledi ba ne ba kganelwa go kopana le batho ba ba ba buelelang, masole a tshwara batho ntle le mekwalo ya taolo, a ba tlhatlhela ba sena melato kwa mafelong a sephiri. Lekgotla la Thai Lawyers for Human Rights, ba le simolotse e le lefelo le le thusang batho ka dikgakololo, mme morago la tloga la atolosiwa go nna setlhopha sa babueledi ba ditshwanelo tsa batho, le tlamelwa ka dithuso tsa ditlhopha tsa babueledi tsa mafatshefatshe go bereka mo dikgannyeng tsa tsuololo ya ditshwanelo tsa batho.[2][3]


Ka ngwaga wa 2015, Charonsiri o ne a kgona go golola mmegadikgang wa dinepe Anthony Kwan Hok-chun wa Initium Media organization go tswa kwa Hong Kong. Kwan o neng a ile Thailand go bega ka go thuntshiwa ka dibomo kwa Erawan Shrine, o ne a ile ka dilwana tsa tshireletso di akaretsa jekete le helemete, a sa itse gore dilo tseo di laolwa ke molao wa Thai wa dibetsa. O ne a tshwarwa fa a ne a leka go boela kwa Hong Kong mme bukana ya gagwe ya mosepele ya tsewa mo go ene.[5][6]


Ngwaga yone eo, baithuti ba le lesome le bone ba ba neng ba dirile dipopelelo ba ne ba tshwarwa ka Seetebosigo ngwaga wa 2015, mme ba lebisiwa molato wa go batla go thankgola puso. Charoensiri le babueledi ba bangwe ba ba neng ba emetse baithuti ba, ba ne ba ema kgatlhanong le gore baithuti ba ne ba sekisediwa kwa kgotlatshekelong ya sesole.[7] Dikgwedi tse supa morago ga go tshwarwa ga baithuti, Charoensiri o ne a lebisiwa molato wa go gana go obamela molao le go fitlha bosupi. Molato o o simologile fa a sena go amogela mogala wa lotheka mo mongweng o a neng a mo emetse, mme a o baya mo koloing ya gagwe.[2] Letsatsi le le latelang, o ne a kwalela kgotlatshekelo lokwalo lwa ngongora kgatlhanong le mapodisi ka ba ne ba tsaya koloi ya gagwe gore ba batlisise mme e se ka fa molaong.[8] Kgang e e ne ya baka gore a okelediwe melato ya go tlhoka go bua boammaruri ka mapodisi.[9][10]


Morago ga go tsenela phuthego ya masome a mararo le boraro ya United Nations Human Rights Council kwa Geneva, Charoensiri o ne a tshwarelwa melato e mengwe ya go nna kgatlhanong le puso le go batla go thankgola puso.[11][12] E ne e le lantlha mmueledi a lebisiwa molato wa go thankgola puso ke ramasole, selo se se neng sa baka kgaruru mo makgotleng a mafatshefatshe a ditshwanelo tsa batho.[13][14]


Ka kgwedi ya Motsheganong e le malatsi a le lesome le boferabongwe ngwaga wa 2017, Sirikan Charoensiri o ne a neelwa seetsele sa bone sa L4L-Award kwa Amsterdam kwa lefatsheng la Netherlands. Seetsele se o ne e ase neelwa ke mmueledi wa kwa Columbia Jorge Molano, o neng a se fentse ka ngwaga wa 2015. E ne e le lantlha seetsele se se fenngwa ke mosadi.[15]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "ค้นรถทนายความ '14นศ.' ตามหมายศาลอาญา" [Search of the cars of "the 14"'s lawyers in the Criminal Court]. Bangkok Post (in Thai). Bangkok, Thailand. 27 June 2015. Archived from the original on 28 June 2015. Retrieved 11 December 2016.
  2. 2.0 2.1 2.2 Chanwanpen, Kasamakorn (20 March 2016). "Young Lawyer Sirikan Charoensiri Finds Herself Being Prosecuted After Representing the New Democracy Movement". The Sunday Nation. Bangkok, Thailand. Retrieved 11 December 2016.
  3. 3.0 3.1 วรรลยางกูร, วจนา; พุกสุข, พิมพ์ชนก (20 February 2016). "เมื่อทนายถูกตั้งข้อหา…ศิริกาญจน์ เจริญศิริ "ถ้าสิ้นหวังคงเป็นนักกฎหมายไม่ได้"" [When she was charged...Ms. Sirikan Charoensiri was asked "If a lawyer is not hopeless."] (in Thai). Bangkok, Thailand: The Matichon Online. Archived from the original on 23 February 2016. Retrieved 11 December 2016.
  4. 5th Human Rights in Asia Conference (PDF). The Human Rights in Asia Conference 2013. Colchester, Essex, England: University of Essex. 7 June 2013. p. 17. Archived from the original (PDF) on 11 December 2016. Retrieved 11 December 2016.
  5. Lee, Danny (7 September 2015). "Hong Kong photojournalist detained in Thailand for allegedly carrying bulletproof vest has passport returned". South China Morning Post. Hong Kong. Archived from the original on 5 November 2015. Retrieved 11 December 2016.
  6. "Hong Kong photographer to face trial in Thailand". The Guardian. London, England. 12 October 2015. Archived from the original on 30 July 2016. Retrieved 11 December 2016.
  7. Fernquest, Jon (30 June 2015). "Student protests: UN, EU slam charges against students". Bangkok Post. Bangkok, Thailand. Retrieved 11 December 2016.
  8. "Human rights lawyer accused of defying police order | Prachatai English". Prachatai. Bangkok, Thailand. 2 February 2016. Archived from the original on 7 October 2016. Retrieved 2016-12-08.
  9. "Police press charges against human rights lawyer for defying their orders | Prachatai English". Prachatai. Bangkok, Thailand. 13 May 2016. Archived from the original on 16 May 2016. Retrieved 2016-12-08.
  10. "ทนายความศูนย์ทนายความเพื่อสิทธิมนุษยชน รับทราบข้อกล่าวหาโดยเจ้าหน้าที่ตำรวจ" [Allegations by the police for Attorney of Lawyers for Human Rights Centre] (in Thai). Washington, D. C.: Benar News. Radio Free Asia. 13 May 2016. Archived from the original on 11 December 2016. Retrieved 11 December 2016.
  11. "Embattled human rights lawyer accused of sedition | Prachatai English". Prachatai. Bangkok, Thailand. 28 September 2016. Archived from the original on 11 December 2016. Retrieved 2016-12-08.
  12. Chanwanpen, Kasamakorn (23 October 2016). "Human rights lawyer charged with sedition". The Sunday Nation. Bangkok, Thailand. Archived from the original on 11 December 2016. Retrieved 11 December 2016.
  13. "Drop sedition charge" (PDF). Arab Times. No. 16287. Al Shuwaikh, Al Asimah, Kuwait. 25 October 2016. p. 15. Archived from the original (PDF) on 11 December 2016. Retrieved 11 December 2016.
  14. "Amnesty campaigns against unfair trial of Thai human rights lawyer". The Nation. Bangkok, Thailand. Deutsche Presse-Agentur. 15 November 2016. Archived from the original on 16 November 2016. Retrieved 11 December 2016.
  15. ‘The Voice of Rights’, about lawyers and freedom of expression