Tumalano ya pele ga lenyalo

Go tswa ko Wikipedia

Tumalano ya pele ga lenyalo ke tumalano ee kwadilweng ee tsenggwang ke banyalani pele ga lenyalo e e ba letalng go itlhopela le go laola ditshwanelo tsa semolap tse nnang le tsone fa ba nyalana, le se se diragalang fa lenyalo la bone le fela ka loso kgotsa tlhalo. Banyalani ba dira tumalano e e kwadilweng pele ga lenyalo e e emisitsang melao e mentsi ya lenyalo e e neng e tla dira fa go ka direga gore ba tlhalane, e e jaaka melao e e laolang go kgaoganngwa ga dithoto, madi a go tlamela molekane wa lenyalo ka go dumalana ka maemo a a tlhomamisang le go tlhalosa ditshwanelo tsa bone tsa lenyalo. Tumalano ya pele ga lenyalo gape e ka nna ya bo e na le ditshiamelo tsa tshwanelo ya molekane yo o santseng a tshela ya go batla karolo e e tlhophilweng ya boswa jwa molekane yo o suleng.