72 Anniversary Min Buri Stadium

Go tswa ko Wikipedia

72 Anniversary Min Buri Stadium kana Charlem Phrakiat Min Buri Stadium ke lebala la metshameko mo Min Buri mo toropong ya Bangkok mo Thailand, lele dirisediwang metshameko yotlhe. Lebala le le agilwe go ipelelwa segopotso sa dingwaga dile masome a supa le bobedi tsa matsalo a kgosi Bhumobil Adulyadej, ke ka moo leina la lefelo le. Mo bogompienong le dirisediwa thata metshameko ya kgwele ya dinao gape ene ele   legae la metshameko la setlhopha sa Thai Honda. Lebala le le tshola batho ba selekanyo sa dikete di le lesome  (10,000). Lena le manno a matona a  mabedi a motlhatlaganyane ole mongwe ntlheng tsotlhe. Gagona phatlha mo ntlheng tsotlhe tsa lebala, manno ale mangwe ke one anang le borulelo; morulelo wa sebopego sa cantilever yoo tshwanang le mokgabisa o motona wa koloi ya Formula One.[1] Manno a, ana le ditilo tse dikhibidu tsedi kafa teng ga marulelo mme lebala lotlhe gale na ditilo.[1]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. ศูนย์กีฬาฉลิมพระเกียรติ 72 พรรษา". bangkokgis.com. Retrieved 20 February 2019.