Abortion in Botswana

Go tswa ko Wikipedia

Tshenyo ya boimana mo Botswana e letlelesega hela mo molaong fa ele gore botshelo jwa mme bo mo diphatseng, fa boimana bo tsenya mosadi mo diphatseng mo mmeleng le mo tlhaloganyong kgotsa ha ele maduo a petelelo kana tlhakanelo dikobo le wa losika[1]. Mo Botswana tshenyo ya boimana ee fitlhelelang ditshetlana tse e tshwanetse ya dirwa mo dibekeng tsa ntlha tse di lesome le boratarotsa boimana mo sepateleng sa goromente ebile e leteletswe ke dingaka tsa mmele di le pedi[1].

Ditlamorago tsa melao e e thibelang Tshenyo ya boimana[fetola | Fetola Motswedi]

Lentswa bomme mo Botswana ba lemogiwa ba na le tshono e ntsi ya go ka bona ditlamelo tsa tshenyo ya boimana mo Aforika yo borwa ja Sahara ka lebaka la dikgoreletsego tse, bontsi jwa bone ba santse ba ithophela tshenyo ya boimana ee sa babalesegang le e e itirelwang mme se se bake dintsho tsa pelegi[1].

Ditlamorago mo Loagong le Setso[fetola | Fetola Motswedi]

Mo Botswana, malwapa a mantsi a santse a setse tlwaelo ya lobola e ka yone banna ba duelang ba lelwapa la mosadi gore ba kgone go mo tsaa jaaka ngwetsi[2]. Se se tsisitse tsholofelo ya gore borre ba duetse ebile ba tsaa mebele ya basadi jaaka ya bone, go akaretsa le ditshwanelo tsa bone fa go tla mo go tsa tsalo[2]. Le ntswa se se baka boimana ka ntlha ya tlhakanalo dikobo e e sa dumalanwang, dipatela le dikokelwana ga di dumalane le tshenyo ya boimana ee amang dikgang tsa banyalani ele lebaka ka jaana ditumelo tsa ngwao di supa fa banna ba na le tshwanelo ya go tsaa ditshwetso ka mebele ya basadi ba bone[2].

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. 1.0 1.1 1.2 Abortion Policies: Afghanistan to France. United Nations Publications. 2001. ISBN 9789211513653. Retrieved 21 Phalane 2023
  2. 2.0 2.1 2.2 Smith, Stephanie S. (Dec 2013). "Reproductive health and the question of abortion in Botswana: a review". African Journal of Reproductive Health. 17 (4). Retrieved 21 Phalane 2023.