Jump to content

Achola Pala

Go tswa ko Wikipedia
Achola Pala
Tsalo
Martha Achola Pala

Bondo, Kenya
Maina amangweAchola Pala Okeyo, Achola O. Pala
TiroSociologist
Dingwaga tsa a le mo tirong1977–present

Achola Pala ke moitsanape wa ditso tsa batho, loago le melawana ya tsa bomme kwa lefatshenng la Kenya. O tshotse kwa motseng wa bophirima jwa lefatshe la Kenya, mme one a fetsa dithuto tsa sagwe kwa mmadikolo wa University of East Africa le Harvard. O ne a bereka ele matlisisi kwa mmadikolo wa Nairobi mme morago a bereka ele moeteledipele wa dipatlisiso tsa maranyane kwa International Centre of Insect Physiology and Ecology. O ne a amilwe ke kgothatso ya bomme le seabe sa melawana ya puso mmo go bomme, mme a tshwaragana le mafapha a le mantsi a United Nations yaaka UNESCO, UNICEF, United Nations University, le World Food Council pele a nna mogolwane wa Africa Section ya UINEF. O kile a tsaya karolo mo dikopanonong tsa mafatshe dile malwa tsa bo bomme go akeretsa wa ngwaga wa 1980, 1985 le wa 1995. O kile a bereka le Esther Jonathan Wandeka go bona kemonokeng ya puso ya bokopano jwa ngwaga wa 1985 jo bo neng bo tshwaretswe kwa Nairobi mme a nna le seabe sa go simololola molelo wa kgolagano kwa bokopanomg jwa ngwaga wa 1995 kwa lefatsheng la Beijing.

Pala e ne ele mongwe wa barutegi ba bomme ba ba neng ba simolola mokgatlho wa bomme wa African Women for Research and Development (AAWORD) ka ngwaga wa 1977 to rotloetsa dithuto le di patlisiso tsa bomme mo tsa African Women ka African Women. O ne a boa gape a nna mongwe ba bathami ba mokgatlho Development Alternatives with Women For New Era (DAWN) ee neng e thamile ka ngwaga wa 1984 go on rotloetsa tirisano mmogo mo go bomme ka dithutego go ralala Global South. mo lefatsheng la kenya. Ke mme wa mosigi wa tema o o botlhale kwa lefatsheng la Kenya a itsege thata ka go rotloetsa thotloetso ya dithuto mo Aforika. Dipatlisiso tsa gatwe di ne di seka seka ditlamorago tsa melawana ya puso mo go bomme mme a gatelela botlhokwa jwa go letlelela bomme gore ba kgone go tsaya karolo mo go thameng melawana e e rarabololang ebile e ikaegileng le dilo tse di tlang pele le mop lefatsheng le ditsong tsa bone. Ka nako e aneng ele mogolwane wa UNIFEM mo Aforika, o ne a kgona go tsenya mo tirisong molawana o o neng o batla gore mananeo otlhe a etelelwe pele ke bomme ba Aforika mo ofising ya mokgatlho ya Kenya.