Jump to content

Alí Chumacero

Go tswa ko Wikipedia

Alí Chumacero Lora (9 Phukwi 1918 - 22 Phalane 2010) e ne e le mmoki wa kwa Mexico, moranodi, motshwayadiphetogo wa dibuka le morulaganyi. E ne e le leloko la Mexican Academy of Language.

Botshelo jwa gagwe[fetola | Fetola Motswedi]

Alí Chumacero Lora o tshotswe ka Phukwi 9,ka ngwaga wa 1918, kwa Acaponeta, kwa Nayarit. Lelapa la gaabo le ne la fudugela kwa Guadalajara, kwa Chumacero a neng a ithuta teng go tloga kwa sekolong sa poraemari go ya kwa sekolong se segolwane. Ka ngwaga 1937 o ne a ya kwa Mexico City a ikaeletse go ithuta Philosophy le Literature kwa UNAM, mme o ne a sa kgone go ikwadisa ka bonako ka gonne a ne a paletswe ke dithuto dingwe kwa sekolong se segolo. O ne a nna le mmangwane mme a nna mo kamoreng le batho ba le bane, mme a dirisa nako eo go bala le go batlisisa toropo.[1]

Ka ngwaga wa 1940, fa a ne a ithuta kwa yunibesithing, o ne a tlhoma makasine wa Tierra Nueva, mmogo le Jorge González Durán, Leopoldo Zea y José Luis Martínez, o o neng wa nna o ntse o phasaladiwa go fitlha ka 1942. Mo kgatisong eno bakwadi ba ne ba leka go lekalekanya go itlhaganela ga dibuka tsa segompieno le go gagamala ga dithuto tsa dibuka tsa akatemi.[2]

O nyetse Lourdes Gómez Luna ka ngwaga 1949 mme ba nna le bana ba le batlhano.[3]

O ne a tlhokafala kwa Mexico City ka ntlha ya nyumonia ka ngwaga wa 2010, a na le dingwaga di le 92.

Tiro[fetola | Fetola Motswedi]

Fa gare ga ngwaga wa 1952 le ngwaga wa1953, Chumacero o ne a amogela dibasari kwa Colegio de México le kwa Setheong sa Bakwadi sa Mexico. O ne a nna leloko la Mexican Academy of Language ka 1964. E ne e le motsamaisi wa Fondo de Cultura Económica.[4]

O ne a dira jaaka morulaganyi wa dipampiri tse di farologaneng, a simolola jaaka morulaganyi wa makasine wa Tierra Nueva go tloga ka ngwaga wa 1940 go fitlha ka ngwaga wa 1942 mme a tswelela go rulaganya Letras de México, El Hijo Pródigo le La cultura en México (tlaleletso ya setso ya makwalodikgang a Mexico Novedades le Ovaciones

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. Ponce, Armando; Vargas, Rafael. "Alí Chumacero: "Nadie me leyó"" (in Spanish). Revista Proceso. Archived from the original on 20 August 2020. Retrieved 20 August 2020.[1]
  2. Martínez, José Luis (12 October 2018). "Generación de Tierra Nueva". Enciclopedia de la Literatura en México. Fundación para las Letras Mexicanas. Archived from the original on 2020-08-20. Retrieved 2020-08-20.[2]
  3. Ruiz, Bernardo (July 2018). "Recuerdo de Alí Chumacero" (PDF). Revista Casa del Tiempo. V (52). Universidad Autónoma Metropolitana: 13–20. ISSN 2448-5446. Archived from the original (PDF) on 22 August 2020.
  4. "Alí Chumacero". Academia Mexicana de la Lengua. Archived from the original on 2020-08-21. Retrieved 2020-08-21.[3]