Jump to content

Amel Majri

Go tswa ko Wikipedia
Amel Majri
Majri with Lyon in 2019
Motshameki wa kgwele ya dinao
Leina ka botlalo Amel Majri[1]
Letsatsi la tsalo (1993-01-25) 25 January 1993 (age 31)
Lefelo la tsalo Monastir, Tunisia
Bolele 1.64 m (5 ft 5 in)[2]
Maemo Winger, left-back
Club information
Current team
Lyon
Number 7
Tiro ya gagwe*
Dingwaga Setlhopha Metsh (Dinno)
2007–2010 Lyon B 21 (5)
2010– Lyon 183 (56)
Setlhopha sa setshaba
2012 Tunisia U20
2014 France U23 2 (0)
2014– France 74 (11)
*Metshameko ya gagwe le dinno, correct as of 24 April 2024
‡ National team caps and goals, correct as of 28 February 2024

Amel Majri (yo o tshotsweng ka Firikgong a le masome mabedi le botlhano ka 1993) ke motshameki wa kgwele ya dinao e e porofeshionale yo o tshamekang ka fa letlhakoreng kana kwa morago mo molemeng kwa setlhopheng sa Division 1 Féminine sa Lyon le setlhopha sa setshaba sa Fora.[3][4] Le Lyon, o fentse bommampodi ja league makgetlho a le lesome le boraro le bommampodi ja UEFA Champions League makgetlho a ferabobedi.

A tsholetswe kwa Tunisia, Majri o fudugetse kwa France a sale monyennyane. O tshameketse ditlhopha tsa Tunisia U20 le France U23 pele a dira tshameko ya gagwe ya ntlha le setlhopha se segolo sa France ka 2014.

Botshelo ja pele[fetola | Fetola Motswedi]

Majri o tsholetswe kwa Monastir, Tunisia mme a fudugela kwa France a le ngwaga ga mmogo le lewelana la gagwe, Rachida,le mmaagwe, Hafsia. Ba itshetlela kwa Vénissieux lefelo la bonno la Minguettes, le le kwa toropong e e kwa ntle ya Lyon. O boela Tunisia selemo sengwe le sengwe.[5]

O simolotse go tshameka kgwele ya dinao kwa Tunisia a le dingwaga tse nne le malomaagwe. O ne a tlhokotsa botsipa ja gagwe ka go dirisa dibolo tsa thenese ebile o ne a fetsa dilemo tsa gagwe kwa matshitshing a lewatle a Tunisia a tshameka kgwele ya dinao ya letshitshi. Kwa France, o ne a tshameka metshameko ya five-a-side le basimane mo tikologong ya gagwe go fitlhela a nna dingwaga tse lesome le bobedi, le kwa sekolong. Fa a mmona kwa matshamekelong a sekolo, morutabana wa gagwe wa sekolo se sebotlana a gatelela gore a ye kwa setlhopheng, selo se kwa ntlheng Majri a neng a le kgatlhanong naso. Fa go ntse go ya, a ya kwa l'AS Minguettes kwa e neng e le ene mosetsana fela mo setlhopheng. Dingwaga tse pedi moragonyana, a tsewa ke Lyon a le dingwaga tse lesome le bone.[6]

Botshelo ja gagwe[fetola | Fetola Motswedi]

Majri ke mo Moslem. O nyetswe ka 2012.[7]

Majri o ne a tshola morwadie, Maryam ka Phukwi wa 2022. Majri o boetse go tshameka kgwele ya dinao ka Sedimonthole wa 2022, dikgwedi tse tlhano a seo abo a nna mme wa ntlha wa boditshabatshaba wa fora go tla tirong ka ngwana yo monnye.[8] O ne a tla ka morwadie kwa ikatisong kwa Clairefontaine pele ga sejana sa lefatshe sa 2023.[9]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "FIFA Women's World Cup France 2019 List of Players" (PDF). fifa.com. Archived from the original (PDF) on 2019-06-06. Retrieved 2020-03-23.
  2. 2015 World Cup
  3. Profile in Lyon's web
  4. Profile Archived 22 June 2019 at the Wayback Machine in UEFA's website
  5. "Amel Majri : "ado, je savais que je devais en faire deux fois plus que les mecs"" (in French). Paris Match. 20 July 2018. Retrieved 13 March 2020.
  6. "Mondial féminin : Tunisie, Minguettes et jumelles...Aux origines d'Amel Majri" (in French). Le Parisien. 26 June 2019. Retrieved 13 March 2020.
  7. "Amel Majri : "ado, je savais que je devais en faire deux fois plus que les mecs"" (in French). Paris Match. 20 July 2018. Retrieved 13 March 2020.
  8. "Majri talks motherhood, Renard and World Cup hopes". FIFA+. 22 July 2023. Retrieved 31 August 2023.
  9. Jucobin, Raphaël (4 April 2023). "FRANCE LEFT-BACK AMEL MAJRI BRINGS HER BABY DAUGHTER TO NATIONAL TEAM SET-UP". Get French Football News. Archived from the original on 11 April 2023. Retrieved 31 August 2023.