Anna Mokgethi
Anna Maria Mokgethi ke Mme wa Motswana yoo mo polotiking, o simolotse go direla mo lephateng la Merero ya Setshaba, Boagedi le Tsa Bong ka kgwedi ya Lwetse 2019.[1] Ke mopalamente yoo emetseng kgaolong ya bokone jwa Bonnington mo Gaborone. Mme Mokgethi ke leloko la Botswana Democratic Party.[2]
| Anna Mokgethi | |
|---|---|
| Minister of Nationality, Immigration and Gender Affairs | |
| President | Mokgweetsi Masisi |
| Pele Ga Gagwe | Dorcas Makgato-Malesu |
| Morago Ga Gagwe | Pius Mokgware |
| Member of the National Assembly for Gaborone Bonnington North | |
| Pele Ga Gagwe | Duma Boko |
| Morago Ga Gagwe | Maipelo Mophuting |
| Ka Ga Ena | |
| Mosetshaba wa | Motswana |
| Mokgatlho | Botswana Democratic Party |
| Bana | Sasa Klaas |
Tsa Sepolotiki
[fetola | Fetola Motswedi]Mokgethi o simologile ele leloko la Botswana Congress Party, pele a tlogela a ya go ikgolaganya le Botswana Democratic Party.[3][4] Pele ga ditlhopho tsa 2019, o ne a tlhopiwa ele moemedi wa kgaolong ya bokone jwa Bonnington.[5] One a fenya ka tsedidi Mogolwane wa kganetso Duma Gideon Boko ka kgwedi ya Phatwe e tlhola malatsi a le masome a mabedi le boraro, a sena go iponela tlhopo tse dikete tse tlharo le masome a mararo le boraro gona le tsa ga Boko tse di sekete makgolo a roba bobedi masome a matlhano le bongwe.[6] o ne a ikanisiwa ele moemedi wa palamente ka kgwedi ya Lwetse a tlhola malatsi ale matlhano 2019.
Ka kgwedi ya Lwetse e tlhola malatsi ale marataro 2019, Tautona Mokgweetsi Masisi one a tlhoma Mme Mokgethi mo lephateng la Merero ya Setshaba, Boagedi le Tsa Bong.[7] O ne a ikantshiwa abo a tlhatlhama Mme Dorcas Makgato-malesu tsatsi lone leo.
Botshelo jwa gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Morwadie wa gagwe, Sarona Motlhagodi, yo o itsegeng ka tsa pereko ele Sasa Klass, o tlhokafetse kgwedi ya Mopitlo e tlhola malatsi a le marataro 2021 mo kotsing ya sefofane sa thootomo.[8]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ PRESS RELEASE: CABINET APPOINTMENTS, ELIAS M. MAGOSI. retrieved 26/10/2022
- ↑ Basimanebotlhe, Tsaone (16 August 2019). "Mokgethi runs on little more than credibility". Mmegi Online. Retrieved 9 October 2023
- ↑ "Saleshando defends the BCP against Anna Mokgethi". tsena.co.bw. Retrieved 5 September 2020
- ↑ Reporter, Sun (19 September 2016). "Farewell, Annah, but stop lying - Saleshando". Guardian Sun. Retrieved 9 October 2023.
- ↑ Basimanebotlhe, Tsaone (16 August 2019). "Mokgethi runs on little more than credibility". Mmegi Online. Retrieved 5 September 2020
- ↑ Tau, Poloko (27 October 2019). "'No time to celebrate' – Masisi after landslide victory in Botswana elections". City Press. Retrieved 5 September 2020.
- ↑ "New cabinet". Botswana Daily News. 6 November 2019. Archived from the original on 8 November 2019. Retrieved 5 September 2020
- ↑ Tlhankane, Mompati (6 March 2021). "Sad day for Botswana music: Sasa Klaas dies at 27". Mmegi Online. Retrieved 7 March 2021