Jump to content

Anne Ceridwen Rees

Go tswa ko Wikipedia

Anne Ceridwen Rees (Phukwi 9, 1874 – Phalane 19, 1905) e ne ele mme wa letso la Welsh-American, yo ene ele ngaka, a direla kwa teropong ya New Jersey.

Ann Ceridwen Rees
1905 Portrait of Ann Ceridwen Rees
Tsalo(1874-07-09)Phukwi 9, 1874
LesoDiphalane 19, 1905(1905-10-19) (aged 31)
Scientific career
FieldsFamily medicine

Botshelo jwa gagwe ko tshimologong[fetola | Fetola Motswedi]

Mme Rees o tsholetswe kwa Pentregwenlais, Carmarthenshire kwa Wales ka ngwaga wa Phukwi a le borobabongwe, ka ngwaga wa 1874. Batsadi ba gagwe ene ele Edwin and Mary e. Rees; Mmagwe o ne a itsiwe mo go tsa dibuka le padi jaaka Dyffrynferch[1]. O ne a tsena sekolo kwa Gwynfryn Academy, kwa a ne a ithuta le Watcyn Wyn. Ka ngwaga wa 1892, o ne a fudugela Amerika go ithutela tsa bo ngaka kwa Woman's Medical College, kwa New York Infirmary. A fetsa ka thuto ya gagwe, a fiwa setlankana sa Doctor of Medicine ka ngwaga wa 1898[2].

Pereko[fetola | Fetola Motswedi]

Mme Rees o ne a nna le nna le malomagwe le mmamalomagwe, a felela a agile kokelwana kwa Union Hill, New Jersey, ka nako ya gagwe e e khutshwane ya botshelo jaa gagwe. Tiro ya gagwe e ne ya fiwa ele lebaka la leso la gagwe ka gore o ne a e bereke mo go fetang selekanyo, a batla go thusa batho, mme mmele wa gagwe wa felela o nna bokoa[1].

Botshelo le Leso la gagwe[fetola | Fetola Motswedi]

Mme Rees o ne a tlhokafala ka ntlha ya bolwetse jwa pneumonia, ka lesome le borobabongwe, Phalane ka ngwaga wa 1905, a Nale dingwaga di le 31 hela[3]. Phitlho ya gagwe ene ya tshwarwa dipuo tsa se Welsh le Sekgoa (English)[1] kwa New Jersey. Poko ka puo ya se Welsh e bidiwa "Ann", ele ya gatisiwa go gakologelwa Mme Anne Ceridwen Rees, ka ngwaga wa 1906[4].

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. D. R. Lewis, "The Late Ann e C. Rees, M.D. (Ceridwen)" The Cambrian 25(12)(December 1905): 543-544.
  2. WOMEN DOCTORS GRADUATE.; Robert Olyphant Confers Degress on Eighteen New Physicians. New York Times (May 27, 1898): 7.
  3. "Obituary Notes" Medical Record (W. Wood 1905): 745.
  4. G., "Ann" Cymru: cylchgrawn misol i ymdrin â hanes, llenyddiaeth cân, celf ac addysg Cymru 31(183)(October 1906): 169.
  1. 1.0 1.1 1.2 https://books.google.co.bw/books?id=hHkOAQAAMAAJ&dq=Dr.+Anne+Ceridwen+Rees&pg=PA543&redir_esc=y#v=onepage&q=Dr.%20Anne%20Ceridwen%20Rees&f=false
  2. https://www.nytimes.com/1898/05/27/archives/women-doctors-graduate-robert-olyphant-confers-degress-on-eighteen.html
  3. https://books.google.co.bw/books?id=W8M-AQAAMAAJ&dq=Dr.+Anne+Ceridwen+Rees&pg=PA745&redir_esc=y#v=onepage&q=Dr.%20Anne%20Ceridwen%20Rees&f=false
  4. https://books.google.co.bw/books?id=5NAGAAAAYAAJ&dq=Anne+Ceridwen+Rees&pg=PA169&redir_esc=y#v=onepage&q&f=false