Art Donovan

Go tswa ko Wikipedia

Arthur James Donovan Jr. (Seetebosigo a tlhola ga tlhano, 1924-Phatwe a tlhola gane, 2013), a teilwe leina la matshamekwane la "the Bulldog", e ne e le motshameki wa pele wa kgwele ya seAmerika (football) yo a tshamekang kwa morago (defensive tackle) mo ditlhopheng di le tharo tsa National Football League (NFL), bogolo thata jang kwa Baltimore Colts. O ne a tsenngwa mo Pro Football Hall of Fame ka 1968.

Botshelo jwa pele[fetola | Fetola Motswedi]

Art Donovan, o tshotswe ka Seetebosigo a tlhola ga tlhano, 1924,[1] e ne e le ngwana wa ga Arthur Donovan Sr., motshereganyi wa mabole, le ngwana-wa-ngwana wa ga motlhatlheldi mogolo Professor Mike Donovan, mmampodi wa lefatshe wa mabole mo middleweight ka dingwaga tsa bo 1870.

Art o ne a tsena sekolo kwa Mount Saint Michael Academy kwa Bronx. O ne a fiwa scholarship go ya kwa University of Notre Dame ka 1942 mme a tlogela mo setlheng sa ntlha a ya go nna lesole la United States Marine Corps, a tsena ka Moranang wa 1943. O dirile dingwaga di le nne, go balelwa tiro mo Pacific Theatre ka ntwa ya lefatshe ya bobedi (World War II). O tsere karolo mo ditiragalong tse di maswe tsa kgotlhang eo jaaka Battle of Luzon le Battle of Iwo Jima. O dirile gape e le motlhatlhedi wa marumo mo tlhobolong ya 40 mm mo sekepeng se se rwalang difofane sa USS San Jacinto le gape e le leloko la 3rd Marine Division. O ne a fiwa ditlotla tse di akaretsang Asiatic-Pacific Campaign Medal le Philippine Liberation Medal, o ne a iponna phatlha kwa U.S. Marine Corps Sports Hall of Fame, e le motshameki wa ntlha wa kgwele ya seAmerika go fiwa tlotla e o. Fa ntwa e fela a ya go fetsa tiro ya gagwe ya mmadikole kwa Boston College.

Tiro ya gagwe ya Kgwele[fetola | Fetola Motswedi]

Mo ditlheng tsotlhe tsa gagwe tse tharo tsa ntlha, Donovan o tshameketse setlhopha se se ileng sa tswa mo kgwebong. O simolotse kwa ntlheng le Baltimore Colts, e e neng ya wa ka setlha sa gagwe a le mosha ka 1950, sa latelwa ke New York Yanks ka 1951, le se se neng sa se tlhatlhama, sa Dallas Texans, ka 1952. Morago ga ditlhopha tsa Texans di wa, bontsi jwa batshameki ba ne ba fudugela kwa Baltimore fa Colts e fiwa maemo a masha e le setlhopha ka 1953 sa bo se fetoga Baltimore Colts ya bobedi, Donovan o tshamekile mo setlhopheng seo. O ne a nna mongwe wa dinaledi mo lemoragong le le neng le tsabakela mme a tlhophiwa go ya kwa Pro Bowl tse tlhano ka go tlhomagana, go tswa ka 1953 go ema ka 1957. Colts e ne ya fenya bommampodi jo bo tlhomaganeng ka 1958 le 1959. O ne a tsenngwa mo Pro Football Hall of Fame ka 1968[2]

Mo nakong ya tiro ya gagwe, Donovan o tshamekile mo ba le bantsi ba dumelang e le motshameko wa botlhokwa go gaisa mo ditsong tsa NFL, motshameko wa 1958 NFL Championship Game fa gare ga Colts le New York Giants.[3] Kgaisano magareng ga ditlhopha tseo e diragetse ka Sedimonthole a le masome mabedi le boferabobedi ka 1958, mme ya felela ka maleka a 17-17. Ka e ne e le motshameko wa bommampodi, o ne wa ya kwa nakong e e okeditsweng, e le motshameko wa ntlha wa NFL go dira jalo. O lebeletswe ke batho ba le didikadike di le masome mane mo setshwantshong sa motshikhinyego sa lefatshe, motshameko o o o ne wa felela o itsege ka "greatest game ever played." Donovan o ne a dira kgoreletso ya botlhokwa mo koketsong nako eo, a emisa Giants mme a letelela Johnny Unitas go isa Colt mo kgogong ya dikgato tse masome a ferabongwe go fenya motshameko o o. Donovan e ne e le mongwe wa batshameki ba le lesome le bobedi ba Hall of Fame go tsaa karolo, bale barataro ba tswa kwa Colts.[3]

Tiro ya fa a feditse go tshameka[fetola | Fetola Motswedi]

Donovan ka 2010

O ne a kwala buka ka botshelo jwa gagwe e bidiwa, Fatso, ka 1987. O ne a lemogiwa e le motho yo o tetseng dinyao thata ka nako ya tiro ya gagwe ya go tshameka ebile a supa seo thata mo thelebishining le fa a kopilwe go tla go buisa batho fa a sena go tlogela tiro ya go tshameka. O ne e le mo nnga ebile a tsamaisa country club gaufi le Baltimore. Donovan o iponagaditse nako di le lesome mo Late Night with David Letterman, a bolella dipolelo tse ditshegisang ka dinako tsa gagwe a santse a tshameka le ka batshameki bangwe ba kgwele ba a neng a tshameka le bone le kgatlhanong nabo ka nako tsa gagwe. O ne a bua polelo ya fa a tshameka a sa rwala lekarapa ebile o supiwa mo dikarateng tsa kgwele a sa rwala lekarapa. Letterman o ne a apere jeresi ya Colts ya nomore ya 70 ya ga Donovan mo ipapatsong ya Super Bowl XLI a na le Oprah Winfrey le Jay Leno.[4] Donovan gape o iponagaditse gantsinyana kwa The Tonight Show Starring Johnny Carson.[5][6]

Donovan o tlhageletse e le moeng mo setshwantshong tsa motshikhinyego sa Nickelodeon sa The Adventures of Pete & Pete mo karolong ya "Space, Geeks, and Johnny Unitas". Gape o ne a tlhagelela e le mogasi wa moeng mo WWF King of the Ring tournament ka 1994.[7] Go iponantsa ga ga Donovan kwa moletlong o o go ne ga tuma thata mo barating ba motshameko wa wrestling ka a ne a bonala a sa itse sepe ka yone ebile a makadiwa ke boitshwaro jwa teng a e tla a botsa gantsi gore batshameki ba bangwe ba wrestling ba bokete jo bo kafe.[8] O ne a kopana le Gorilla Monsoon mo go gaseng metshameko, yo ileng a bitsa Donovan a re ke "Art O'Donnell", le Randy Savage.[8]

O ne a tshwaraganela go gasa setshwantsho sa 1990s sa Braase, Donovan, Davis and Fans mo WJZ-TV kwa Baltimore a na le motshameki ka ene wa Colt Ordell Braase. Boraro joo bone ba bua thata ka dinyao tsa ga Art Donovan go na le motshameko NFL wa nako yeo, mme setshwantsho se se ne se nale tebelelo e e ko godimo mo nakong ye e neng e tsena ka yone. O ne gape e le ralebala (pitchman) kwa Maryland State Lottery le ESPN.[citation needed]

Dikatlego[fetola | Fetola Motswedi]

  • O tshamekile ditlha tse lesome le bobedi, metshameko e le lekgolo le masome a mararo le boferabobedi
  • O tlhophilwe ga tlhano ka tatelano go ya kwa Pro Bowl (1953–1957)
  • O tlhophilwe gane ka tatelano go ya kwa setlhopheng sa ntlha sa All-Pro (1954–1957)
  • Colt wa ntlha go tsena kwa Pro Football Hall of Fame (1968)
  • Leloko la 1958, 1959 ditshimega tsa NFL Baltimore Colts
  • O simolotse go tshamekela NFL le Baltimore e le mosha(rookie) a na le ngwaga tse masome mabedi le borataro (1950)
  • O kgopanetse kgaso ya WWF 1994 King of the Ring tiragalo ya pay-per-view
  • U.S. Marine Corps Sports Hall of Fame (2004)

Ka ga gagwe[fetola | Fetola Motswedi]

Donovan o ne a nyetse Dorothy Schaech wa pele, dingwaga tse masome a matlhano le bosupa. Go tswa ka 1995 o ne ele monnga ebile a tsamaisa Valley Country Club[9] kwa Towson, Maryland. Le fa e ne e le ene monnga lefelo leo, Donovan o ne a itsege ka go dira ditironyana mo club eo di akaretsa go penta le go berekang mo ntlong ya boapeelo, a tlhwatswa dipoto le dipane.[3]

Loso le boswa[fetola | Fetola Motswedi]

Donovan o tlhokafetse Phatwe a tlhola gane ka 2013, kwa Stella Maris Hospice kwa Baltimore a bolawa ke bolwetse jwa mahatlha (respiratory disease) a le dingwaga tse masome a robabobedi le boferabongwe.[10] Kwa tirelong ya phitlho e e neng e tshwaretswe kwa Cathedral of Mary our Queen kwa Baltimore, mme o ne a bolokwa kwa tirong ya sephiri kwa Dulaney Valley Memorial Gardens.[11] The Washington Post fa e bua ka Donovan e ne ya re:

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. Art Donovan, a Behemoth of Modesty, Dies at 89 [1] Douglas Martin. Retrieved 18/10/2023.
  2. Art Donovan, Pro Football Hall of Famer, dies at 88. [2] NFL.com. Retrieved 24/10/2023.
  3. 3.0 3.1 3.2 Schudel, Matt (August 7, 2013) "Colt a Hall of Famer on the field, a card off it" The Washington Post, page B6
  4. HALL OF FAME DT ART DONOVAN DEAD AT 89. [3] AP. Retrieved 24/10/2023.
  5. Art Donovan, Uncensored, on Tonight Show, April 12, 1990. [4] YouTube. Retrieved 24/10/2023.
  6. Art Donovan on the Tonight Show. [5] YouTube. Retrieved 24/10/2023.
  7. McNeill, Pat (2002). The Tables All Were Broken: McNeill's Take on the End of Professional Wrestling. iUniverse. p. 278. ISBN 0-595-22404-0.
  8. 8.0 8.1 Simon, Harry (August 4, 2013). "Classic Induction: Art Donovan – Man of a Thousand Questions. And They Were All "How Much Does This Guy Weigh?"". WrestleCrap. Retrieved
  9. Valley Country Club – Weddings In Maryland. [1] www.valleycountryclub.com. Retrieved 24/10/2023.
  10. Art Donovan, vocal ex-Colts defensive tackle, dies at 89 [6] The Baltimore Sun. Retrieved 24/10/2023.
  11. Klingaman, Mike (August 9, 2013) "Hundreds arrive for Art Donovan's Funeral at Cathedral of Mary our Queen" [7] The Baltimore Sun. Retrieved 24/10/2023.