Atsedeweine Tekle

Go tswa ko Wikipedia

Atsedeweine Tekle Riggio ke mmueledi le moitsaanape wa tsa melao wa lefatshe la Ethopia. Ke mme wa ntlha go nna Molaodi mo lefatsheng la gagwe, a direla Kgotla Tshekelo le Kgotla Tshekelo Kgolo. ya Ethopia

Go goleng ga gagwe le dithuto tsa gagwe[fetola | Fetola Motswedi]

Tekle o tsholetswe kwa toropo ya Asmara, Eritrea ( ne le itsiwe ka Federation of Ethopia and Eritrea nako ya teng) ka 28 Seetebosigo 1953. Ke mongwe wa bana ba basetsana ba le barataro mo lelwapeng la bana ba le supa. [1]Bana botlhe ba basetsana, ka kgothatso ya Rraabone, ba kgonne go hetsa ko sekolong sa ithutelo ditiro, selo se se neng se sa tlwaelega ka nako ya teng. Mme yo o heditse dithuto tsa gagwe tsa LLB ko Addis Ababa University ka 1978, ele mme wa ntlha go dira yalo.

Tiro[fetola | Fetola Motswedi]

Tekle o diretse lephata la tona ya ditseko a okametse tsamaiso ya lekgotla. Morago ga ngwaga tse tharo, o ne a nna Moladi wa Kgotla ya ditsheko, moragonyana a nna Molaodi Mogolo wa Kgotla Kgolo ya ditsheko. E ne ele mosadi wa ntlha go nna molaodi mo lefatsheng la gabo[2]. O tlogetse tiro ka mabaka a gore o ya go ipereka.

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. Mohammed, Nassir (15 August 2013). "Atsedeweine Tekle Riggio". Ethio Scoop. Archived from the original on 18 December 2017. Retrieved 31 December 2017.
  2. Ethiopian Women Lawyers Association (2001). Activity Report. Ethiopian Women Lawyers Association.