Jump to content

Baboloki Thebe

Go tswa ko Wikipedia
Baboloki Thebe

Baboloki Tirelo Thebe (18 Mopitlo 1997) ke motabogi wa motswana yoo gaisanang mo lebaleng mo mabelong a makhutshwane bogolo jang lebelong la dimmithara tse di makgolo a mane(400m). Ennile ene a gapang maemo a bobedi kwa dikgaisanong tsa mabelo a banana a  ngwaga wa 2014 mo lebelong la dimmithara tsedi makgolo mabedi.(200m).[1]

Oile a fitlhelela seka makgaolakgang mo  dikgaisanong tsa mabelo tsa mafatshe tsa banana ba ba dingwaga tse di fa gare, tsa ngwaga wa 2014. Oile a nna le phunyeletso ka ngwaga wa 2016 mo lebelong la dimmithara tse di makgolo mane ka nako ya  44.22 seconds, seo se mmaya mo maemong a boraro mo setlheng seo lefatshe ka bophara, mme ebile gape enna yo mongwe wa ba ba masome a mararo ba eleng dikgantshwane tsa nako tsotlhe mo kgaisanong e.[2] [3]O gaisane mo mabelong a setlha sa selemo  sa di olimpiki tsa 2016(2016 summer Olympics) [4]mme lebelo la gagwe le le ko godimo mo lebelong le ke 44:02 leo ale tabogileng ka kgwedi ya Phukwi ngwaga wa 2017.[5]

  1. Baboloki Thebe. IAAF. Retrieved on 2024-06-7
  2. Senior Outdoor 2016 400 Metres men. IAAF. Retrieved on 2024-06-7
  3. Senior Outdoor 400 Metres men All Time Best. IAAF. Retrieved on 2024-06-7
  4. THEBE Baboloki". Rio 2016. Archived from the original on 6 August 2016. Retrieved 7 June 2024
  5. "Tilastopaja Oy Track and field statistics"

Magokaganyi aa kwa Ntle

[fetola | Fetola Motswedi]