Bala Usman

Go tswa ko Wikipedia
Yusufu Bala Usman
Tsalo
Yusufu Bala Usman

1945
Leso24 Lwetse 2005(2005-09-24) (aged Tempolete:Age in years)
LetsoNigerian
Alma materAhmadu Bello University
TiroHistorian
Bana7, including Hadiza Bala Usman

Yusufu Bala Usman o tshotswe ka ngwaga wa 1945, a tlhokafala ka ngwaga wa 2005, kgwedi ya Lwetse e le malatsi a le masome a mabedi le bone. Ke mantswitswidi wa ditso ebile ke lepolotiki kwa Nigeria, ke mongwe wa baithuti ba ba agileng ditso tsa Nigeria.[1] Ke mosimolodi wa Centre for Democratic Development, Research and Training kwa Ahmadu Bello University kwa toropong ya Zaria.

Botshelo jwa gagwe[fetola | Fetola Motswedi]

Usman o tsholetswe kwa Musawa, kwa kgaolong ya Katsina, rragwe e ne ele Durbin wa kwa Katsina, morrwarragwe e le Usman Nagogo, rragwemogolo e le Sarking Katsina Muhammadu Dikko Dan Gidado, mme mmaagwe e le morwadia Abdullahi Bayero o kileng a nna moeteledipele kwa Kano. O tsene sekolo kwa Musawa Junior Primary School, a ya go tsena gape kwa Kankia Senior Primary School, Minna Senior Primary School le kwa Government College kwa Kaduna. [2]O ne a ya go tsweledisa dithuto kwa University Tutorial College le kwa University of Lancaster kwa a feleleditseng dithuto tsa gagwe tsa Ditso le maranyane a sepolotiki. O ne a boela kwa Nigeria ka ngwaga wa 1967 go nna morutabana kwa Barewa College kwa Zaria kwa a rutileng teng go fitlhelela ka 1971. Usman o simolotse dithuto tsa gagwe tsa morago go kalogo ka ngwaga wa 1970 kwa Ahmadu Bello University, kwa a alogileng teng ka PhD degree ka ngwaga wa 1974. O simolotse go rutuntsha teng ele morutuntshi wa nakwana pele ga a tlhatlhosiwa maemo go tlhomamisiwa.[3]


O nnile mokwaledi wa puso ya Kaduna ka nakwana ka nako ya Nigerian Second Republic, ka fa tlase ga puso ya ga Balarabe Musa.[4]

Tiro mo go tsa thuto[fetola | Fetola Motswedi]

Usman e ne ele motho o o botlhokwa thata gareng ga baitseanape ba ditso kwa Ahmadu Bello University,[5] ka fa a lebelelang ditso tsa Aforika ka teng go akaretsa go ema nokeng tiriso ya metswedi ya dipuo gammogo le metswedi ya marope le e e mo mokwalong. O ne a dumela gore metswedi yotlhe e kgona go tsaya lotlhakore, mme metswedi e e kwadilweng ke bakwadi ba kwa Europe ga e sekasikiwe mo go lekaneng, go tlhola gore a ga go na se se ntshitsweng kgotsa fa go feteleditsweng . Go ya ka ene moitseanape wa ditso ga a ka ke a kgaoganngwa le thuto gagwe.[6] Nngwe ya tshekatsheko e a e dirileng mo go kwaleng ditso tsa Aforika e akaretsa go kgala Heinrich Barth, o eleng mokwadi o o tlotlilweng mo batithung ba kwa bophirima, Usman o ne a akanya gore Barth o ne a itebagantse thata le popego le mekgwa ya ba a ne a ithuta ka bone,[7] golo mo a neng a dumela gore ke maduo a thotloetso ya ditso tsa go kwala ga batho ba Europe.

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. Vaughan, Olufemi. "Falola, Toyin, and Saheed Aderinto. 2010. Nigeria, Nationalism, and Writing History." Africa Today 58.2 (2011): 156+. Academic OneFile. Web. 24 Feb. 2016.
  2. Gwadabe, M.M. "IV Yusufu Bala Usman (1945-2005)." Africa 80.1 (2010): 165+. Academic OneFile. Web. 24 Feb. 2016.
  3. "Tribute to Dr". www.gamji.com. Retrieved 2020-05-30.
  4. "Aminu Kano, political change, and Northern Nigeria By Attahiru Bala Usman - Premium Times Nigeria". 2012-04-23. Retrieved 2020-05-27.
  5. Mamdani.(2012), p 88.
  6. Mamdani. (2012).,p 19
  7. Mamdani.(2012).,p 92