Barbara Mogae

Go tswa ko Wikipedia

Barbara Gemma Mogae ke mongwe wa batho ba seriti mo sechabeng sa Botswana gape ke lepolotoki. O diretse sechaba e le Mohumagadi Wa ga Tautona wa boraro go tloga 1998 to fitlha 2008. Ke mohumagadi wa ga tautona wa maloba Festus Mogae.

Ka ga gagwe[fetola | Fetola Motswedi]

Mogae o belegwe a bidiwa Barbara Gemma Modise. O nyalane le monna wa gagwe, Festus Mogae ka 1967[1]. Bobedi jo, bo na le bana ba basetsana ba le bararo ba ba tsetsweng magareng ga dingwaga tsa 1969 le 1987. Bone ke Nametso, Chedza le Boikaego[2].

Mohumagadi Wa Ntlha[fetola | Fetola Motswedi]

Barbara Mogae o dirile ele mohumagadi wa ntlha, mme ele wa boraro, ka ngwaga ya 1998 go tsena 2008.

Ditlhompho/Dikola[fetola | Fetola Motswedi]

E rile ka Lwetse ale masome a mabedi le boroba bongwe 2016, Mogae a tlotlomadiwa ka kabo ya Golden Jubilee Presidential Order of Honor ke tautona Ian Khama gore ke mongwe wa "Baagi Ba Botswana". Ba amogedi ba tlotla eo ba bangwe ba akaretsa monna wa gagwe Festus Mogae le ba ba lemogilweng morago ga leso: ba ba kileng ba nna bahumagadi bantlha Ruth Willams Khama le Gladays Olebile Masire, le bo tautona ba pele Seretse Khama le Quett Masire, le maloko a palamente ya ntlha a le masome a mabedi le borobabobedi.

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. Naidoo, Jay (4 April 2014). "A leader I would vote for: Botswana's former president Festus Mogae". Daily Maverick. Retrieved 23 June 2017
  2. Biography of His Excellency Festus Gontebanye Mogae, Former President of the Republic of Botswana" (PDF). African Development Bank. July 2008. Retrieved 23 June 2017.