Jump to content

Bay FC

Go tswa ko Wikipedia

Bay Football Club ke setlhopha sa kgwele ya dinao sa bomme sa Amerika se se leng kwa San Francisco Bay Area kwa California. Ba simolotse go tshameka mo National Women's Soccer League (NWSL) jaaka setlhopha se se atolositsweng mo setlheng sa 2024. Lebala la bone ke PayPal Park kwa San Jose, California, lebala le le kgethegileng la kgwele ya dinao le le nang le ditilo di le 18,000 tse gape e leng legae la San Jose Earthquakes ya Major League Soccer (MLS).

Setlhopha sa beng, se se eteletsweng pele ke setlamo sa dipeeletso sa Sixth Street Partners le batshameki ba le bane ba ba neng ba tshameka mo setlhopheng sa bosetshaba sa bomme sa United States, ba ne ba fiwa tetla ya go atolosa franchise ka Moranang a tlhola gane ka 2023. Ke setlhopha sa kgwele ya dinao sa bomme sa ntlha se se thailweng kwa Bay Area fa e sale San Jose CyberRays le FC Gold Pride, ba ba neng ba tshameka mo dikgaisanong tse di fetileng. Mookamedi-mogolo wa Sixth Street, Alan Waxman le motshameki wa maloba wa setlhopha sa bosetshaba Aly Wagner ba ne ba tlhophiwa go nna botautona-mmogo ba setlhopha.[1][2] Leina la setlhopha, Bay FC, le letshwao la sone di ne tsa begiwa Seetebosigo a rogwa ka 2023.[3]

Ditso[fetola | Fetola Motswedi]

San Francisco Bay Area e ne e kile ya nna legae la ditlhopha tse pedi tsa kgwele ya dinao tsa bomme: San Jose CyberRays ya Women's United Soccer Association le FC Gold of Women's Professional Soccer.[4]

Ka Seetebosigo a le masome mabedi le motso ka 2022, batshameki ba pele ba USWNT le ba setlhopha sa porofeshenale Brandi Chastain, Leslie Osborne, Danielle Slaton, le Aly Wagner ba ne ba itsise ka go tlhomiwa ga setlhopha se se bidiwang "NWSL to the Bay" se se neng se tla kgota NWSL go oketsa setlhopha sa bone kwa San Francisco Bay Area.[5][6] Maiteko a bone a go tlisa NWSL kwa Bay a simolotse ka 2020 fela fa Angel City kwa Los Angeles e sena go tlhamiwa ke bangwe ba batshamekammogo ba pele ba bone ba kwa USWNT. Ba ne ba dira mmogo le Jen Vescio, yo e leng motsamaisi wa tsa metshameko, tsa metswedi ya tshedimosetso le tsa botegeniki. Bomme bano ba batlhano ba ne ba bopa komiti e e neng e na le Tim Connors, Ward Bullard, le CJ Napolitano mme ba ne ba kgobokanya madi a go simolola go tswa mo setlhopheng se sennye sa babeeletsi. Ka Motsheganong wa 2021 ba ne ba tlisa David Aufhauser, motsamaisi yo mongwe wa metshameko, metswedi ya dikgang le thekenoloji, go etelela pele maiteko ano. Mmogo ba ne ba baakanyetsa go dira kopo ya setlhopha sa NWSL. Go ne go tla nna le ditlhopha tse dingwe tse di kgatlhegelang go dira tiro eno go tswa kwa ditoropong tse dingwe, go akaretsa Columbus, Ohio; Atlanta, Georgia; Austin, Texas; Cincinnati, Ohio; Toronto, Ontario; St. Louis, Missouri; le Nashville, Tennessee.[7]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. Hill, Glynn A. (April 4, 2023). "NWSL announces expansion to San Francisco Bay Area". The Washington Post. Retrieved June 1, 2023.
  2. Ingemi, Marisa (April 4, 2023). "Bay Area lands NWSL 2024 expansion team with largest investment in women's soccer". San Francisco Chronicle. Archived from the original on October 31, 2023. Retrieved June 1, 2023.
  3. "Bay FC Is Born: National Women's Soccer League Club Representing the Bay Area Unveils Name and Identity to Unite Northern California" (Press release). Bay FC. June 1, 2023. Archived from the original on January 17, 2024. Retrieved June 1, 2023.
  4. Simon, Alex (April 4, 2023). "Women's pro soccer to return to Bay Area as NWSL awards team to star-studded bid". The Mercury News. Archived from the original on June 1, 2023. Retrieved June 1, 2023.
  5. Linehan, Meg (June 21, 2022). "Chastain, Osborne, Slaton, Wagner making Bay Area NWSL expansion bid". The Athletic. Archived from the original on April 6, 2023. Retrieved April 19, 2023.
  6. Selbe, Nick (June 21, 2022). "Four Former U.S. Soccer Stars Hoping to Be Next in NWSL Expansion". Sports Illustrated. Archived from the original on April 19, 2023. Retrieved April 19, 2023.
  7. Kassouf, Jeff (June 30, 2022). "As expansion race heats up, NWSL faces tough questions about its future with Utah expected to join in 2024". ESPN. Archived from the original on April 6, 2023. Retrieved April 19, 2023.