Beata Kasale

Go tswa ko Wikipedia

Beata Botlhoko Kasale (24 May 1961 – 18 June 2018) ene ele mogatisi wa Botswana le mosimolodisi wa pampiri ya dikgang ya The Voice. A na le dingwaga di feta masome a mararo mo go tswa bobega-dikgang, Kasale o ne a simolodisa The Voice, e neng e itsege ka leina la The Francistowner Extra, ka ngwaga wa 1993 ana le Donald Laurence Moore kwa Francistown[1] mme o ne a tlwaelesegile thata ka go bidiwa "mma tsa-metswedi ya dikgang mo Botswana".[2]

Botshelo[fetola | Fetola Motswedi]

Kasale, o itsegeng thata ka AusB mo go tsa-metswedi ya dikgang, e ne e le mogakolodi wa ditogamaano wa lekgotlana la WAN-IFRA Women in News (WIN) fa le santse le le magorogo-masha, ele mothusa modulasetilo wa Botswana Media Consultative Council ebile gape e le leloko la Media Advisory Council. One gape ele molebeledi wa ditlhopho wa mafatshe a selekane (Commonwealth).[3]

Fa a eteletse pele pampiri ya The Voice, Kasale o ne a buelelela thata dikgang tsa bong le tekatekano mo dikantorong tsa dikgang tsa Botswana. Ka 2014, kwa World Editors Forum, o ne a kwala a re, "Basadi ba tshwanetse go iponatsa".

O berekile le makalana a le mantsinyana e le mmaditogamaano-mogolo, makalana a, a akaretsa International Media Women’s Foundation (IMWF), African Comprehensive HIV/AIDS Partnership (ACHAP), Commonwealth Secretariat, Commonwealth Press Union, Gender Links, Panos, Open Society Initiative (OSI), OSISA le AMARC.

Fa e le molwela ditshwanelo tsa setho, Kasale o ne a kopa puso ya Botswana go atumetsa Basarwa(San people) ba ba neng ba ikgatholositswe mo setshabeng sa Botswana ka kakaretso gore le bone ba kgone go akola meamuso ya lefatshe. Ka jalo ka 2010, tautona wa bone wa lefatshe la Botswana, Sir Seretse Khama Ian Khama, a abela Kasale tlotla ya Presidential Certificate of Honour a lemoga go tsenya letsogo ga gagwe mo tlhabologong ya Botswana ka tsa bobega-dikgang le go emela ditshwanelo tsa setho.[4]

Ka ngwaga wa 2001, o ne a gatisa lokwalo la bananya, le bidiwa The Treasure in the Garden le ba Heinemann kwa ga MmaMosadinyana (UK).[5]

Kasale o tlhokafetse ka makuku a letsatsi la Seetebosigo a le lesome le boferabobedi ka ngwaga wa 2018 morago ga go lwala bolwetse ja Sukiri ka lebaka le le leele kwa Bokamoso Private Hospital a le dingwaga di le masome a matlhano le bosupa.

Ngwaga morago ga fa a tlhokafala, ka ngwaga wa 2019, ba Y-Care Charitable Trust-mokgatlho wa bopelotlhomogi o a neng a o tshegetsa ka botswapelo- ba tlotla mmega-dikgang le mothusi yo wa batho ka go simolodisa Marokolwane 20 km Charity Walk ele mogwanto wa ngwaga le ngwaga, o baakodi ba one ba akaretsang, ga reng ga ba bangwe, motlobo wa dibuka wa sekolo se sebotlana sa Rasesa le Autism Botswana.[3][6]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. Bokhutlo, Emang (2021-09-28). "The Voice Newspaper founding editor dies » TheVoiceBW". TheVoiceBW. Retrieved 16/03/2024.
  2. Mbuya, Titus (2018-06-22). "Remembering soul sister, Beata Kasale". Mmegi Online. Retrieved 16/03/2024.
  3. 3.0 3.1 TheVoiceBW (2020-02-18). "Kasale-Kabango Spirit of Charity Lives On » TheVoiceBW". TheVoiceBW. Retrieved 18/03/2024.
  4. "Botswana Television (BTV) Negotiating Control and Cultural Production in a Globalising Context: A Political Economy of Media State Ownership in Africa" (PDF).
  5. Kasale, Beata (25 June 2001). The Treasure in the Garden (Junior African Writers) Paperback – June 25, 2001. ISBN 0435891901.
  6. Rankopo, Tumisang Dale (2020-02-24). "66th Y-Care pre walk at Marokolwane farms » TheVoiceBW". TheVoiceBW. Retrieved 18/03/2024.