Bethele

Go tswa ko Wikipedia

Bethele ke motsana o o fitlhelwang kwa Borolong le tshimo tsa barolong, o itsege ka Morolong. O supelwa ntlheng tsa tsela ya Lobatse Ramatlabama, o dikhilometara dile tlhano go tswa motseng wa Pitsane. Ntlheng le ditshingwana tsa barolong, ba ga Montshioa. Bethele o ageletse barolong, bahurutshe le batlhaping. Rrampudi waga Mopedi eleng ene wa ntlha go nna mo lefelong le, o ne ele Lehurutshi-moshaneng ka ntlha ya aparateiti.

MOTSE WA BETHELE[fetola | Fetola Motswedi]

Bethele o simolotse a bidiwa "KGORO", pele ga moo rre mongwe o neng a bidiwa "LETANE" o ne a tlhophiwele mogolwane kgotsa mookamedi yo o tla tsayang tshwetso ya go tlhopha leina kgotsa go fa metsana ya Barolong maina mme a ntsha leina are "BETHELE". Kgosi ya motse wa Bethele ke "RRE KGOSI FOFO MOTSHEGARE".

Banni ba Bethele ba bua teme ya mono gae, ba bua serolong. Motsana wa bethele o na le batho ba ka tshwara sekete mo go one. Banni ba itshetsa ka go loga ditotwana le ditilo tsa matlhaka mme ba direkisi mabapi fa toropong ya Lobatse kgotsa mo pitsane ka bophara. Themo thuo ke selo se banni ba remeletsenmg thata mo go sone ka se namola leuba ebile bontsi jwa barui ba lemela go jesa le leruo tota.

NGWAO LE ITSHETSO[fetola | Fetola Motswedi]

Barolong ba motse wa Bethele ba obamela ngwao ya bone ebile ba utlwa lefoko la kgosi kgolo e ba okametseng.Fela jaaka Banni ba Aforika borwa, bontsi jwa Barolong ba na le masika ko Aforika borwa ka jalo go na le Bethele ko Aforika borwa, bone ba bua teme ya "SEPEDI"

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]