Bhurhu kaKhawuta

Go tswa ko Wikipedia

Bhurhu ka Khawuta yo o tshotsweng ka 1785 mme a tlhokafala ka 1857, ene ele mogolowe Kgosi Hintsa le Malashe. Jaaka Hintsa ane a tshotswe ke mosadi waga Khawuta yo o motona, Hintsa one a tsaya bogosi jaga Khawuta. Bhurhu one ale motswa sethabelo mo dintweng tse Hintsa a neng a eteletse Maxhosa, ka ene ele kgosana ya mofafe wa Gcaleka. O nnile le seabe se segolo mo boeteleding pele jwa gaga Hintsa, jaaka ane a atle a tshwarelele bogosi.Bhurhu o tlhokafetse ka 1857, mme one a bolokelwa kwa Ngqamakwe, ngwana wa gagwe Mapasa yo oneng a eteletse lefelo le leneng le itsiwe jaaka Tutura kana go feta kgaolo eo ke ene oneng a tsaya maemo a bogosi.