Bibata Niandou Barry

Go tswa ko Wikipedia
Barry Bibata Niandou
TsaloMarch 2, 1955
LetsoNigerien
O itsegi kaNiger's minister for women

Bibata Niandou o itsegeng ka Madame Barry o tshotswe ka ngwaga wa 1955, ke molwela ditshwanelo wa mmueledi, o o neng a nna tona ya bomme kwa Niger ka nako ya puso ya ga Mamadou Tandja. Ke kgaitsadia Harouna Niandou o e leng lepolotiki, le Abdoulaye Niandou Souley o eleng ramaranyane wa tsa sepolotiki.

Botshelo jwa gagwe[fetola | Fetola Motswedi]

Niandou Barry o tshotswe ka ngwaga wa 1955,kgwedi ya Mopitlo e le tlhola malatsi a le mabedi, o tsene sekolo kwa Lycee Kassai kwa Niamey. O ne a tsweledisa dithuto tsa molao wa sechaba, mme a aloga ka ngwaga wa 1990. Ka ngwaga wa 1991 o ne a simolodisa lekgotla la babueledi ba bomme la Association des Femmes Juristes du Niger[1] kwa Niger. E ne ele lengwe la makgotla a a emeng ka dinao mo dikgangnyeng tsa ditshwanelo tsa bomme ka nako ya phetogo ya puso ya batho ka batho kwa Niger ka dingwaga tsa 1990, mme janong le eme nokeng bomme ba itsholelo e e kwa tlase fa ba sekisiwa.[2]

Ka dingwaga tsa 1990, kgaitsadia Niandou Barry Harouna Niandou o ne a nna tona kwa Niger.[3]


Tiro ya gagwe ya nakwana ya bothusa tautona jwa mmasepala wa Niamey go tswa ka ngwaga wa 2003 e ne e amogelesegile. O ne a rulagantse metshameko e e neng ya tsamaya sentle mme o ne a rolwa marapo mo tirong ngwaga e e latelang.[1]


Tautona Mamadou Tandja o ne a tlhopha Niandou Barry e le tona ya kokeletso maemo a bomme le tshireletso ya bana ka Seetebosigo a le malatsi a robabongwe ka ngwaga wa 2007 mo pusong ya gagwe.[4] Tautona Tandja o ne a tswelela go bereka e le tautona mo setlheng sa boraro, mo go leng kgatlhanong le molaomotheo, mme Niandou Barry a mo ema nokeng.[1] Se se ne se raya gore o ne a latlhegelwa ke maemo a o ka nako ya fa Tandja a ntshiwa mo setilong ngwaga o o latelang ke Salou Djibo. Adboulaye Souley Niandou o e leng kgaitsadie Niandou Barry o ne a le kgatlhanong le Barry, ka jalo a lebogiwa ka go neelwa tiro ya bo tona mme a tlhokafala mo dikgweding di le mmalwa.[5]


Niandou Barry o ne a tsweledisa tiro ya gagwe e le mmuledi kwa Niger.[1]


Ka ngwaga wa 2016, o ne a le mmueledi wa batho ba le supa ba ba neng ba eme nokeng Hama Amaduo. Ka Ngwanatsele ngwaga wa 2015, bosupa jo bo ne jwa kopana le Amadou kwa maemelong a difofane fa a boa kwa ntle ga lefatshe. Bosupa bo bo akaretsang Soumana Sanda bo ne jwa lebisiwa molato wa go kgoreletsa thokgamo le go fitlhelwa ka dibetsa. Ba ne ba ya tshekong ya sepolotiki ka Phukwi ngwaga wa 2016 mme botlhe ba atlholelwa dikgwedi di le lesome mo kgolegelong.[6]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. 1.0 1.1 1.2 1.3 Bibata Niandou Barry, Historical Dictionary of Niger↵By Abdourahmane Idrissa, Samuel Decalo
  2. Abdourahmane Idrissa; Samuel Decalo (1 June 2012). Historical Dictionary of Niger. Scarecrow Press. ISBN 978-0-8108-7090-1.
  3. Abdourahmane Idrissa; Samuel Decalo (1 June 2012). Historical Dictionary of Niger. Scarecrow Press. p. 337. ISBN 978-0-8108-7090-1.
  4. New government, Scoop.co.nz, Retrieved 1 October 2026
  5. Abdoulaye Souley Niandou, Historical Dictionary of Niger By Abdourahmane Idrissa, Samuel Decalo
  6. "Niger : la prison pour 7 opposants". BBC News Afrique (in French). 2016-07-13. Retrieved 2021-02-09.