Bob Young (motshameki yo o tlhaselang)

Go tswa ko Wikipedia

Tempolete:Infobox NFL biography Robert Allen Young (September 3, 1942 - June 17, 1995) e ne e le motshameki o tshamekileng dingwaga di le lesome le borataro mo liking e kgolwane ya America e bitswang ka leina la National Football League (NFL).

Tiro ya gagwe[fetola | Fetola Motswedi]

O simolotse tiro ya gagwe le Denver Broncos, a tshameka dipaka di le tlhano. Le fa go ntse jalo, o itsege thata ka tiro ya gagwe le St. Louis Cardinals, koo ene le batlhasedi ba bangwe ba Cardinal ba tlotliwang ka go tlisa go tsholetsa ditshipi/go tsholetsa ditlhatlhobo tsa segompieno mo tsamaisong ya katiso ya NFL. O ne a tlhophiwa gabedi go nna Pro Bowls (1978 le 1979) mme o ne a tlhophilwe gape mo setlhopheng sa ntlha sa All-Pro ka 1979. Young oile a tsena ko Howard Payne University. E ne e le mogolowe Doug Young yo e neng e le mmampodi wa lefatshe makgetho a le mararo mo powerlifting.[1]

Young o ne a tsaya karolo mo kgaisanong ya ntlha ya World's Strongest Man ka 1977, a fetsa a le mo maemong a bobedi, a latelana Bruce Wilhelm yo o tsholetsang ditshipi. O ile gape a fetsa mo maemong a botlhano mo World's Strongest Man ya 1979.

Botshelo jwa gagwe[fetola | Fetola Motswedi]

Young o tshotswe ka la 3 Setemere 1942, kwa Marshall, Texas, ke Richard le Laverne Young. O goletse kwa Brownwood, Texas koo a neng a tlhoma rekoto ya go betsa ka 1960(mo karolwaneng ya 4A). O ne a tshameka kgwele ya dinao kwa Yunibesithing ya Texas (1960) mme a fuduga ka 1961 go ya go nna gaufi le legae la gagwe (Howard Payne University).

Morago ga tiro ya gagwe ya pro, Young o ne a nna mokatisi wa USFL go tloga ka 1982 go fitlha ka 1986 e le mokatisi wa Houston Gamblers. O ne a nna mokatisi wa setlhopha sa go tlhasela kwa Yunibesithing ya Houston go tloga ka 1987 go fitlha ka 1989, le kwa Houston Oilers go tloga ka 1990 go fitlha ka 1995. O ne a itsege jaaka Bob, e le monna yo mmele o motona ebile a ne a rata dijo thata, go ijesa monate, go tshega le go dira metlae.  Gape e ne e le motho yo o ratang itluso boduto ya kontle mme ebile a rata gore fa a sa tshameke kgwele ya dinao a bo a tshameka kolofo le go tshwara ditlhapi. [<span title="This claim needs references to reliable sources. (April 2023)">citation needed</span>]

Bona gape[fetola | Fetola Motswedi]

  • Batshameki ba bangwe ba American Football League
  1. "www.stlsportshistory.com". Archived from the original on 2016-10-31. Retrieved 2013-01-06.