Bolwetse jwa Mogare wa Khorona 2019

Go tswa ko Wikipedia

Bolwetse jo boggle ba Khorona wa 2019 (COVID-19) ke bolwetse jo bo tshwaetsang motho ga a amana le mongwe yo o nang le mogare wa Khorona (Bolwetse Jwa Kgatelelo ya Mafatlha Jwa Mogare wa Khorona 2).[1] Mogare o, o anama ka ntlha ya kamano le motho yo o tshwaetsegileng, go ama didiriswa le mafelo a a tshwaetsegileng o bo o itshwara mo dinkong, matlho kampo molomo. Ka tlwaelo, mogare o tshwaetsana ka ntlha ya go thanyediwa ke marothodi a mowa wa motho yo o tshwaetsegileng ga a ethimola kampo a gotlhola. Mongwe le mongwe yo o leng bogaufi jo bo ka fa tlase ga dimitara di le 1.8 ga motho o a nang le mogare o a ethimola kampo a gotlhola a ka tshwaetsega. [2]

[fetola | Fetola Motswedi]

Mogare o o lemogilwe kwa Wuhan e e leng motse mošate wa Hubei kwa China fa ngwaga wa 2019 o ya kwa bokhutlong. Ka 11 Mopitlwe 2020, mokgatlho wa Lefatshe wa Pholo (WHO) o goeleditse fa bolwetse jono e le leroborobo. Leroborobo ke bolwetse jo bo anamang le dinaga tse dintsi tsa lefatshe.Mo nageng ya rona ya Aforika borwa e netefaditswe ko kgweding ya Sedimonthole ka ngwaga wa 2019, ke fa molwetsi wa ntlha go begiwa fa a tshwaeditse ke bolwetse joo jwa covidd 19.

Dinaga tse di amilweng ke mogare o, di nna le palo e e kwa godimo ya dintsho mme bo tsenya ditirelo tsa maokelo mo kgatelelong e boitshegang. Mokaedi-Kakaretso wa Mokgatlho wa Lefatshe wa Pholo (WHO) Dr. Tedros Adhamon Ghereyesus, o supile fa seno “e se bothata jo bo amang ditirelo tsa dikokelo fela, mme bo ama dintlha tsotlhe tsa ditirelo; ka jalo ntwa eno e tshwanelwa ke go tshwaraganelwa ke dintlha tsotlhe tsa ditirelo le motho mongwe le mongwe”.

Afrika Borwa[fetola | Fetola Motswedi]

Ga jaana (8 Moranang 2020) go batho ba le 1 845 ba ba tshwaeditsweng ke mogare wa Khorona mo Aforika Borwa. Batho ba le lesome le borobedi ba tlhokafetse ka ntlha ya mogare o, mme ba le masome a mane le botlhano (45) go begiwa fa ba fodile. Lefapha la pholo le begile fa "difopholetso tsa ga jaana di supa fa mogare ono o ka ama 60% ya setšhaba sa Aforika Borwa mo isagong, ka dipaka tse di farologaneng". Go thibela go anama ga mogare o, naga eno e beilwe ka fa tlase ga maemo a thibelo-metsamao (lock-down) go tloga ka 27 Mopitlwe 2020. Tautona ya Aforika Borwa Ramaphosa o begile fa badiredi ba pholo ba le 10 000 ba romilwe go ya ko malapeng a morafe go dira diteko tsa mogare wa Khorona go simolola ka 20 Mopitlwe 2020.

Matshwao le Kalafi[fetola | Fetola Motswedi]

Matshwao a go tshwaediwa ke mogare ono a akaretsa go gotlhola, letshoromo, letsapa le go hupelwa. Matshwao a mangwe a akaretsa go opelwa ke mesifa, go tswa mamina/sehuba, letshololo, mometso o o botlhoko, go palelwa ke go dupelela le ditlhabi mo mpeng. Go tsaya malatsi a le mabedi (2) go ya go a le lesome le bone (14) morago ga go tshwaediwa gore motho a supe fa a na le mogare wa Khorona, mme mo bontsing jwa batho matshwao ano a bonala morago ga malatsi a le matlhano (5). Bontsi jwa batho ba ba tshwaetsegileng bo supile matshwao a botlhošwana. Mo mabakeng a kgatelelelo e kwa godimo, mogare o o ka etegela go nna pneumonia le go retelelwa ga dirwe tsa mmele. Matshwao a mogare ono a kgatelelo a tlhoka kalafi ya potlako. Diteko tsa go totobatsa fa motho a na le mogare o, di diriwa ke dingaka ka go kgotla mantshwatshwa ka sediriswa sa leloba (cotton). Mogare o o ka netefadiwa gape mo mothong ka go dira diteko ka motšhini wa CT Scan. Fa go totobaditswe gore motho o na le mogare wa Khorona, o tshwanetse go tsenngwa kwa bookelong mme a tlhaolwe mo bathong ba ba nang le mogare wa HIV. Le fa mogare ono wa Khorona o sena kalafi ga jaana, bontsi jwa batho bo a fola fa ba bone ditirelo tse di tshwanetseng tsa kalafi.

Thibelo[fetola | Fetola Motswedi]

Kanamo ya bolwetse jono e ka thibelwa ka go emela kgakajana le batho, go tila phuthego ya batho kampo mafelo a nang le boidiidi jwa batho. Seno se itsagala jaaka katologano-ya-kamano. Mo makgethong a motho a sa kgoneng go tila go amana le batho, go rotloediwa gore a apare tshireletso ya sefatlhego (kampo go ithiba molomo fa a gotlhola le go ethimola ka sekgono kampo ka pampitshana) le go rwala seatlana sa rabara. Go rotloediwa gape gore batho ba tlhape diatla kgapetsa ka sesepa kampo ka sebolaya-twatsi metsotswana e le some a mabedi (20). Sa bofelo, setšhaba se rotloediwa go tila go itshwara sefatlhego ka diatla tse di seng phepa.

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "Naming the coronavirus disease (COVID-19) and the virus that causes it". www.who.int (in Sekgoa). Retrieved 2020-04-06.
  2. CDC (2020-02-11). "Coronavirus Disease 2019 (COVID-19)". Centers for Disease Control and Prevention (in American English). Retrieved 2020-04-06.