Botho zu Eulenburg

Go tswa ko Wikipedia

Botho Wendt August  Graf Elunberg ( 31 Phukwi 1831- 5 Tlhakole 1912) ene ele moeteledipele wa maemo a a kwa godimo wa mo Prussia.

Botshelo Pele le Tiro[fetola | Fetola Motswedi]

Elunberg o tsholetswe kwa Wicken, e gompieno e leng kgaolo ya Pravdinsky.[1] A tshola ke rre  Botho Heinrich zu Elunberg (1804-1879) le mmaagwe ebong Therese nee von Donhoff (1806-1882).[2] O dirile dithuto tsa molao kwa dikolo ithutelo ditiro tsa Kongisberg le Bonn. Elunberg o berekile mo maemong aa kwa godimo kafa tlase ga tsamaiso ya Prussia le Germany mo Weisbaden( 1869-1872), Metz( moeteledipele wa lephata; Department de la Lorraine;1872-1873) le  ele moeteledipele oo ko godimo wa kgaolo ya Hanover (1873-1878).  Erile ka Mopitlo ngwaga wa 1878, Elunberg a tlhatlhama ntsalae wa ntlha ebong Friedrick Albrecht zu Elunberg jaaka minisetara wa itshereletso, thitibalo le palalesego kgatlhanong le dibetsa tsa tlholego le ditiro tsa borukutlhi ( Minister of Interior) ka fa tlase ga boeteledipele jwa ga Bismarck. One a dira melawana e e neng e kgala go bogisiwa ga batho, ba ilediwa go tshela ka thokgamo ka fa sethong.  E nnile moeteledipele kana tautona wa kgaolo ya Hesse-Nassau[2] go tloga ka ngwaga wa 1881 go tsena ka 1892.

Prime Minister[fetola | Fetola Motswedi]

Ka 1892 Elunberg one a tlhophiwa jaaka Prime Minister wa Prussia a tlhatlhama   Leo von Caprivi, yoo a ileng a  tswelela ele mookamedi wa Germany. Lefa ntswa Caprivi e nnile ene a buileng kana a supileng bokgoni jwa ga Elunberg, prime minister o mosha o, one a jesetsa Caprivi mo kgobedung, gangwe le gangwe a senka kafa a ka dirang gore a kubiwe ka teng. Kgabagare Elunberg gammogo le Caprivi ba feletse ba kobiwa ke Wilhelm II morago ga paakanyo ya molao oo neng o iletsa kana o kgoreletsa thokgamo mo bathong ka 1894. Gangwe le gape Elunberg one aipona fela ele ene  yo o maleba go ka tlhatlhama Caprivi mme go  kobiwa ga gagwe gone ga tlisa kutlobotlhoko e kgolo jaaka fa a ne aipona a setse a le kwa setlhoeng sa bokamoso jwa botshelo jwa gagwe. Gotloga ka ngwaga wa 1899 go fitlha Elunberg a tlhokofala, ene ele leloko la Prussian House of Lords. O tlhokafaletse ko Berlin ka 1912, mme a bolokelwa kwa mabitleng a ntlha a kereke ya Trinity a Berlin- Kreuzberg.

Botshelo Le Lelwapa la Gagwe[fetola | Fetola Motswedi]

Elunberg ene ele mogolowe August zu Elunberg  yoo eneng ele motsamaisa  ditirelo tsa kgotla tshekelo ya Prussia., gape ele ntsala wa bobedi wa ga Prince Philip of Elunberg, tsala e tona yaga Wilhem ii,  German Emperor ebile ele  sekao se setona mo gotsa merero ya sepolotiki mo Geremane (Germany).

Ka 1875 oile a nyala kwa  Neustadt, West Prussia le Elizabeth von Alvensleven( 22 Lwetse 1834 mo Brandenburg/ Havel- 5 Lwetse 1919 mo Neustadt). One ana le ngwana ale mongwe  wa mosimane le ene eleng Botho (  15 Tlhakole 1879 mo Berlin – 30 Motsheganong 1881 mo Berlin).

Dietsele[fetola | Fetola Motswedi]

Oile a amogela dietsele kana maemo a tlotla aa latelang;[3]

Oile a amogela dietsele kana maemo a tlotla aa latelang;[4]

Dinopolo[fetola | Fetola Motswedi]

Fare bua ka maina a batho kana setho:

Gofilha ka 1919, Graf ene ele setlhogo se se tlhaloswang jaaka Count, eseng leina lantlha or la mogare la motho.

Mme kana mosetsana o bitswa Grafin. Mo jeremane(Germany) ke karolo ya go bitsa batho gotswa ka 1919.

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. Biography Archived July 19, 2011, at the Wayback Machine at University of Oldenburg
  2. 2.0 2.1 Biography at Allgemeine Deutsche Biographie (in German) ^ Handbuch über den Königlich Preußischen Hof und Staat fur das jahr 1908
  3. Handbuch über den Königlich Preußischen Hof und Staat fur das jahr 1908, p. 57
  4. Handbuch über den Königlich Preußischen Hof und Staat fur das jahr 1908, p. 57
  5. Bille-Hansen, A. C.; Holck, Harald, eds. (1903) [1st pub.:1801]. Statshaandbog for Kongeriget Danmark for Aaret 1903 [State Manual of the Kingdom of Denmark for the Year 1903] (PDF). Kongelig Dansk Hof- og Statskalender (in Danish). Copenhagen: J.H. Schultz A.-S. Universitetsbogtrykkeri. pp. 11–12. Retrieved 10 February 2021 – via da:DIS Danmark.