Botswana Power Corporation

Go tswa ko Wikipedia

Botswana Power Corporation (BPC) ke kompone ya ga goromente e e dirang motlakase, phetiso le kanamiso ya one mo Botswana. E tlhamilwe ka ngwaga wa 1970, mo bo gompienong ke yone e e fepang lefatshe ka motlakase. BPC e emetse lefatshe la Boyswana mo lekgotlaneng la South African Power Pool. Morupule Power Station (coal-fired) kwa Palapye ke yone e fepang beng gae ka motlakase o fetlhilweng mono ka selekanyo sa 80%, ka jalo lefatshe le ikaegile thata mo go rekeng motlakse mo mafatsheng a mabapi. Selekanyetso sa one se akanyediwa go nna bo 132MW. Kgalo e leng yone ya mantota mo go fepeng ka motlakase ebong, Aferika Borwa e na le dikgwetlho tsa kgaogo ya motlakase. Leano la go oketsa selekanyo sa motlakase kwa Morupule ka diunitsi di le nne tse di sha tsa 150MW le santse le le mo tseleng le go kgobokanya dithuso tsa madi go tswa mo makalaneng a a farologaneng.[1]

Ditso[fetola | Fetola Motswedi]

Botswana Power Corporation e tlhamilwe ka ngwaga wa 1970 morago ga gore palamente ya Botswana e fetise molao wa Botswana Power Corporation Act.[2] BPC e na fetlha motlakase wa selekanyo sa 1,052 GWh ka ngwaga wa 2007, fa se se neng se batliwa se ne sa akanyediwa ko go bo 2,648 GWh.[3]

Selekanyo[fetola | Fetola Motswedi]

Palo yotlhe ya motlakase o o fetlhilweng mono gae ke BPC;[4]

Plant name Type Output
Morupule A Thermal 132MW
Morupule B Thermal 600MW
Matshelagabedi (Emergency Plant) Diesel 70MW
Orapa (Emergency Plant) Diesel 90MW
Phakalane Solar Station Solar 1.3MW

Bona gape[fetola | Fetola Motswedi]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1.   "Allafrica.com - Botswana: Construction of 600 MW Morupule B Power Station Begins". Retrieved 2022-11-05.
  2. "Botswana Power Corporation Act" (PDF). Botswana Power Corporation. Retrieved 2022-11-05.
  3. "CIA factbook - Botswana". Retrieved 2022-11-05.
  4. "Annual Reports | BPC". www.bpc.bw. Retrieved 2022-11-05.

Dipadi tse dingwe[fetola | Fetola Motswedi]