Jump to content

Brighton & Hove Albion W.F.C.

Go tswa ko Wikipedia
Brighton & Hove Albion
Setshwantsho:Brighton & Hove Albion logo.svg
Leina ka botlaloBrighton & Hove Albion Women Football Club
Maina a tshamekoThe Seagulls,
The Albion
Tshimologo1967; 57 years ago (1967) as Brighton GPO
LebalaBroadfield Stadium, Crawley
Palo6,135
MotsamaisiMikey Harris (interim)
LekiTempolete:English football updater-W
Tempolete:English football updater-WTempolete:English football updater-W
MaranyaneClub website

Brighton & Hove Albion Women Football Club ke setlhopha sa kgwele ya dinao sa bomme sa kwa Engelane se se amanang le Brighton & Hove Albion. Setlhopha se ga jaana se gaisana mo Women's Super League mme setlhopha sa ntlha se tshamekela kwa Broadfield Stadium, legae la Crawley Town F.C.

Ditso[fetola | Fetola Motswedi]

Setlhopha se simolotse ka 1967 jaaka Brighton GPO. Setlhopha seno se ne sa tlhomiwa ke badiri ba ba berekang kwa lefelong la go fetisetsa mogala la poso. E ne e le lengwe wa maloko a le marataro a a simolotseng Sussex Martlet Women's League ka 1969 - e jaanong e fetogetseng go nna South East Counties Women's Football League, mme ka one ngwaga oo, Mokgatlho wa Bomme wa Kgwele ya Dinao o ne wa tlhamiwa.[1]

Setlhopha se se fitlhile kwa seka-makgaolakgannyeng a FA Women's Cup ka 1975-76.[2] Ka 1990 ba ne ba golagana le setlhopha sa borre mme ba nna maloko a a simolotseng Premier League ka 1991-92, mo Division 1 South.

Pele setlhopha se rekisa lebala, setlhopha se ne sa tshameka metshameko e le meraro kwa Goldstone Ground, legae la bogologolo la setlhopha sa borre sa Brighton, kgatlhanong le Milton Keynes, Horsham le Whitehawk.[3]

Ka 2015, setlhopha se ne sa tlhoma leano la dingwaga tse tlhano go ka fitlhelela kwa FA WSL 1 le go iponna phatlha kwa UEFA Women's Champions League.[4] Mo setlheng seo ba ne ba se ka ba tlhatlogela kwa FA WSL 2 le fa ba ne ba feletsa ba mo maemong a bobedi fa morago ga Portsmouth. Ka 2015-16 ba ne ba fenya Southern Division mme ba tshameka go tswa mang go tsena mang kgatlhanong le Northern Champions Sporting Club Albion.[5] Morago ga phenyo ya go tswa mang go tsena mang, go tlhatlogela ga bona kwa FA WSL 2 go ne ga tlhomamisiwa.[6]

Setlhopha se ne sa tsenela FA WSL 1, e leng maemo a a kwa godimo a kgwele ya dinao ya bomme kwa Enyelane, mo setlheng sa 2018-19 fa kopo ya bone ya go tsenela selekane se se rulagantsweng sesha e sena go amogelwa. Mo letsatsing la go itsise ka go tlhatlosiwa maemo, stlhopha se ne ya senola gape gore ba tla fudugela kwa Broadfield Stadium ya Crawley Town go tshameka metshameko ya setlhopha sa ntlha.[7]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "Brighton & Hove Albion Women Football Club". vavel.com. Retrieved 2 August 2023.
  2. "Administrator: June Jaycocks". Women's Football Archive. Archived from the original on 2 March 2016. Retrieved 18 August 2019.
  3. Club, Brighton & Hove Albion Women Football. "Brighton & Hove Albion Women Football Club | Biography & Wiki | VAVEL International". VAVEL. Retrieved 15 April 2020
  4. "Brighton & Hove Albion WFC's five-year Champions League plan". BBC Sport. 30 April 2015.
  5. "NEWS Archives".
  6. "Brighton & Hove Albion Women promotion to Women's Super League approved". BBC News. 2 June 2016. Retrieved 19 June 2016.
  7. "ALBION ACHIEVE TIER ONE STATUS". BBC News. 2 June 2016. Archived from the original on 13 July 2018. Retrieved 12 January 2018.