Buchi Emecheta

Go tswa ko Wikipedia
Buchi Emecheta

Officer of the Order of the British Empire|OBE
Tsalo
Florence Onyebuchi Emecheta

21 July 1944
Lagos, Nigeria
Leso25 Ferikgong 2017(2017-01-25) (aged 72)
London, England
LetsoNigerian
ThutoMethodist Girls' High School|Methodist Girls' School, Yaba, Lagos|Yaba, Lagos;
University of London
TiroWriter
Notable work
In the Ditch (novel)|In the Ditch (1972)

Second Class Citizen (novel)|Second-Class Citizen (1974) The Bride Price (1976) The Slave Girl (novel)|The Slave Girl (1977)

The Joys of Motherhood (1979)
Maranyanewebsite|http://www.buchiemecheta.co.uk/%7CBuchi Emecheta Foundation

Florence Onyebuchi "Buchi" Emecheta OBE o tshotswe ka ngwaga wa 1944 kgwedi ya Phukwi e le malatsi a le masome a mabedi le bongwe, mme a tlhokafala ka ngwaga wa 2017, Firikgong a le masome a mabedi le botlhano. E ne ele mokwadi wa dibuka o o tsholetsweng kwa lefatsheng la Nigeria, mme a nnile kwa United Kingdom go tswa ka ngwaga wa 1962.[1] O kwadile metshameko le buka e e buang ka botshelo jwa gagwe, ga mmogo le dibuka tsa bana. Buchi e ne e le mokwadi wa dibuka di feta masome a mabedi, di akaretsa Second Class Citizen e e gatisitsweng ka ngwaga wa 1974, The Bride Price e yone e gatisitsweng ka ngwaga wa 1976, The Slave girl ya 1977 le The Joys of Motherhood ya ngwaga wa 1979. Bontsi jwa dibuka tsa gagwe tsa ntlha di gatisitswe ke Allison and Busby, kwa motlhabolodi wa dibuka tsa gagwe e neng e le Margaret Busby.[1]


Melaetsa ya dibuka tsa ga Emecheta ya bokgoba jwa bana, go nna mme, go ikemela ka nosi ga basadi le kgololesego e e bonwang ka thuto e akgotswe thata mme gape ya kgalwa. O kile ka nako nngwe a tlhalosa dipolelo tsa gagwe e le dipolelo tsa lefatshe, kwa basadi ba itemogelang mathata a lehuma le kgatelelo,mme sebaka se ba se nnang, go sa kgathelesego gore ba tswa kae, mathata a bone a simolola go tshwana. Ditiro tsa gagwe di tlhotlhomisa kgogakgogano gareng ga setso le sesha.[2] O supilwe fa e le mokwadi wa mosadi o montsho wa ntlha go atlega a nna kwa Britain morago ga ngwaga wa 1948.[3]

Botshelo jwa gagwe a le mmotlana le thuto[fetola | Fetola Motswedi]

Buchi Emecheta o tshotswe ka ngwaga wa 1944, kgwedi ya Phukwi e le malatsi a le masome a mabedi le bongwe kwa Lagos Nigeria, Ke ngwaga wa batsadi ba morafe wa Igbo[4][5] ebong Alice (Okwuekwuhe) Emecheta le Jeremy Nwabudinke.[6] [7]Batsadi ba gagwe ba ne ba tswa kwa motseng wa Umuezeokolo Odeanata kwa Ibusa kwa kgaolong ya Delta. Rragwe e ne e le mmereki wa seporo ebile e le moagi wa ditena.[6] Buka ya gagwe ya The Slave Girl e e gatisitsweng ka ngwaga wa 1977 e tlhotlheleditswe ke mmagwe[8] ebong Alice Ogbanje Ojebeta Emecheta o kileng a nna mosetsana wa lekgoba, a rekiseditswe losika longwe lwa gagwe ke kgaitsadie go reka matsela a a rwalwang mo tlhogong gore a a apare ka moletlo wa gagwe wa go gola. Fa mohumagadi wa mong wa gagwe a tlhokafala, Ogbanje Emecheta o ne a boela gae a gololesegile. Ka ntlha ya go gobelela ga bong ga nako eo, Emecheta o feditse dingwaga tsa gagwe tsa bongwana a nna kwa lwapeng fa kgaitsadie o monnye a ne a tsena sekolo, mme morago ga go kopa batsadi ba gagwe go sekaseka maduo a thuto, o ne a fetsa botshelo jwa gagwe jwa a le monnye kwa sekolong sa basetsana. Fa a le dingwaga di robabongwe, rragwe o ne a tlhokafala ka ntlha ya bothata jwa ntho e e neng ya tswa mo go ene kwa ditsobotleng tsa kwa Burma kwa a neng a rometswe teng go ya go lwela Lord Louis Mountbatten le ba ba neng ba setse kwa bogosing jwa kwa Britain.[9][10] Morago ga ngwaga Emecheta o ne a amogela madia dithuso tsa sekolo go ya go tsena sekolo kwa Methodist Girls' School kwa Yaba kwa Lagos kwa a nnileng teng go fitlhelela a le dingwaga di le lesome le borataro. Ka nako eo mmagwe o ne a tlhokafala, a tlogela Emecheta e le lesiela. Ka ngwaga wa 1960 o ne a nyalwa ke Sylvester Onwordi,[5][7] mosimane o a neng a sale a mmeeletsa Emecheta a le dingwaga di le lesome le bongwe.[11][12] Moragonyana mo ngwageng yone eo o ne a belega ngwana wa mosetsana, mme ka ngwaga wa 1961 ngwana wa bone wa mosimane o monnye a tsholwa.[1]


Onwordi o ne a fudugela kwa London go tsena sekolo se segolwane sa ithutelo ditiro, mme Emecheta a tsamaya le ene le bana ba bone bantlha ba babedi ka ngwaga wa 1962.[1] O nnile le bana ba le batlhano mo dingwageng tse thataro, basetsana ba le bararo le basimane ba babedi.[12] O ne a sa itumela mo lonyalong lwa gagwe ka nako tse dingwe go nne go nna go le dintwa, jaaka a tlhalositse mo dibukeng tsa botshelo jwa gagwe jaaka ya ngwaga wa 1974 ya Second-Class Citizen.[1][13] Go fodisa tlhogo, Emecheta o ne a kwala ka nako e a neng a sena tiro. Mme le fa go ntse jalo monna wa gagwe o ne a belaela go kwala mo ga gagwe, mme ebile a tshuba pampiri e a neng a e kwadile ka seatla ka molelo,[14] selo se o se boletse mo bukeng ya gagwe ya The Bride Price e e neng ya gatisiwa ka ngwaga wa 1976. E ne e le buka ya gagwe ya ntlha mme o ne a tshwanelwa ke go e kwala gape morago ga gore ya ntlha e senngwe. O ne a tlhalosa gore go tsere dingwaga di le tlhano go kwala gape labobedi.[15] Fa a le dingwaga di le masome a mabedi le bobedi, a solofetse ngwaga wa gagwe wa botlhano, Emecheta o ne a tlogela monna wa gagwe.[16] [17]Fa a bereka gore a kgone go tlhokomela bana ba gagwe a le nosi, o ne a aloga ka dithuto tsa BSc Hons degree in Sociology ka ngwaga wa 1972 kwa University of London.[5][6][16] Mo bukeng ya botshelo jwa gagwe ya ngwaga wa 1984, Head above Water, o ne a kwala gore ke dikgakgamatso gore a bo a kgonne go tshela dingwaga tse masome tse di fetileng kwa Ennyelane go tswa ka nako ya a le dingwaga di le masome a mabedi a na le bana ba le bane a solofetse o mongwe.[18] O ne a ya go tsweledisa dithuto tsa PhD kwa sekolong seo sa London ka ngwaga wa 1991.[19]

Tsa tiro[fetola | Fetola Motswedi]

Emecheta o simolotse go kwala ka maitemogelo a gagwe a botshelo jwa go nna motho montsho o tshelela kwa Britain, mo karolong ya makasine wa New Statesman,[1] kgobokanyo ya dikarolo tse e ne ya gatisiwa e le buka ya gagwe ya ntlha e e bidiwang In the Ditch, ka ngwaga wa 1972.[5][16] Buka e, e bontlha bongwe jwa yone e leng ka botshelo jwa gagwe,[4] e supile dikgwetlho tsa moanelwamogolo Adah, o neng a patelediwa go nna mo dikagong tsa phiriso a bereka mo motlobong wa dibuka go tlhokomela bana ba gagwe ba batlhano.[5] Buka ya gagwe ya bobedi e e gatisitsweng morago ga dingwaga tse pedi, Second Class Citizen,[20] le yone e na le maitemogelo a ga Emecheta, mme dibuka tse tsotlhe ka bobedi di gatisitswe e le buka e le nngwe ke ba Allison and Busby ka setlhogo se se reng Adah's Story ka ngwaga wa 1983.[21] Dipolelo tse tharo tse di ama melaetsa e meraro ya ga Emecheta e e leng go lwela tekatekano, go itshepa le go nna le tlotla ga motho wa mme. Dibuka tsa gagwe tse di latelang: ya Gwendolen e e gatisitsweng ka 1989 ka leina la The Family, Kehinde ka 1994 le The New Tribe ka 2000, di farologana ka tsela nngwe ka di mekamekana le dikgang tsa matshelo a batswakwa kwa lefatsheng la Great Britain.[2]


Go tswa ka ngwaga wa 1965 go tsena ka wa 1969, Emecheta o ne a bereka e le motlhokomedi wa motlobo kwa mabolokelong a ditso a British Museum kwa Lontone.[6] Go tswa ka ngwaga wa 1969 go tsena ka 1976, o ne a bereka e le mmereki wa basha ebile e le mmaboipelego kwa Inner London Education Authority[6][22], mme ka 1976 go tsena ka 1978 a bereka kwa Camden kwa bokone jwa Lontone,[4][6] mme a tsweletse ka go kwala dibuka tsa The Bride Price (ka ngwaga wa 1976), The Slave Girl (1977) The Joys of Motherhood (1979) le Destination Biafra ka ngwaga wa 1982 le ba Allison and Busby, ga mmogo le dibuka tsa bana; ya Titch the Cat e e gatisitsweng ka ngwaga wa 1979 le ya Nowhere To Play ka ngwaga wa 1980.


Morago ga katlego ya gagwe mo bokwading, Emecheta o ne a tsaya maeto e le morutuntshi. O etetse dikolo tse dikgolwane tsa ithutelo ditiro kwa America di akaretsa Pennsylvania State University, Rutgers University, University of California, Los Angeles le University of Illinois at Urbana-Champaign.[6][23]Go tswa ka ngwaga wa 1980 go tsena ka wa 1981, e ne e le moithuti mogolo ebile e le morutuntshimogolo wa puo ya sekgoa kwa University of Calabar kwa Nigeria.[7] Go tswa ka ngwaga wa 1982 go tsena ka 1982, Emecheta le morwa wa gagwe Sylvester ba ne ba simolodisa kompone ya Ogwugwu Afor Publishing Company,[16] ba gatisa dibuka tsa gagwe go simolola ka ya Double Yoke ka 1982.[24] O ne a amogela thuso ya madi ya Arts Council of Great Britain ka ngwaga wa 1982 go tsena ka 83.[4][7] Ka ngwaga wa 1982 o ne a rutuntsha kwa Yale University le kwa University of London. [7]


Emecheta o berekile le makgotla a mantsi a ditso le thuto a akaretsa Africa Centre kwa London le Caine Prize for African Writing e le leloko la lekgotla la bagakolodi.[25]


Buchi Emecheta o ne a tsenwa ke bolwetse jwa go swa mohama ka ngwaga wa 2010,[16] mme a tlhokafala kwa Lontone ka ngwaga wa 2017, Firikgong a le malatsi a le masome a mabedi le botlhano a le dingwaga tse di masome a supa le bobedi.[16][20][26]


Bontis jwa dibuka tsa gagwe tsa ditiragalo tse di itlhametsweng di itebagantse le kgethololo ya bong le lotso e a e itemogetseng ka nako ya a godisa bana a le nosi ebile a le mme o montsho a tshelela kwa United Kingdom.[27]

Dietsele le tlotla[fetola | Fetola Motswedi]

Nngwe ya dietsele tse Emecheta a di fentseng mo dingwageng tsa gagwe tsa bokwadi ke seetsele sa Jock Campbell[1] ka ngwaga wa 1978 go tswa kwa New Statesman (seetsele se se fentsweng pele ke Chinua Achebe ka buka ya gagwe ya Arrow of God)[28], e le sa buka ya gagwe ya The Slave Girl,[4][29]o ne a tlhagelela gape mo makasineng wa Granta fa ba bua ka bakwadi ba Britain ba ba gaisitseng ba le masome a mabedi.[16][29][30] E ne e le leloko la British Home Secretary's Advisory Council mo go tsa lotso ka ngwaga wa 1979.[7]


Ka Lwetse ngwaga wa 2004, o ne a tlhagelela mo senepeng sa "A Great Day in London" se se neng se tserwe kwa motlobong wa British Library, a na le bakwadi ba bantsho le ba lotso lwa Asia ba ba nnileng le seabe se se bonalang mo pading ya Britain.[31][32] Ka ngwaga wa 2005 o ne a nna OBE ka ditirelo tsa gagwe mo pading.[16]


O ne a amogela seetsele sa tlotla go tswa kwa Farleigh Dickson University ka ngwaga wa 1992.[33]

Dibuka tsa gagwe[fetola | Fetola Motswedi]

Tsa ditiragalo tse di itlhametsweng[fetola | Fetola Motswedi]

Tsa Botshelo jwa gagwe[fetola | Fetola Motswedi]

Dibuka tsa bana/banana[fetola | Fetola Motswedi]

  • Titch the Cat - 1979[7][30]
  • Nowhere to play - 1980[4][30]
  • The Wrestling Match - 1981[7]

Metshameko[fetola | Fetola Motswedi]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. 1.0 1.1 1.2 1.3 1.4 1.5 1.6 Busby, Margaret (3 February 2017). "Buchi Emecheta obituary". The Guardian.
  2. 2.0 2.1 "Buchi Emecheta | Biography, Books, & Facts". Encyclopedia Britannica. Retrieved 9 May 2019.
  3. Dawson, Ashley, "Beyond Imperial Feminism: Buchi Emecheta's London Novels and Black British Women's Emancipation", in Mongrel Nation: Diasporic Culture and the Making of Postcolonial Britain, University of Michigan Press, 2007, p. 117.
  4. 4.00 4.01 4.02 4.03 4.04 4.05 4.06 4.07 4.08 4.09 4.10 4.11 4.12 4.13 4.14 4.15 4.16 Ray, Mohit K., ed. (2007). The Atlantic Companion to Literature in English. Atlantic Publishers & Dist. p. 164. ISBN 9788126908325.
  5. 5.0 5.1 5.2 5.3 5.4 5.5 Ross, Robert L., ed. (1999). Colonial and Postcolonial Fiction: An Anthology. Psychology Press. p. 319. ISBN 9780815314318.
  6. 6.0 6.1 6.2 6.3 6.4 6.5 6.6 Olendorf, Donna, ed. (1991). Something about the Author (illustrated ed.). Gale Research International, Limited. p. 59. ISBN 9780810322769.
  7. 7.00 7.01 7.02 7.03 7.04 7.05 7.06 7.07 7.08 7.09 7.10 7.11 Sleeman, Elizabeth (2001). The International Who's Who of Women 2002 (revised ed.). Psychology Press. p. 161. ISBN 9781857431223.
  8. "Buchi Emecheta, hero". February 2023.
  9. Onwordi, Sylvester, "Remembering my mother Buchi Emecheta, 1944–2017", New Statesman, 31 January 2017.
  10. A Study Guide for Buchi Emecheta's "The Joys of Motherhood". Gale Cengage Learning. 2016. ISBN 9781410350268.
  11. "Culture stars who died in 2017: from Doreen Keogh to Bruce Forsyth : Buchi Emecheta". The Daily Telegraph. 26 January 2017. Retrieved 28 January 2017.
  12. 12.0 12.1 A Study Guide for Buchi Emecheta's "The Bride Price". Gale, Cengage Learning. 2016. ISBN 9781410342034.
  13. "Emecheta, Buchi", Biography, Postcolonial Studies @ Emory.
  14. "Buchi Emecheta Essay". eNotes.com.
  15. Jussawalla, Feroza F., Reed Way Dasenbrock, "Buchi Emecheta", Interviews with Writers of the Post-colonial World, University Press of Mississippi, 1992, p. 84.
  16. 16.0 16.1 16.2 16.3 16.4 16.5 16.6 16.7 Kean, Danuta (26 January 2017). "Buchi Emecheta, pioneering Nigerian novelist, dies aged 72". The Guardian. Retrieved 28 January 2017.
  17. Adeleye-Fayemi, Bisi, "LOUD WHISPERS: The First Class Citizen (Buchi Emecheta 1944-2017)", Above Whispers, 18 February 2017.
  18. Emecheta, Buchi, Head Above Water, p. 5, quoted in Stephen Jantuah Boakye, "Suspense Strategies in Buchi Emecheta's Head Above Water", Language in India, Vol. 13:4, April 2013. ISSN 1930-2940.
  19. Contemporary Authors: Volume 126. Cengage Gale. 2004. p. 115. ISBN 9780787667184.
  20. 20.0 20.1 "Buchi Emecheta: Nigerian author who championed girls dies aged 72". BBC News. 26 January 2017. Retrieved 28 January 2017.
  21. British Book News. National Book League. 1986.
  22. Busby, Margaret, "Buchi Emecheta", Daughters of Africa, London: Jonathan Cape, 1992, p. 656.
  23. Society and Solitude (2 ed.). University Press of America. 1997. p. 241. ISBN 9780761801290.
  24. Fraser, C. Gerald, "Writer, Her Dream Fulfilled, Seeks to Link Two Worlds", The New York Times, 2 June 1990.
  25. The Council of the Caine Prize for African Writing, "Tribute to Buchi Emecheta (1944–2017)", Caine Prize blog, 1 February 2017.
  26. Adesanya, Femi, "Nigerian Literary Icon, Buchi Emecheta Has Died", Information Nigeria, 25 January 2017.
  27. "Buchi Emecheta - Literature". literature.britishcouncil.org. Retrieved 24 May 2018.
  28. Amoia, Alba, and Bettina Liebowitz Knapp, Multicultural Writers Since 1945: An A-to-Z Guide, Greenwood Press, 2004, p. 26.
  29. 29.0 29.1 "Buchi Emecheta 1944–", Concise Major 21st Century Writers , encyclopedia.com.
  30. 30.0 30.1 30.2 30.3 Emecheta, Buchi, "Head Above Water", Granta 7: Best of Young British Novelists | Essays & Memoir, 1 March 1983.
  31. Levy, Andrea, "Made in Britain. To celebrate the impact of their different perspectives, 50 writers of Caribbean, Asian and African descent gathered to be photographed. Andrea Levy reports on a great day for literature", The Guardian, 18 September 2004.
  32. Le Gendre, Kevin, "Books: A great day for a family get together Who are the movers and shakers in black British writing? And can they all fit on one staircase?", The Independent on Sunday, 17 October 2004.
  33. Jagne, Siga Fatima, and Pushpa Naidu Parekh (eds), Buchi Emecheta biography, Postcolonial African Writers: A Bio-bibliographical Critical Sourcebook, Routledge, 1998, p. 149.
  34. Sougou, Omar (2002). Writing Across Cultures: Gender Politics and Difference in the Fiction of Buchi Emecheta. Rodopi. p. 198. ISBN 9789042012981.
  35. Jackson, Tommie Lee (2001). An Invincible Summer: Female Diasporean Authors. Africa World Press. p. 101. ISBN 9780865438231.
  36. 36.0 36.1 Malik, Sarita, "Black TV Writers", BFI ScreenOnline.
  37. Lindfors, Bernth; Sander, Reinhard (1992). Twentieth-century Caribbean and Black African Writers. Gale Research Inc. p. 159. ISBN 9780810375949.