Buka

Go tswa ko Wikipedia
Dibuka

Buka ke mofuta wa pampiri o o kwadilweng kgotsa go tshwantshitswe mo letlhareng go le mokawana go be go kopanngwa go nna seopo sengwe. Letlhakoreng le lengwe le  a tshwaraganngwa go dira gore e re bula go nne bonolo le gore a seka a kgaogana. Buka e nna le matlhare go ya ka go lategana ga one go bidiwa "tsebe". Mefuta ya buka ke yone ya pampiri le e e balwang ke sebala makgolo.

Buka e kwalwa ka dipuo tse di farologaneng go tswa mo reng e ne e kwalelwa ko lefatsheng lefe kgotsa molaetsa e le yo o ntseng jang, o lebagane le seemo sefe. Ba motlhobo wa dibuka ba di farologanya ba lebile boteng ba buka gore mokwadi o bua ka eng. Bangwe ba kwala mainane, poko, ditlhaloso tsa sengwe kgotsa botshelo jwa batho fela jalo. Di kgaogannwa ka dikarolo mo go yone buka di supegetse yo o balang gore a tlhaloganye. Le tsone ditsebe di thusa gore o itse gore di tlhomagana jang.

Gantsi dikuka o ka di fitlhela mo motlobo wa dibuka kgotsa marekisetso a tsone ka go farologana. Bakwadi ba dibuka fa ba sena go dikwala di bo di bapatswa di isiwa gone ko mafelong a a farologaneng gore bareki kgotsa badirisi ba simolole go di bala.

Bona gape[fetola | Fetola Motswedi]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]