Buka ya Phetlogo ya loapi

Go tswa ko Wikipedia

Tempolete:Infobox Book

Change of Climate ke buka ya teme ya sekgowa e e kwadilweng ke Hilary Mantel e e gatisitsweng lantlha ka 1994 ke Viking Books, ka nako e mokanoki wa dibuka a ileng a e kaya e le buka ya popotla mo go tse a dibadileng.[1] E gatisitswe kwa United States ke Henry Holt ka ngwaga wa 1997 fa e sena go lemogiwa ke New York Times Book Review e le nngwe ya dibuka tsa popotla tsa ngwaga. Buka e ekailwe e le nngwe ya tsa popotla ka dingwaga tsa bo 1990s,[1]

Ketlapele ya Lefelo[fetola | Fetola Motswedi]

A Change of Climate e simolotswe kwa Norfolk ka ngwaga wa 1980, gape le modiro wa ga Ralph le Anna Eldred, batsadi ba bana ba le bane, ba botshelo jwa lelwapa la bone bo leng mo tlhankantshukeng mo pakeng nngwe ya selemo, fa segopotso sa bone se ba neng ba se gateletse dingwaga tse di masome se ile sa bonagala go senyaka mosola gape le kagiso ya matshelo a ba neng ba leka go a etelela pele e sale ka nngwe ya ditiragalo tse di ileng tsa ba etelela pele ka nako ya lenyalo la bone le santse le le lesha. Ditiragalo tsa buka di boela kwa dingwageng tse di fitileng tsa bo 1950s jaaka ba ne ba berekela lekgotla ba sokolodi kwa ditoropong tse di diphatsa gape di na le batho ba bantsi tsa Afrika Borwa go bo go latela gore bobedi jo bo tla go direla mo Bechuanalandkwa go nna nosi mo lefelo le le kgakala morago ga tlhatlhegelo e e sa bueng e ile ya nna teng. Buka ke ka dikgonagalo le go sa kgonagala ga boitshwarelo, thulano ya dilo tse dintle le tse dimaswe le kitso ya gore botshelo pele bo ka simolola go nna jone tota bo tshwanetse go nna le mathata pele.

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. The Best Novels of the Nineties by Linda Parent Lesher, page 313, ISBN 0-7864-0742-5