COVID-19

Go tswa ko Wikipedia

Bolwetse jwa coronavirus 2019 (COVID-19) ke Bolwetse jo bo fetelanang jo bo tlholwang ke kokoanatlhoko ya SARS-CoV-2. Bolwetse jwa ntlha jo bo itsegeng, bo ne jwa fitlhelwa kwa Wuhan, China, ka Sedimonthole 2019. Bolwetse bo ne jwa anama ka bonako mo lefatsheng lotlhe, mme jwa felela ka kokoanatlhoko ya COVID-19.

Matshwao a COVID-19[1] a a farologana mme gantsi a akaretsa letshoroma, letsapa, go gotlhola, Mathata a go hema, go latlhegelwa ke monkgo, le go latlhegelwa ke tatso ya dijo. Matshwao a ka simolola letsatsi le le lengwe go ya go a lesome le bone morago ga go tsenwa ke kokoanatlhoko. Bobotlana ya borarong ya batho ba ba tshwaeditsweng ga ba tlhagelele matshwao a a bonalang. Mo go ba ba nang le matshwao a a bonalang sentle go ka tsewa jaaka balwetse, bontsi (diphesente di le masome a ma robedi le bonngwe ) ba nna le matshwaelo a a seng masisi go ya go a a lekanetseng (go fitlha go nyumonia e e seng bogale), fa diphesente di le some le bone ba nna le ditshupo tse di masisi (dyspnea[2], hypoxia, kgotsa go feta diphesente di le masome a matlhano ya go amega ga makgwafo mo go tse di tsayang ditshwantsho), mme ba le diphesente di le tlhano ba nna le Matshwao a masisi (go hema, go sa dire sentle ga dirwe ke sepe). Batho ba ba godileng ba mo kotsing e kgolo ya go nna le matshwao a a masisi. Mathata mangwe a felela ka loso. Batho bangwe ba tswelela go nna le ditlamorago tse di farologaneng (COVID e telele) dikgwedi kgotsa dingwaga morago ga go tshwaediwa, mme go ile ga bonwa go senyega ga dirwe. Dipatlisiso tsa dingwaga di le dintsi di a tswelela go batlisisa ka ditlamorago tsa nako e telele tsa bolwetse.

  1. https://www.who.int/emergencies/diseases/novel-coronavirus-2019
  2. https://www.medicalnewstoday.com/articles/314963