Jump to content

Caitlin Foord

Go tswa ko Wikipedia
Caitlin Foord
Caitlin Foord playing for Arsenal in 2023
Motshameki wa kgwele ya dinao
Leina ka botlalo Caitlin Jade Foord[1]
Letsatsi la tsalo (1994-11-11) 11 November 1994 (age 29)
Lefelo la tsalo Shellharbour, New South Wales, Australia
Bolele 1.69 m (5 ft 7 in)
Maemo Winger, Right wingback, forward
Club information
Current team
Arsenal
Number 19
Youth career
0000 Warilla Wanderers
0000–2008 Illawarra Sports H.S.
2008–2009 NSWIS
Tiro ya gagwe*
Dingwaga Setlhopha Metsh (Dinno)
2009–2010 Central Coast Mariners
2010–2013 Sydney FC (6)
2013–2014 Sky Blue FC (0)
2013–2014Sydney FC (loan) (5)
2014–2016 Perth Glory (6)
2015 Sky Blue FC (0)
2016–2017 Sydney FC (2)
2017 Vegalta Sendai Ladies (4)
2017–2020 Sydney FC (15)
2018–2019 Portland Thorns FC (3)
Setlhopha sa setshaba
2007–2011 Australia U-17 (1)
2011– Australia (36)
*Metshameko ya gagwe le dinno

Caitlin Jade Foord (yo o tshotsweng ka Ngwanatsele a le lesome le motso ka 1994) ke motshameki wa kgwele ya dinao e e porofeshionale wa moAustralia yo a tshamekang kwa pele mo setlhopheng sa FA Women's Super League sa Arsenal le setlhopha sa setshaba sa Australia. O ntse moAustralia yo monnye go gaisa go tshameka kwa sejaneng sa lefatshe ka 2011 a le dingwaga tse lesome le borataro.

Ka 2011, Foord o ne a bitswa World Cup Best Women's Young Player, Asian Women's Young Footballer of the Year, le motshameki wa kgwele ya dinao wa mme wa U20 wa ngwaga wa Football Federation Australia. Ka 2016, o ne a fiwa tlotla ya motshameki wa kgwele ya dinao wa mme wa ngwaga wa Asia ke Asian Football Confederation.

Botshelo ja pele[fetola | Fetola Motswedi]

A godisitswe le motsalwaleene Jamie ke mmaabone Simone kwa Shellharbour, kwa toropong e e kwa tlhoko e e dikhilomethara tse lekgolo kwa borwa ja Sydney kwa kgaolong ya New South Wales ya Illawarra, Foord o ne a tsena sekolo kwa Illawarra Sports High School.[2] Mmaagwe o ne kgapetsa-kgapetsa a kgweetsa Foord sebaka sa dioura tse tharo go ya le go bowa kwa Sydney go ya kwa ikatisong le kwa metshamekong:[3] "O ne a nna a ntsaya fela go tswa kwa sekolong ka tlhamalalo abo a nkgweetsa a nkisa kwa Sydney Olympic Park abo re boa gane mo bekeng go ya ikatisong– le gape ka mafelo a beke go ya motshamekong."[4] Motsalwaleene Jamie o ne a gakolola mmaabone go letelela Caitlin go leka kgwele ya dinao fa a sena go mmona a tshameka kwa patlelong ya sekolo le basimane. "O ne a dira metshameko e le mentsi tota. Re ne ra mo tsaa ra mo saenisa kwa Warilla Wanderers ... ke akanya motshameko wa gagwe wa ntlha a nosa dino tse thataro."[2] Foord e ne e le ene fela wa leloko la ba lelwapa la gagwe yo o tshamekang kgwele ya dinao.[3]

Foord o ne a tshamekela ditlhopha tsa mo kgaolong tsa Illawarra Stingrays le Sutherland Sharks pele ga a nna nakonyana kwa New South Wales Institute of Sport. [5] Ka 2009 o ne a bidiwa Junior Sports Star of the Year kwa Shellharbour Sports Awards.[5] O tshamekile futsal a tshamekela setlhopha sa NSW sa ba ba ka fa tlase ga dingwaga tse di lesome le boraro ba ba neng ba gaisana mo dikgaisanong tsa Australian Championships kwa Canberra.[5] Fa a le dingwaga tse lesome le boraro a dira iponagatso ya gagwe ya ntlha ya setlhopha sa setshaba sa Australia sa under-17.[6]

Foord o godile a lebelela National Rugby League (NRL).[7]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "Women's Olympic Football Tournament Tokyo 2020 – Squad list: Australia" (PDF). FIFA. 5 August 2021. p. 1. Retrieved 11 November 2021.
  2. 2.0 2.1 O'Brien, Julian (10 June 2019). "Family behind Matildas star Caitlin Foord for World Cup". Ilwarra Mercury. Retrieved 15 November 2020.
  3. 3.0 3.1 Greco, John (12 May 2018). "'A mum's 4,000 hour sacrifice to make a Westfield Matilda'". Westfield Matildas. Retrieved 15 November 2020.
  4. "The person I can never repay". Athlete's Voice. 17 November 2018. Retrieved 15 November 2020.
  5. 5.0 5.1 5.2 "Caitlin Foord Gains Australian National U-17 Women's Selection to Training Camp". Football NSW. 4 September 2009. Retrieved 15 November 2020.
  6. "World Cup hero Foord returns to Glory". W-League. Retrieved 15 November 2020.
  7. Radbourne, Lucas. "Caitlin Foord: 'I Prefer NRL, Football's a Little Boring'". The Women's Game. Retrieved 15 November 2020.